LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/15 ts. 30-31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Letsatsi la Botsalo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi a Botsalo?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/15 ts. 30-31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba keteka segopotso sa matsatsi a bone a lenyalo. Letsatsi la botsalo ke segopotso sa letsatsi le o tshotsweng ka lone. Ka jalo ke eng fa go ka ketekiwa segopotso sa letsatsi la lenyalo mme go ka se ketekiwe segopotso sa letsatsi la botsalo?

Fa re tlhamalala fela, ga go tlhokege gore Mokeresete a a keteke oomabedi. Le fa go ntse jalo, seo ga se kaye gore oomabedi a a lekana ka botlhokwa kana gore Bakeresete ba tshwanetse go leba (segopotso sa letsatsi la lenyalo) jaaka ba leba mekete ya malatsi a botsalo.

Jaaka re setse re bone, go ka nna ga twe malatsi ano oomabedi ke segopotso sa malatsi mangwe ka gonne “segopotso” ke ‘selo sa ngwaga le ngwaga sa letlha lengwe le le tlhaolang tiragalo e e rileng.’ E ka nna segopotso sa letsatsi la tiragalo nngwe le nngwe—letsatsi le o ileng wa nna le kotsi ya koloi ka lone, le o ileng wa bona ngwedi e fifala ka lone, le o ileng wa ya go thuma le ba lelapa la gago ka lone, jalo le jalo. Go phepafetse gore Bakeresete ga ba dire “segopotso” sengwe le sengwe letsatsi le le kgethegileng kana ba dira mokete go le gopola. Motho o tshwanetse go sekaseka mabaka a tiragalo mme a bo a bona gore ke eng se se tshwanelang.

Ka sekai, Modimo o ne a laela Baiseraele ka tsela e e kgethegileng gore ngwaga le ngwaga ba keteke letsatsi le moengele wa gagwe a ileng a tlolaganya matlo a Baiseraele ka lone kwa Egepeto mo go neng ga felela ka gore batho ba gagwe ba fuduge teng ka 1513 B.C.E. (Ekesodo 12:14) Fa Bajuda go akaretsa le Jesu, ba ne ba keteka segopotso sa tiragalo eo moragonyana, ba ne ba dira seo tumalanong le kaelo ya Modimo, mme ba ne ba sa dire jalo ka go dira mokete kana ka go aba dimpho. Gape Bajuda ba ne ba tsaya segopotso sa letsatsi le tempele e kgakotsweng ka lone le kgethegile. Le fa gone go ketekiwa ga tiragalo eno ya hisitori go sa laelwa mo Baebeleng, Johane 10:22, 23 e supa gore Jesu o ne a se kgatlhanong le go ketekiwa ga lone. Sa bofelo, Bakeresete ba na le pokano e e kgethegileng ya segopotso sa letsatsi la loso lwa ga Jesu. Ke boammaaruri gore, seno se dirwa ka ntlha ya go utlwa taolo e e tlhamaletseng e e mo Lefokong la Modimo.—Luke 22:19, 20.

Go tweng ka segopotso sa letsatsi la lenyalo? Mo dinageng tse dingwe go tlwaelegile gore monna le mosadi ba gopole letsatsi le ba neng ba simolola lenyalo ka lone, e leng thulaganyo e e simolotsweng ke Modimo. (Genesise 2:18-24; Mathaio 19:4-6) Eleruri, Baebele ga e bue maswe ka lenyalo. Jesu o ile a ya moletlong wa lenyalo a bo a thusa gore tiragalo eo e nne e e itumedisang.—Johane 2:1-11.

Ka jalo go ka se gakgamatse fa ka letsatsi la segopotso sa lenyalo la banyalani, ba ipha nako ya go ikgopotsa kafa go neng go le monate ka teng le fa ba ne ba ikana gore ba tla leka go dira gore ba atlege. Ke bone ba ba tla dirang tshwetso ya gore a ba batla go ikgopotsa tiragalo eno ba le babedi fela kana ba tla laletsa ba losika ba le mmalwa kana ditsala. Tiragalo eno ga e a tshwanela go nna seipato sa go nna le kokoano e kgolo ya botsalano. Ka nako ya tiragalo eno Bakeresete ba tla dira gore ba kaelwe ke melaometheo e e amang botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. Ka jalo, gore a motho o keteka letsatsi la segopotso sa lenyalo la gagwe kana nnyaa ke kgang ya gagwe ka namana.—Baroma 13:13, 14.

Mme go tweng ka go gopola letsatsi la botsalo ka tsela e e kgethegileng? A re na le dikai dipe mo Baebeleng tse di malebana le segopotso se se ntseng jalo?

Gone ke boammaaruri gore mo tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, Baithuti ba Baebele, e leng leina le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itsiwe ka lone pele, ba ne ba keteka malatsi a botsalo. Bontsi jwa bone ba ne ba na le dibukana tse dinnye tse di bidiwang Daily Heavenly Manna. Dibukana tseno di ne di na le temana ya Baebele ya letsatsi, mme Bakeresete ba le bantsi ba ne ba tsenya senepe se sennye sa Baithuti ba bangwe ba Baebele mo ditsebeng tsa yone tse di tsamaelanang le malatsi a ba tshotsweng ka one. Gape, Tora ya Tebelo ya February 15, 1909 (ka Seesemane) e ne ya tlhalosa gore kwa kopanong e kgolo ya kwa Jacksonville, kwa Florida kwa U.S.A., Mokaulengwe Russell, yo ka nako eo e neng e le poresidente ya Mokgatlho, o ne a isiwa kwa seraleng. Ka ntlha yang? O ne a fiwa mpho ya letsatsi la botsalo jwa gagwe ya dibokoso tsa maungo a pomelo, dipeinapole le dinamune, a sa lebelela. Seo se re thusa go bona gore go ne go diragalang mo nakong e e fetileng. Fa re tsaya dilo go ya ka nako e di neng di direga ka yone, re tla gakologelwa gore ka yone nako eo, Baithuti ba Baebele ba ne ba keteka le December 25 e le letsatsi la segopotso sa botsalo jwa ga Jesu kana letsatsi la botsalo jwa gagwe. E bile e ne e le tlwaelo gore go jewe dijo tsa motshegare tse di kgethegileng tsa Keresemose kwa ntlokgolong kwa Brooklyn.

Gone mme, fa e sa le ka nako eo batho ba Modimo ba ile ba gola mo semoyeng ka dilo tse dintsi. Ka bo1920 lesedi le le oketsegileng le ile la ba thusa go lemoga dilo tse di latelang:

Jesu o ne a sa tsholwa ka December 25, e leng letlha le le amanang le bodumedi jwa seheitane. Baebele e re laela go keteka letlha la loso lwa ga Jesu, e seng letsatsi la botsalo jwa gagwe kana la motho ope fela. Go dira jalo go dumalana le Moreri 7:1 le ntlha ya gore tsela e botshelo jwa motho yo o ikanyegang bo felelang ka yone e botlhokwa go gaisa letsatsi le a tshotsweng ka lone. Ga go na gope mo Baebele e begang ka motlhanka ope yo o ikanyegang a keteka letsatsi la gagwe la botsalo. E umaka go ketekiwa ga malatsi a botsalo a baheitane, e amanya meletlo eo le ditiro tse di setlhogo. A re sekasekeng ditiragalo tse di amanang le meletlo eo ya malatsi a botsalo.

La ntlha ke letsatsi la botsalo jwa ga Faro mo motlheng wa ga Josefa. (Genesise 40:20-23) Malebana le seno, setlhogo se se buang ka malatsi a botsalo mo go Encyclopædia of Religion and Ethics ya ga Hastings se simolola jaana: “Tlwaelo ya go keteka letsatsi la botsalo e amana le go balwa ga nako, mme go ya ka ditiragalo, e amana le melaometheo mengwe ya bogologolo ya bodumedi.” Moragonyana saetlopedia eo e ne ya nopola Moithuti wa dilo tsa bogologolo tsa Egepeto e bong Sir J. Gardner Wilkinson, yo o neng a kwala jaana: “Moegepeto mongwe le mongwe o ne a leba letsatsi la botsalo le le botlhokwa tota le ura e a tshotsweng ka yone; mme e ka nna ya bo e le gore jaaka kwa Peresia, mongwe le mongwe o ne a gopola letsatsi la gagwe la botsalo ka go dira mokete o mogolo, a laletsa ditsala tsa gagwe go itumela le go ja menate yotlhe.”

Mokete o mongwe wa letsatsi la botsalo o o umakiwang mo Baebeleng ke wa ga Herode o Johane Mokolobetsi a neng a kgaolwa tlhogo mo go one. (Mathaio 14:6-10) The International Standard Bible Encyclopedia (kgatiso ya 1979) e neela tlhaloso eno: “Bagerika ba pele ga Motlha wa Tlhotlheletso ya Segerika ba ne ba keteka malatsi a botsalo a medimo le a banna ba maemo. Genéthlia ya [Segerika] e ne e emela meletlo eno, fa genésia yone e ne e kaya go gopolwa ga letsatsi la botsalo la motho mongwe yo o botlhokwa yo o suleng. Mo go 2 Mak[abise] 6:7 go buiwa ka genéthlia ya ga Antiochus IV e e neng e ketekiwa kgwedi le kgwedi, e ka nako ya yone Bajuda ba neng ba patelediwa go ‘nna le seabe mo go ntsheng ditlhabelo.‘ . . . Fa Herode a keteka letsatsi la botsalo jwa gagwe o ne a dira tumalanong le ngwao ya Tlhotlheletso ya Segerika; ga go na bosupi bope jwa gore go ne go ketekiwa malatsi a matsalo kwa Iseraele pele ga Motlha wa Tlhotlheletso ya Segerika.”

Ke boammaaruri gore, Bakeresete ba boammaaruri ga ba itshwenye thata ka tshimologo le tsela e madumedi a bogologolo a ka tswang a amana ka yone le tlwaelo kana ngwao nngwe le nngwe, mme gape ga ba rate go itlhokomolosa bosupi jo bo tlhamaletseng jo bo mo Lefokong la Modimo. Seno se akaretsa le ntlha ya gore mekete ya malatsi a botsalo e e begiwang mo Baebeleng ke ya boheitane e bile e amana le bosetlhogo. Ka jalo, go phepafetse gore Dikwalo ga di bue bontle ka mekete ya malatsi a botsalo, e leng selo se Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba sa se itlhokomoloseng.

Ka jalo, le fa e le kgang ya motho ka namana fa Bakeresete ba batla go keteka segopotso sa letsatsi la lenyalo la bone, go na le mabaka a a utlwalang a gore Bakeresete ba ba godileng sentle ba tile go keteka malatsi a botsalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela