LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lr kgao. 29 ts. 152-156
  • A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
  • Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letsatsi la Botsalo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Bolawa Mongwe Kwa Moletlong wa Letsatsi La Botsalo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ithute mo Morutising yo Mogolo
lr kgao. 29 ts. 152-156

KGAOLO 29

A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?

Baiseraele ba a opela, ba a bina e bile ba leboga Jehofa fa ba sena go kgabaganya Lewatle le Lehibidu

Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a itumedisiwa ke phathi eno?

A O RATA go ya diphathing?— Tsone di monate. A o akanya gore Morutisi yo Mogolo o rata gore re ye diphathing?— Ene o kile a ya phathing ya lenyalo, mme bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba tsamaya le ene. Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng,” ka jalo o a itumela fa re itumela kwa diphathing tse di siameng.—1 Timotheo 1:11; Johane 2:1-11.

Tsebe 29 ya buka eno e re bolelela gore Jehofa o ne a kgaoganya metsi a Lewatle le Lehibidu go dira gore Baiseraele ba fete mo go lone. A o gakologelwa o bala ka gone?— Morago ga moo, batho ba ne ba opela le go bina ba leboga Jehofa. Go ne go tshwana le phathi. Batho ba ne ba itumetse thata, mme re ka dumela gore le Modimo o ne a itumetse.—Ekesodo 15:1, 20, 21.

Mo e ka nnang dingwaga tse 40 moragonyana, Baiseraele ba ne ba ya phathing e nngwe e kgolo. Mo lekgetlhong leno, batho ba ba neng ba ba laleditse e ne e se baobamedi ba ga Jehofa. E bile, batho ba ba neng ba ba laleditse ba ne ba obamela medimo e mengwe mme ba ne ba tlwaetse go kopanela dikobo le batho ba ba sa nyalanang le bone. A o akanya gore go ne go siame go ya kwa diphathing tse di ntseng jalo?— Jehofa o ne a sa itumela, mme o ne a otlhaya Baiseraele.—Dipalo 25:1-9; 1 Bakorintha 10:8.

Baebele gape e bua ka diphathi tse pedi tsa malatsi a botsalo. A nngwe ya diphathi tseno e ne e le ya go keteka letsatsi la botsalo la Morutisi yo Mogolo?— Nnyaa. Diphathi tseno tsa malatsi a botsalo ka bobedi jwa tsone e ne e le tsa batho ba ba neng ba sa obamele Jehofa. E nngwe e ne e le phathi ya letsatsi la botsalo jwa ga Kgosi Herode Antipase. E ne e le molaodi wa kgaolo ya Galalea fa Jesu a ne a nna koo.

Kgosi Herode o ne a dira dilo di le dintsi tse di maswe. O ne a tsaya mosadi wa ga morwarraagwe go nna mosadi wa gagwe. Leina la gagwe e ne e le Herodiase. Motlhanka wa Modimo e bong Johane Mokolobetsi o ne a bolelela Herode gore o ne a sa tshwanela go dira jalo. Herode ga a ka a rata se a neng a se mmolelela. Ka jalo o ne a dira gore Johane a tsenngwe mo kgolegelong.—Luke 3:19, 20.

Fa Johane a ne a sa ntse a le mo kgolegelong, letsatsi la botsalo jwa ga Herode le ne la goroga. Herode o ne a dira phathi e kgolo. O ne a laletsa batho ba le bantsi ba ba botlhokwa. Ba ne ba ja ba nwa ba bo ba itumela. Morago ga moo morwadia Herodiase o ne a tla go ba binela. Mongwe le mongwe o ne a itumeletse thata tsela e a neng a bina ka yone mo e leng gore Kgosi Herode o ne a batla go mo naya mpho e e kgethegileng. O ne a mo raya a re: “Le fa e le eng se o se nkopang, ke tla se go naya, go fitlha go sephatlo sa bogosi jwa me.”

O ne a tla kopa eng? A o ne a tla kopa madi? diaparo tse dintle? ntlo? Mosetsana yono o ne a sa itse gore a kope eng. Ka jalo o ne a ya kwa go mmaagwe, e bong Herodiase, mme a re: “Ke kope eng?”

Herodiase o ne a tlhoile Johane Mokolobetsi thata. Ka jalo o ne a raya morwadie a re a kope tlhogo ya gagwe. Mosetsana o ne a boela kwa kgosing mme a re: “Ke batla gore o nneye gone jaanong jaana mo mogopong tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.”

Kgosi Herode o ne a sa batle go bolaya Johane ka gonne o ne a itse gore Johane ke monna yo o molemo. Mme Herode o ne a setse a dirile tsholofetso, mme o ne a tshaba gore ba bangwe kwa phathing ba tla reng fa a fetola mogopolo. Ka jalo o ne a roma monna mongwe kwa kgolegelong gore a ye go kgaola tlhogo ya ga Johane. Monna yoo o ne a boa ka bonako. O ne a tshotse tlhogo ya ga Johane mo mogopong, mme o ne a e naya mosetsana yoo. Mosetsana o ne a e naya mmaagwe.—Mareko 6:17-29.

Phathi e nngwe ya matsalo e Baebele e buang ka yone e ne e se botoka ka gope. E ne e le ya kgosi ya Egepeto. Le mo phathing eo kgosi e ne ya dira gore motho mongwe a kgaolwe tlhogo. Mme go tswa foo, o ne a kaletsa monna yoo gore dinonyane di mo je! (Genesise 40:19-22) A o akanya gore Modimo o ne a itumedisiwa ke diphathi tseo tse pedi?— A o ne o ka rata go nna teng kwa go tsone?—

Morwadia Herodiase o bina kwa phathing ya ga Kgosi Herode

Go ne ga diragala eng kwa phathing ya botsalo ya ga Herode?

Re a itse gore sengwe le sengwe se se mo Baebeleng se kwadilwe ka maikaelelo. E bua ka diphathi tse pedi fela tsa malatsi a botsalo. Mme go ne ga dirwa dilo tse di bosula mo meketeng ya tsone ka bobedi. O ka re Modimo o re bolelela eng ka meletlo ya malatsi a botsalo? A Modimo o batla gore re keteke malatsi a botsalo?—

Ke boammaaruri gore kwa diphathing tse di ntseng jalo gompieno, batho ga ba kgaole ba bangwe ditlhogo. Mme go keteka malatsi a botsalo go simolotswe ke batho ba ba neng ba sa obamele Modimo. The Catholic Encyclopedia e bua jaana ka diphathi tsa matsalo tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng: “Ke baleofi fela . . . ba ba ketekang letsatsi le ba tshotsweng ka lone ka mekete e megolo.” A re batla go tshwana le bone?—

Morutisi yo Mogolo ene o ne a dira eng? A o ne a keteka letsatsi la gagwe la botsalo?— Nnyaa, Baebele ga e bue sepe ka gore Jesu o kile a direlwa phathi ya letsatsi la botsalo. Tota e bile, balatedi ba ga Jesu ba bogologolo ba ne ba sa keteke letsatsi la gagwe la botsalo. A o itse gore ke ka ntlha yang fa batho ba tlhopha go keteka letsatsi la ga Jesu la botsalo ka December 25?—

Letsatsi leo le tlhophilwe ka gonne, jaaka The World Book Encyclopedia e bua, “batho ba kwa Roma ba ne ba ntse ba keteka letsatsi leo e le Moletlo wa Saturn, ba keteka botsalo jwa letsatsi.” Batho ba tlhopha go keteka letsatsi la botsalo la ga Jesu ka letsatsi le baheitane ba neng ba setse ba le dirile holitei!

A o itse gore ke ka ntlha yang fa go ka se nne boammaaruri gore Jesu o tshotswe ka December?— Ka gonne Baebele ya re fa Jesu a ne a tsholwa, badisa ba ne ba sa ntse ba le kwa nageng bosigo. (Luke 2:8-12) Mme ba ne ba ka se nne kwa nageng ka kgwedi ya December e kwa Jesu a tsholetsweng teng e leng kgwedi e e tsididi le e go nang dipula ka yone.

Badisa ba kwa nageng bosigo

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ka se ka a bo a tshotswe ka December 25?

Batho ba bantsi ba a itse gore Keresemose ga se letsatsi la ga Jesu la botsalo. E bile ba a itse gore ka letsatsi leo baheitane ba ne ba na le moletlo o o sa itumediseng Modimo. Mme le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba keteka Keresemose. Ba tshwenyegile thata ka go nna le diphathi go na le go tshwenyega ka tsela e Modimo a lebang Keresemose ka yone. Mme rona re batla go itumedisa Jehofa, ga ke re?—

Ka jalo fa re na le diphathi, re batla go tlhomamisa gore ke tse di itumedisang Jehofa. Re ka nna le tsone nako nngwe le nngwe mo ngwageng. Ga go tlhokege gore re emele letsatsi le le kgethegileng. Re ka ja dijo tse di kgethegileng le go tshameka metshameko e e monate. A o ka rata go dira jalo?— Gongwe o ka bua le batsadi ba gago mme ba go thuse go rulaganya phathi. Go ka nna monate, ga ke re?— Mme pele ga o dira dithulaganyo tsa go dira phathi, o tshwanetse go tlhomamisa pele gore a e tla itumedisa Modimo.

Basimane le basetsana ba dira motshameko wa terama ya Baebele mo phathing

Re ka tlhomamisa jang gore diphathi tsa rona di itumedisa Modimo?

Re bona botlhokwa jwa gore ka metlha re dire se se itumedisang Modimo mo go Diane 12:2; Johane 8:29; Baroma 12:2; le 1 Johane 3:22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela