LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 10/1 ts. 9
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Herode yo Mogolo—Moagi yo o Setswerere
    Tsogang!—2009
  • “Mo Malatsing a ga Herode Kgosi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Bolawa Mongwe Kwa Moletlong wa Letsatsi La Botsalo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • “Lefoko la ga Jehofa Le ne La Tswelela le Gola”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 10/1 ts. 9

A O NE O ITSE?

Herode o ne a lebana le dikgwetlho dife fa a ne a aga tempele ya Jerusalema sesha?

Kwa tshimologong fela, Solomone o ne a agile tempele ya Jerusalema mo thoteng e na le mabota a a thibelelang a agilwe ka fa botlhaba le bophirima jwa thota go dira mapalamelo a a lekalekanang go dikologa lefelo le le boitshepo. Herode o ne a batla tempele e e neng e gaisa ya ga Solomone, ka jalo, o ne a simolola go tlhabolola le go oketsa e e neng e le gone.

Setshwantsho sa motaki sa tempele le dipota tse e di dikologileng

Baenjenere ba ga Herode ba ne ba oketsa lefelo le le sephaphathi le le kwa bokone jwa tempele e le gore go okediwe mapalamelo a yone. Go ela kwa borwa, serala se ne se okeditswe ka dimitara di le 32. Go dira seno, go ne ga tlhomaganngwa matlapa fa thoko ga lebota le legolo le le neng la agiwa. Mo dikarolong tse dingwe, lebota le ne le le bogodimo jwa dimetara di le 50.

Herode o ne a akanyetsa Bajuda ka go se ba kgopise kgotsa ka go se kgoreletse ditirelo le ditlhabelo tse di neng di dirwa mo tempeleng. Rahisitori wa Mojuda e bong Josephus a re Herode o ne a thapisa baperesiti ba Bajuda go nna babetli ba maje le logong e le gore go se ka ga tsena modiri ope yo o sa letlelelwang mo mafelong a a boitshepo.

Herode o ne a swa pele tiro ya go aga tempele e wediwa. Ka 30 C.E., tempele eno e ne e na le dingwaga di le 46 e agiwa. (Johane 2:20) Setlogolwana sa ga Herode e bong Ageripa II, o ne a wetsa tiro eno mo bogareng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

Goreng batho ba kwa Maleta ba ne ba akanya gore moaposetoloi Paulo ke mmolai?

Modimo wa mosadi wa tshiamiso a itaya modimo wa mosadi wa tshiamololo

Modimo wa mosadi wa tshiamiso (kafa molemeng) a itaya modimo wa mosadi wa tshiamololo

Batho bangwe ba kwa Maleta ba ka tswa ba ne ba tlhotlhelediwa ke dithuto tsa bodumedi tsa Bagerika. Ela tlhoko se se neng sa direga morago ga gore Paulo a thubegelwe ke sekepe kwa Maleta jaaka go tlhalosiwa mo bukeng ya Baebele ya Ditiro. Fa Paulo a sena go baya ngata ya dikgong mo molelong o o neng o gotsitswe gore batho ba ba neng ba tsamaya le ene ka sekepe ba thuthafale, noga e nnye e ne ya ithathelela mo lebogong la gagwe. Ka yone nako eo, baagi ba setlhaketlhake seo ba ne ba re: “Eleruri monna yono ke mmolai, mme le mororo a kgonne go falola mo lewatleng, tshiamiso ya go ipusolosetsa ga e mo letle go nna a tshela.”—Ditiro 28:4.

Fano lefoko la Segerika e leng “di’ke” le raya “Tshiamiso.” Le fa go ntse jalo, go ya ka ditlhamane tsa Segerika, Dike e ne e le modimo wa mosadi wa tshiamiso. Go ne go akanngwa gore o ne a bona ditiro tsa batho a bo a bolelela Seuse ka tshiamololo e e sa lemogiwang gore ba ba molato ba otlhaiwe. Ka jalo, motswedi mongwe wa re baagi ba kwa Maleta ba ka tswa ba ne ba akanya jaana: “Le fa Paulo a kgonne go falola mo lewatleng, ke monna yo o batliwang yo jaanong a laolwang ke modimo wa mosadi e bong Dike . . . a dirisa noga.” Batho ba ne ba fetola mogopolo fa ba se na go lemoga gore Paulo ga a gobala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela