LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 9/1 ts. 30-31
  • Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi a Botsalo?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Letsatsi la Botsalo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 9/1 ts. 30-31

Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi

A Basupi ba ga Jehofa ba tila go keteka malatsi a matsalo gonne tlwaelo eno e ne e kaya sengwe se se malebana le bodumedi mo metlheng ya bogologolo?

Go keteka malatsi a matsalo go simologile go tswa mo tumelabotlhoding le mo bodumeding jwa maaka, lefa go le jalo seno ga se sone fela lebaka kana selo sa konokono seo se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba tile tlwaelo eno.

Ditlwalo dingwe tseo di simologileng e le tsa sedumedi ga di sa tlhole di le jalo mo mafelong a mantsi. Ka sekai, pelepele palamonwana ya lenyalo e ne e na le bokao jo bo rileng mo go tsa sedumedi, mme gone jaanong, ga go sa tlhole go le jalo mo mafelong a le mantsi. Ke gone ka moo, Bakeresete ba le bantsi ba boammaaruri ba amogelang tlwaelo ya mo mafelong a bone ya go rwala palamonwana ya lenyalo go supa gore motho yoo o nyetswe. Mo maemong a a ntseng jalo, seo ka kakaretso se kopanyelediwang ke gore a jaanong tlwaelo eno e golagangwa le bodumedi jwa maaka.—Bona “Questions From Readers” go The Watchtower ya January 15,1972, le “Dipotso tse di Tswang go Babadi” go Tora ya Tebelo ya October 15, 1991.

Lefa go le jalo, re ka se ke re latole ntlha ya gore, go na le metswedi e mentsi ya ditshupiso eo e senolang mabaka a tumelabotlhodi le a bodumedi ao a dirileng gore go semololwe go ketekwe malatsi a matsalo. The Encyclopedia Americana (Kgatiso ya 1991) e bolela jaana: “Batho ba bogologolo ba Egepeto, Gerika, Roma, le ba Peresia ba ne ba keteka malatsi a matsalo a medimo, dikgosi, le batho ba ba tlotlegang.” E bolela gore batho ba ko Roma ba ne ba tlhokometse letsatsi la botsalo jwa ga Artermis le la ga Apollo. Se se farologaneng le seo ke gore, “lefa gone Baiseraele ba bogologolo ba ne ba boloka direkoto tsa dingwaga tsa baagi ba bone ba senna, ga go na bosupi bope jwa gore ba ne ba tle ba nne le mokete ope fela wa go ikgopotsa letsatsi la botsalo jwa mongwe.”

Metswedi e mengwe ya tshupiso e ya bokgakaleng jwa gore e be e tlhalose gore go simologile jang gore malatsi a botsalo a ketekiwe: ‘Meletlo ya matsalo e simolotse bogologolo kwa Yuropa. Batho ba ne ba dumela gore go na le meya e e maswe le e e molemo, e ka dinako dingwe e neng e bidiwa sedimo se se molemo le se se bosula. Motho mongwe le mongwe o ne a boifa meya eno, gore e ne e tla gobatsa motho yo e neng e le letsatsi la gagwe la matsalo, ka gone o ne a dikaganyediwa ke ditsala le balosika bao go mo eleletsa ga bone dilo tse di molemo, le go nna gone ga bone, go neng go ka mo sireletsa kgatlhanong le dikotsi tse di sa itseweng tse letsatsi la matsalo le neng le na le tsone. Go mo naya dimpho ga bone go ne go mo sireletsa le e leng go feta. Go ja mmogo le ene go ne go mo naya polokesego e kgolwane ebile go thusa gore masego a meya e e molemo a tle mo go ene. Ka gone maikaelelo a go ketekiwa ga malatsi a botsalo go tloga kwa tshimologong e ne e le go sireletsa motho kgatlhanong le bosula le go tlhomamisa gore ngwaga o o latelang wa gagwe e nne o o molemo.’—Birthday Parties Around the World, 1967.

Gape, buka eno e tlhalosa gore ditlwaelo di le dintsi tsa go keteka malatsi a matsalo di simologile jang. Ka sekai: “Lebaka [la go dirisiwa ga dikerese] le re busetsa morago kwa Bagerikeng le Baromeng ba pele bao ba neng ba gopola gore dikerese di ne di na le maatla a seselamose. Ba ne ba ka eleletsana dilo tse di molemo le go rapela gore masego ano le dithapelo di ke di rwalelwe kwa medimong ke dikgabo tsa dikerese. Medimo eno e ne jaanong e tla romela masego a yone mme ka gongwe e araba dithapelo tsa bone.” Tshedimosetso e nngwe e e oketsegileng e kgobokantswe mo ditsebeng 241 le 242 tsa buka ya Go fetolana ka Dikwalo, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

Lefa go le jalo, jaaka go umakilwe, go kopanyelediwa go le gontsi go na le kgang fela ya gore a go ketekiwa ga malatsi a matsalo e ne e le selo sa sedumedi kana e santse e le sone. Bibela e umaka sengwe ka malatsi a matsalo, mme Bakeresete ba ba godileng sentle ka botlhale ba nna kelotlhoko thata ka sepe fela seo e se tlhagisang ka one.

Batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ne ba tshwaya letsatsi leo motho a neng a tsholwa ka lone, e leng selo seo se neng se ba kgontsha go bala dingwaga. Re bala jaana: “Me Noa o a na le dinyaga di le makgolo matlhano: me Noa a tsala Sheme, le Hame, le Yafethe.” “Ka ñgwaga oa makgolo a marataro oa botshelō yoa ga Noa, . . . mecwedi eotlhe ea boteñ yo bogolo yo bo teñteñ ea phunyèka.”—Genesise 5:32; 7:11; 11:10-26.

Le e leng le jaaka fa Jesu a boletse, gareng ga batho ba Modimo go tsholwa ga ngwana e ne le tiragalo ya masego le boitumelo. (Luke 1:57, 58; 2:9-14; Yohane 16:21) Go ntse go le jalo, batho ba ga Jehofa ba ne ba sa keteke malatsi a matsalo; ba ne ba ikgopotsa malatsi a ditiragalo tse dingwe e seng malatsi a matsalo. (Yohane 10:22, 23) Encyclopaedia Judaica e re: “Go ketekiwa ga malatsi a matsalo ke selo se se sa itsegeng mo meketeng ya setso sa Sejuda.” Customs and Traditions of Israel e bolela jaana: “Go ketekiwa ga malatsi a matsalo go adimilwe go tswa mo ditlwaelong tsa merafe e mengwe, ka jaana go sena gope koo go buiwang ka tlwaelo eno gona gareng ga Bajuda e ka tswa e le mo Bibeleng, mo Talmud, kana mo mekwalong ya Batlhalefi. Totatota, e ne e le tlwaelo ya Baegepeto ba bogologolo.”

Tlwaelo eno ya Seegepeto e lemosega sentle go tswa mo moketeng wa letsatsi la matsalo o go buiwang ka one mo Bibeleng, mokete o baobamedi ba boammaaruri ba neng ba sa o keteke. E ne e le moletlo wa botsalo jwa ga Faro yo o ileng a busa ka nako ya fa Josefa a ne a le kwa kgolegelong kwa Egepeto. Bangwe ba baditšhaba bano ba ka tswa ba ne ba itumeletse moletlo ono, go ntse go le jalo moletlo o o ne wa golagangwa le go kgaolwa tlhogo ga moapei yo mogolo wa ga Faro.—Genesise 40:1-22.

Selo se sengwe gape se se sa itumediseng seo se tlhagisiwang mo moletlong o mongwe wa letsatsi la matsalo o o tlhalosiwang mo Dikwalong—ke wa ga Herode Antipase, morwa wa ga Herode yo Mogolo. Moletlo ono wa matsalo eleruri ga o umakiwe mo Bibeleng jaaka moletlo fela o o itshiametseng. Go na le moo, o ne wa felela ka gore go kgaolwe tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi. Morago ga moo, “barutwa ba gagwè ba ea ba tsaea setoto, ba mo hitlha: me ba ea ba bolèlèla Yesu,” yo a ileng a ‘tloga gona ka mokoro a ngongwaelela kwa thoko kwa go neng go sena batho gone.’ (Mathaio 14:6-13) A o akanya gore barutwa bao kana Jesu ba ne ba kgatlhwa ke tlwaelo eno ya go keteka malatsi a matsalo?

Ponong ya seo re se itseng ka tshimologo ya go ketekiwa ga malatsi a matsalo, mme se se botlhokwa le go feta, tsela eo e sa itumediseng eo meletlo eno e umakwang ke yone mo Bibeleng, Basupi ba ga Jehofa ba na le lebaka le le nonofileng la go ikeha kgatlhanong le tlwaelo eno. Ga go ba tlhoke gore ba etsise ditlwaelo tsa lefatshe leno, ka jaana ba ka nna ebile ba ipelela meletlo ya dijo nako nngwe e nngwe mo ngwageng. Go naana dimpho ga bone ga go patelesege kana ga se gore konokono ba tshwanetse go go dira ka go dira meletlo; ke go naana dimpho nako nngwe le nngwe go go dirwang ka bopelotshweu go tswa mo loratong lo lo boteng goo go sa patelediweng ke maemo a a rileng.—Diane 17:8; Moreri 2:24; Luke 6:38; Ditihō 9:36, 39; 1 Bakorintha 16:2, 3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela