LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 8/1 ts. 5
  • Modimo O a Go Tlhaloganya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo O a Go Tlhaloganya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o re Itse Sentle!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • A Ruri Modimo O A Go Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Modimo O a Go Tlhaloganya?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Re Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 8/1 ts. 5

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A MODIMO O A GO KGATLHEGELA?

Modimo O a Go Tlhaloganya

“Wena Jehofa, o ntlhatlhobile, mme o a nkitse.”—PESALEMA 139:1.

DNA le losea lo lo mo popelong

“Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong.”—PESALEMA 139:16

LEBAKA LA GO BO BANGWE BA BELAELA: Batho ba le bantsi ba akanya gore Modimo o leba batho e le baleofi—ba ba leswafetseng e bile ba sa tshwanelwe ke gore a ba kgathalele. Kendra yo o nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, o ne a ikutlwa molato thata ka gonne a sa kgone go dira sotlhe se Modimo a se batlang. Ka ntlha ya seo, o ne a re, “Ke ne ka kgaotsa go rapela.”

SE LEFOKO LA MODIMO LE SE RUTANG: Jehofa ga a tlhome mogopolo mo diphosong tsa gago mme o tlhaloganya se tota o leng sone. Baebele ya re: “O itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” Gape ga a dirisane le rona go ya “kafa maleong a rona,” mme ka bopelotlhomogi o a re itshwarela fa re ikwatlhaya.—Pesalema 103:10, 14.

Akanya ka Dafide, kgosi ya kwa Iseraele e go builweng ka yone mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono. Dafide o ne a rapela Modimo a re: “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago . . . Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me.” (Pesalema 139:16, 23) Dafide o ne a tlhatswegile pelo gore le fa a ile a leofa—ka dinako dingwe e le boleo jo bo masisi—Jehofa o ne a kgona go bona pelo ya gagwe e e ikwatlhayang.

Jehofa o go tlhaloganya go feta motho ope fela. Baebele ya re: “Motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” (1 Samuele 16:7) Modimo o tlhaloganya tsela e o itshwarang ka yone—gore se o se goditseng mo batsading ba gago, tsela e o godileng ka yone, lefelo le o goletseng kwa go lone le botho jwa gago di dira gore o nne motho yo o leng ene gone jaanong. Le fa gone o dira diphoso, o bona matsapa a o a tsayang go tokafatsa se o leng sone e bile o a a anaanela.

E re ka Modimo a tlhaloganya se tota o leng sone, a ka go gomotsa jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela