MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIPESALEMA 135-141
Re Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang
Dafide o ne a tlhatlhanya ka dinonofo tsa Modimo tse a neng a di bona mo popong. O ne a direla Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe.
Fa Dafide a ne a tlhatlhanya ka popo, o ne a tlhotlheletsega go baka Modimo:
“Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang”
“Marapo a me a ne a sa go fitlhegela fa ke ne ke dirwa mo sephiring, fa ke ne ke logwa mo dikarolong tse di kwa tlasetlase tsa lefatshe”
“Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago”