LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 51 ts. 126-ts. 127 ser. 9
  • Go Bolawa Mongwe Kwa Moletlong wa Letsatsi La Botsalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bolawa Mongwe Kwa Moletlong wa Letsatsi La Botsalo
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Polao ka Nako ya Moletlo wa Letsatsi la Matsalo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Polao ka Nako ya Moletlo wa Letsatsi la Matsalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • “Mo Malatsing a ga Herode Kgosi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 51 ts. 126-ts. 127 ser. 9
1. Salome o a bina kwa moletlong wa letsatsi la botsalo jwa ga Herode; 2. Salome o isa tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi kwa go Herodiase

KGAOLO 51

Go Bolawa Mongwe Kwa Moletlong Wa Letsatsi La Botsalo

MATHAIO 14:1-12 MAREKO 6:14-29 LUKE 9:7-9

  • HERODE O LAELA GORE JOHANE MOKOLOBETSI A KGAOLWE TLHOGO

Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ntse ba rera mo Galalea, monna yo o ba itsisitseng gore Jesu ke Kwana ya Modimo, ga a tlhole a na le kgololesego eo. Johane Mokolobetsi o sa ntse a le mo kgolegelong morago ga dingwaga di ka nna pedi.

Johane o ile a bolelela Kgosi Herode Antipase gore go phoso go bo a nyetse Herodiase, mosadi yo o neng a nyetswe ke mogolowe Herode yo o bidiwang Filipo. Herode o ne a tlhadile mosadi wa gagwe gore a nyale Herodiase. Go ya ka Molao wa ga Moshe o Herode a ipolelelang gore o a o latela, lenyalo leno ke la boaka e bile ga le ka fa molaong. Herode ga a itumelele kgalemelo ya ga Johane, ka jalo o laela gore Johane a tsenngwe mo kgolegelong, gongwe a tlhotlhelediwa ke Herodiase.

Herode ga a itse gore a dire eng ka Johane, ka gonne batho ‘ba dumela gore ke moporofeti.’ (Mathaio 14:5) Le fa go ntse jalo, Herodiase ene o a itse gore o batla gore go diragale eng ka Johane. O “mo tshwere ka pelo,” tota e bile o ntse a batla tsela ya gore a bolawe. (Mareko 6:19) Kgabagare, o bona tshono ya go dira jalo.

Nakwana fela pele ga Tlolaganyo ya 32 C.E., Herode o dira moletlo o mogolo wa letsatsi la botsalo jwa gagwe. Badiredi ba bagolo le balaodi ba masole, mmogo le banna ba ba tlotlegang thata mo Galalea, botlhe ba tlile moletlong ono. Fa moletlo o ntse o tsweletse, Salome e leng morwadia Herodiase yo a mo tshotseng le Filipo, o a bidiwa gore a tle go binela baeng. Banna bano ba kgatlhiwa ke tsela e a binang ka yone.

Herode o itumeletse tsela e Salome a binang ka yone kwa moletlong wa letsatsi la botsalo jwa gagwe

E re ka Herode a itumeletse mosetsanyana yono, o mo raya a re: “Nkope sengwe le sengwe fela se o se batlang, mme ke tla se go naya.” E bile o mo solofetsa jaana: “Ke tla go naya sengwe le sengwe fela se o se kopang, tota le halofo ya bogosi jwa me.” Pele ga Salome a araba, o tswela kwa ntle kwa go mmaagwe a bo a mmotsa a re: “Ke kope eng?”—Mareko 6:22-24.

Herodiase ga a bolo go letela tshono eno! Ntle le go senya nako, o mo raya a re: “Tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.” Salome o boela kwa go Herode ka bonako a bo a mo raya a re: “Ke batla gore gone jaanong jaana o nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi e le mo sejaneng.”—Mareko 6:24, 25.

Seno se hutsafatsa Herode fela thata, mme gone baeng ba gagwe ba mo utlwile fa a ikanela Salome. Ga a batle go itlhokomolosa kopo ya gagwe, le fa gone seo se raya gore a bolaye monna yo o se nang molato. Ka jalo, Herode o roma motlhokomedi kwa kgolegelong ka ditaelo tseno tse di sa itumediseng. Go ise go ye kae, motlhokomedi o boa a tshotse tlhogo ya ga Johane e le mo sejaneng. O e naya Salome, ene a bo a e isa kwa go mmaagwe.

Fa barutwa ba ga Johane ba utlwa se se diragetseng, ba a tla ba bo ba tsaya mmele wa gagwe ba ya go o fitlha. Go tswa foo, ba ya go bolelela Jesu kgang eno.

Moragonyana, fa Herode a utlwa gore Jesu o fodisa batho e bile o leleka madimona, o a tshoga. O akanya gore monna yono yo o dirang dilo tseno, e bong Jesu, e ka tswa e le Johane Mokolobetsi jaanong ‘o tsositswe mo baswing.’ (Luke 9:7) Ka jalo, Herode Antipase o batla go bona Jesu. Tota ga se gore o batla go utlwa thero ya ga Jesu. Go na le moo, Herode o batla go bona Jesu ka gonne a batla go tlhomamisa gore a se a tshwenyegileng ka sone se boammaaruri.

  • Goreng Johane Mokolobetsi a le mo kgolegelong?

  • Kgabagare Herodiase o bona jang tshono ya gore Johane a bolawe?

  • Morago ga loso lwa ga Johane, goreng Herode Antipase a batla go bona Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela