LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/09 ts. 24-27
  • Herode yo Mogolo—Moagi yo o Setswerere

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Herode yo Mogolo—Moagi yo o Setswerere
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kaesarea—Toropo ya Boemakepe
  • Tempele ya Jerusalema Le ya Ga Herode
  • Samarea le Jeriko
  • Mafelo a a Kgethegileng a e Neng e le Dikago Tsa Phemelo
  • “Mo Malatsing a ga Herode Kgosi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Bolawa Mongwe Kwa Moletlong wa Letsatsi La Botsalo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Banna ba Kaelwa ke Naledi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 9/09 ts. 24-27

Herode yo Mogolo—Moagi yo o Setswerere

O BUSITSE dingwaga tse di ka nnang 30, dingwaga tse di fetang 2 000 tse di fetileng. O ne a busa a le kwa Judea mme puso ya gagwe e ne e akaretsa le dikarolo dingwe tse di gaufi. O itsege e le Herode yo Mogolo mo hisitoring.

Gantsi o gakologelwa e ne e le mmolai yo o lefufa, e seng fela wa ba lelapa la gagwe mme gape le wa bana ba bannye ba basimane ba ba sa kgoneng go iphemela. Fa balepadinaledi ba kwa Botlhaba ba begela Herode gore go tshotswe kgosi ya isagwe, o ne a itira e kete o batla go tlotla ngwana yono. O ne a ba kopa gore ba batle ngwana mme ba boele kwa go ene. Mme fa Modimo a ne a tlhagisa balepadinaledi bano gore ba se ka ba boela koo, Herode o ne a laela gore go bolawe basimane botlhe ba ba dingwaga tse pedi go ya kwa tlase kwa Bethelehema, motse o balepadinaledi ba neng ba fitlhela Jesu mo go one, mmogo le mo dikgaolong tse di neng di o dikologile.—Mathaio 2:1-18.

Le fa go ntse jalo, pelenyana ga moo, batho ba le bantsi ba ne ba rata Herode ka ntlha ya diporojeke tsa gagwe tse di tlhomologileng tsa go aga. O ne a aga ditempele, mafelo a bobogelo, ditadiamo tsa mabelo a dipitse, mesele ya metsi le matlo a segosi a a sireletsegileng a a nang le dibata tsa manobonobo. Diporojeke tsa gagwe di ne di kgatlha, mme di kgatlha tota le e leng baenjeniri ba motlha wa gompieno ba ba ithutang ka matlotla a tsone.

Herode o ne a tlhopha ditsha tse di neng di tla senola bontle jwa dikago tsa gagwe mme a bo a dira gore dikago tseo di tshwanele tikologo e di agilweng mo go yone. Matlo a gagwe a segosi a ne a kgabisitswe ka ditshwantsho tse di takilweng ka mekgabiso e e farologaneng, polasetere e e kgabisang le boalo jo bo kgabisitsweng ka matlapana a mebala e e farologaneng. Gape o ne a simolola go aga matlo a dibata tsa mofuta wa Seroma kwa Judea, a a neng a na le dikamore tse di mogote le didirisiwa tse di thuthafatsang moago. Tota o ne a aga ditoropo tse di feletseng, nngwe ya tsone e ne e na le boemakepe jwa maitirelo.

Kaesarea—Toropo ya Boemakepe

Herode o ne a aga boemakepe jo bogolo go a gaisa otlhe kwa Roma mo toropong ya Kaesarea. Bogolo jwa yone bo ile jwa gakgamatsa baithutamarope. Go ne go na le lefelo le dikepe tse dintsi di neng di ka kgona go ema gone, se se bontshang gore nako nngwe Kaesarea e kile ya bo e le lefelo la kgwebo ya ditšhabatšhaba.

Go ne go dirisitswe thekenoloji ya maemo a a kwa godimo ya motlha oo go aga mafelo a batho ba palamang dikepe mo go one le lobota lo lo thibelang metsi. Le fa go ntse jalo, bomankge ba ipotsa gore banna ba ba neng ba aga ba kgonne jang go tsholetsa maje a magolo a a neng a le boleele jwa dimetara di le 15, le bophara jwa dimetara di le tharo tse rahisitori wa Mojuda e bong Flavius Josephus a buang ka tsone. Bosheng jaana, batho ba ba thumang kwa tlasetlase ga metsi ba fitlhetse gore maje a Herode a a dirisitseng mo dikagong tseno tota e ne e le a konkereite. Go aga mafelo ano a batho ba palamelang dikepe mo go one le lobota lo lo thibelang metsi, badiri ba ne ba tshela konkereite mo diforeiming tsa logong mme ba bo ba di tsenya kwa tlase ga metsi le go di tshetlela gore di se ka tsa suta.

Toropo eno ya boemakepe e e rulagantsweng sentle e ne e na le tempele e e neng e agetswe Kaesara Aguseto, ntlo ya segosi, setadiamo sa mabelo a dipitse, lefelo la bobogelo le le tsholang batho ba le 4 000 le thulaganyo ya go ntsha leswe e e neng e agilwe mo tlase ga lefatshe. Mesele ya metsi le dithanele di ne di isa metsi a a phepa kwa Kaesarea go tswa mo metsweding ya Thaba ya Karemele e e dikilometara di ka nna thataro go tswa mo motseng oo.

Tempele ya Jerusalema Le ya Ga Herode

Nngwe ya diporojeke tse dikgolo go gaisa tsa ga Herode ke tempele e a neng a e aga kwa Jerusalema. Tempele ya ntlhantlha mo setsheng seo e ne ya agiwa ke Kgosi Solomone, yo o neng a dirisa dipolane tsa go aga tse rraagwe e bong Dafide a neng a di neilwe ka tlhotlheletso ya Modimo. (1 Dikgosi 6:1; 1 Ditiragalo 28:11, 12) Tempele eo e ne ya senngwa ke Bababelona dingwaga di ka nna 420 morago ga moo, mme dingwaga di ka nna 90 morago ga moo, Mmusi wa Mojuda e bong Serubabele o ne a aga kago e e sa reng sepe mo boemong jwa tempele eo.

Josephus o ne a kwala jaana ka tempele e Herode a neng a e aga mo go sone setsha seo: E ne e “apesitswe ka dipapetlana tsa gouta mo matlhakoreng otlhe, mme fa letsatsi le tlhabile, tempele eo e ne e phatsima thata jaana mo batho ba neng ba sa kgone go e leba jaaka ba ne ba se kitla ba leba marang a letsatsi ka tlhamalalo. Mme fa batho ba ba etileng ba e bona ba le kgakala, e ne e lebega e kete ke thaba e e khurumeditsweng ka kapoko; ka gonne sengwe le sengwe se se neng se sa apesiwa ka gouta, se ne se le sesweu twaa.”

Banna ba le diketekete ba ne ba aga mabota a tempele a a nonofileng, mme karolo e e kafa bophirima ya yone e ne e le boleele jwa dimetara di ka nna 500. Maje a magolo a ne a beilwe fela a sa kopanngwa ka sepe. Mokanoki mongwe a re leje lengwe le ne le le boima jwa ditone di ka nna 400 mme “mo motlheng wa bogologolo go ne go se na leje lepe le le neng le lekana le lone ka bogolo.” Ga go gakgamatse go bo barutwa ba ga Jesu ba ne ba kgatlhegile jaana! (Mareko 13:1) Mo godimo ga mabota ao go ne go na le lefelo le le bidiwang Thaba ya Tempele—e ne e le lefelo le legolo go gaisa otlhe a a kileng a dirwa ke motho mo motlheng wa bogologolo. Le ne le le disekweremetara tse di fetang 144 000!

Herode o ne a aga le dikago tse dingwe kwa Jerusalema. Nngwe ya tsone e ne e le kago ya phemelo ya kwa Antonia, e e bapileng le tempele e a neng a e agile pelenyana ga moo. Mme Herode o ne a aga gape le ntlo ya segosi, mmogo le ditora tse tharo tse di sa tlwaelegang tsa matlhatlhaganyane mo kgorong ya toropo.

Samarea le Jeriko

Kaesara Aguseto o ne a naya Herode toropo ya bogologolo ya Samarea e le mpho, mme Herode o ne a fetola leina la yone a e bitsa Sebaste. O ne a kgabisa toropo eo ka dikago di le dintsi tse dintle, go akaretsa le setadiamo se se ka tswang se ne se dikologilwe ke dipilara. Gape o ne a aga dikago tse dikgolo tse di neng di kgabisitswe ka polasetere ya mekgabiso ya ditshwantsho.

Jeriko, e dimetara di ka nna 250 go tswa kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle mo Mokgatšheng wa Joredane o o nang le maemo a bosa a a bongola. E ne e le bogolo jwa diheketara di ka nna 1 000, mme e ne e tshwana le toropo ya ditshingwana. Ke koo Herode a neng a aga ntlo ya segosi ya mariga gone. O ne a kopanya matlo a segosi a le mararo go a dira lefelo le le lengwe la manobonobo, a dira gore go nne le diholo tsa baeng, dibata, ditshingwana le diphulu. Ga go gakgamatse go bo a ne a rata go ya Jeriko ka paka ya mariga!

Mafelo a a Kgethegileng a e Neng e le Dikago Tsa Phemelo

Le fa go ntse jalo, go ne go na le lefelo le lengwe gape le Herode a neng a rata go ya kwa go lone ka paka ya mariga. O ne a aga kago ya phemelo e telele mo setlhabeng se se tletseng maje se se bidiwang Masada, e e bogodimo jwa dimetara tse di fetang 400 mo godimo ga Lewatle le le Suleng. Mo lefelong leo o ne a aga ntlo ya segosi ya matlhatlaganyane a le mararo e e nang le diphulu tsa go tlhapela, mmogo le ntlo e nngwe ya segosi e e neng e na le ntlo e e nang le dibata tsa mofuta wa Seroma gape e na le diphaepe mo maboteng le ntlwana ya boithomelo e e tsamaisang leswe ka metsi!

Herode o ne a aga lefelo le a neng a iketla le go itapolosa kwa go lone, le le neng le le mo sekakeng se motho a neng a ka se kgone go dula mo go lone. O ne a le tsenya didiba di le 12 tse di neng di kgona go tshola dilitara di ka nna 40 000 000 tsa metsi. E re ka kago eo e ne e na le thulaganyo ya go boloka metsi a pula, go ne go na le metsi a mantsi a a neng a dirisiwa go nosetsa dimela le go dirisiwa mo diphulung tsa go thuma le mo dibateng.

Nngwe ya diporojeke tsa ga Herode tse di tlhomologileng ya boenjeniri ke kago ya ntlo ya segosi e e kwa Herodiamo, e e mo thabeng e e tlhageletseng ya dimetara tse di ka nnang tlhano go ela kwa borwabotlhaba jwa Bethelehema. E ne e na le dikarolo tse pedi: Herodiamo e e kwa Godimo le Herodiamo e e kwa Tlase. Karolo e e kwa godimo e ne e na le ntlo e ntle ya segosi—kago e e kwa godimo ya matlhatlhaganyane a matlhano e e kafa botlhaba—gone jaanong ke matlotla fela—e ka nako nngwe e neng e tlhageletse thata kwa godimo. Dingwaga di le pedi tse di fetileng, mekgatlho ya ditšhabatšhaba ya dikgang e ne ya bega gore go fitlhetswe masaledi a lebitla la ga Herode mo setlhoeng se se kwa godimo sa Herodiamo, mme go bolelwa fa seno se tlhomamisa gore se Josephus a neng a se kwala mo lekgolong la ntlha la dingwaga ka tirelo ya phitlho ya ga Herode se ne se le boammaaruri.

Nako nngwe karolo e e kafa Tlase ya Herodiamo e kile ya bo e na le matlo a segosi a a bapileng le diofisi. Lefelo le le neng le le lentle thata e ne e le tshingwana e e neng e agilwe ka tsela ya Seroma mme e kgabisitswe ka dipilara tse di dikologang phulu e kgolo e e nang le mokgabiso mo gare. Phulu eo e ne e batlile e lekana le diphulu tse pedi tse di dirisiwang mo metshamekong ya Diolimpiki tsa segompieno. E ne e dirisediwa thata go nna bodutelo jwa metsi, gape e ne e dirisediwa go thuma le e leng go tsamaisa mekoro. Metsi a yone a ne a tla ka mosele o o neng o tswa mo motsweding o o neng o le bokgakala jwa dikilometara di le tlhano.

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng mojanala mongwe o ne a bua jaana ka tikologo ya naga eo: “Fa re le kwa botlhaba, re kgona go bona go fitlha kwa Lewatleng le le Suleng. Fa pele ga rona fano go ne go na le sekaka sa Judea, mo Dafide a neng a iphitlhela Saulo yo a neng a mo lelekisa gone. Fa re bona kgaolo eno e e tletseng maje, re ne ra tlhaloganya kafa Dafide a kgonneng go mo iphitlhela ka teng, segolobogolo ka gonne a ne a tshwanetse a bo a ne a itse lefelo leno sentle. Re ne ra akanya gape gore fa Dafide a ne a disitse dinku tsa gagwe, gongwe o ne a tle a palame thaba eno gore a kgone go bona bontle jo re bo bonang.”

Go na le dibuka di le dintsi tse di kwadilweng ka diporojeke tsa go aga tsa ga Herode. Go na le diphopholetso tse dintsi tsa go bo a ile a simolola diporojeke tseno tse dikgolo tsa go aga. Bangwe ba re o ne a batla go tuma kgotsa a batla go amogelwa mo dipolotiking. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, tshobokanyo eno e khutshwane e tlhomamisa boammaaruri  jwa gore Herode yo Mogolo, le fa e ne e le mogateledi yo o setlhogo, gape e ne e le moagi yo o setswerere.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

KAESAREA

Setshwantsho sa motaki

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

NTLO YA SEGOSI KWA JERUSALEMA

Sekaelo

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

TEMPELE YA GA HERODE

Sekaelo

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

MASADA

Matlotla a ntlo ya segosi ya matlhatlhaganyane a le mararo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

HERODIAMO

Setshwantsho sa motaki

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Caesarea: Hiram Henriquez/National Geographic Stock; Palace: Courtesy of Israel Museum, Jerusalem, and Todd Bolen/Bible Places.com

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela