LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 9/1 ts. 4
  • Basupi ba ga Jehofa ke Batho ba ba Ntseng Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba ga Jehofa ke Batho ba ba Ntseng Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Goreng re Bolelela Batho Molaetsa wa Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • “Ga Se Ba Lehatshe”
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 9/1 ts. 4
Basupi ba ga Jehofa ba ditso tse di farologaneng ba dumedisana mo Holong ya Bogosi

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BASUPI BA GA JEHOFA KE BOMANG?

Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba ntseng jang?

Re mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o sa amaneng ka gope le mekgatlho e mengwe ya bodumedi. Le fa ntlokgolo ya rona e le mo United States, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo nna mo dinageng tse dingwe. Tota e bile, re batho ba ka nna dimilione di le robedi ba ba rutang batho Baebele mo dinageng di feta 230. Re dira jalo go dumalana le mafoko a ga Jesu a a reng: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.”—Mathaio 24:14.

Go sa kgathalesege gore re nna kae, re ikobela molao. Le fa go ntse jalo, ga re amane ka gope le dipolotiki. Seno ke ka gonne re ikobela taelo ya ga Jesu ya gore Bakeresete ba se ka ba nna “karolo ya lefatshe.” Ka jalo, ga re tseye karolo mo dipolotiking le mo dintweng. (Johane 15:19; 17:16) Tota e bile, ka Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsenngwa mo dikgolegelong, ba utlwisiwa botlhoko le e leng go bolawa ka gonne ba sa tseye karolo mo dipolotiking. Monna mongwe wa Mojeremane yo e kileng ya bo e le bishopo a re: “Ka nako ya Puso ya ga Hitler, ke bone fela ba ba neng ba bolela gore segakolodi sa bone ga se ba letle go tsenela bosole.”

“[Basupi ba ga Jehofa] ba ikemiseditse go dira se se siameng. Re ne re ka dirisa batho bao ba ba seng pelotshetlha mo dipolotiking—mme ba ka se dumele. . . . Ba tlotla melao ya puso mme ba dumela gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla rarabololang mathata a batho.”—Lokwalodikgang lwa Nová Svoboda, Czech Republic.

Le fa go ntse jalo, ga re itlhaole. Jesu o ne a rapela Modimo jaana a bua ka balatedi ba gagwe: “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng.” (Johane 17:15) Ka jalo, o ka re bona re bereka, re le kwa marekisetsong, kgotsa re ya sekolong.

DINAGA TSE DI NANG LE BASUPI BA BANTSI

  • United States 1 190 000

  • Mexico 800 000

  • Brazil 770 000

  • Nigeria 330 000

  • Italy 250 000

  • Japan 220 000

Iseraele gompieno

Leba bidio ya Kopano e e Kgethegileng Kwa Iseraele mo www.pr418.com/tn mme o bone kafa Basupi ba kwa Iseraele le ba kwa Palesetina ba ileng ba tlogela go tlhaolana ka lotso ka gone. (Leba KA GA RONA > DIKOPANO)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela