LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 240-ts. 242
  • Letsatsi la Botsalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi la Botsalo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi a Botsalo?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 240-ts. 242

Letsatsi la Botsalo

Tlhaloso: Letsatsi la go tsalwa ga mongwe kana segopotso sa letsatsi leo. Mo mafelong mangwe, segopotso sa botsalo jwa mongwe, segolo bogolo jwa ngwana, se ketekwa ka modiro le go abiwa ga dimpho. Ga se tlwaelo ya Bibela.

A Bibela e bua molemo ka mekete ya malatsi a botsalo eo e umakiwang mo go yone? Bibela e bua fela ka mekete e le mebedi e e ntseng jalo:

Gen. 40:20-22: “Me ga dihala ea re ka letsatsi ya boraro, e le letsatsi ya botsalō yoa ga Farwe, a dihèla batlhanka botlhe ba gagwè modihō . . . Me a bosetsa mochola phahana eo mogolo mo go choleñ phahana ga gagwè gapè; . . . Me moapei eo mogolo a mo pèga.”

Math. 14:6-10: “Me e rile go hitlha letsatsi ya botsalō yoa ga Herode, morwadia Herodiase a bina ha gare ga modihō, me a kgatlha Herode. Hoñ a mo sholohetsa ka ikanō, a re, se o tla se mo lōpañ o tla se mo naea hèla. Me èna ka a laecwe ke mmagwè, a re, Nnaea hèla hano tlhōgō ea ga Yohane Mokolobetsi ka mogocana yana. . . . Me a roma batho, ba ea go kgaola tlhōgō ea ga Yohane Mokolobetsi mo tluñ ea kgolegèlō.”

Sengwe le sengwe mo Bibeleng se teng foo ka lebaka. (2 Tim. 3:16, 17) Basupi ba ga Jehofa ba elatlhoko gore Lefoko la Modimo ga le bue molemo ka mekete ya malatsi a botsalo mme ka jalo ba a e befela.

Bakeresete ba pele le Bajuda ba metlha ya Bibela ba ne ba leba meletlo ya malatsi a botsalo jang?

“Kgopolo ya moletlo wa letsatsi la botsalo e ne e le kgakala le megopolo ya Bakeresete ba lobaka lono ka kakaretso.”—The History of the Christian Religion and Church, During the Three First Centuries (New York, 1848), Augustus Neander (e e ranotsweng ke Henry John Rose), ts. 190.

“Bahebera ba moragonyana ba ne ba leba mekete ya malatsi a botsalo jaaka karolo ya kobamelo ya medimo ya disetwa, pono eo e tla rurifadiwang ka botlalo ke seo ba neng ba se bona mo medirong e e tlwaelegileng e e neng e amana le malatsi ano.”—The Imperial Bible-Dictionary (London, 1874), e e ranotsweng ke Patrick Fairbairn, Bol. I, ts. 225.

Dingwao tse di tumileng tseo di amanang le mekete ya malatsi a botsalo di simologile kae?

“Dingwao tse di farologaneng tseo ka tsone batho gompieno ba ketekang malatsi a bone a botsalo di sa le di nnile gone. Di simologile mo sebakeng sa maselamose le bodumedi. Dingwao tsa go dudueletsa batho, go neela dimpho le go keteka—gotlhe fela le go tshujwa ga dikerese—mo metlheng ya bogologolo di ne di direlwa go sireletsa yo o ketekelwang letsatsi la botsalo mo badimoneng le go mo tlhomamisetsa pabalesego mo ngwageng e e tlang. . . . Go tla go fitlha mo lekgolong la bone la dingwaga Bokeresete bo ne jwa gana moletlo wa letsatsi la botsalo jaaka ngwao ya seheitane.”—Schwäbische Zeitung (koketso ya makasine Zeit und Welt), April 3/4, 1981, ts. 4.

“Bagerika ba ne ba dumela gore mongwe le mongwe o ne a na le moya o o sireletsang kana daemon yo a neng a mo thusa mo botsalong jwa gagwe mme a nna a mo disitse mo botshelong. Moya ono o ne o amana ka kgakgamatso le modimo o o tsetsweng ka letsatsi le motho a tsetsweng ka lone. Baroma le bone ba ne ba dumalana le kgopolo eno. . . . Kgopolo eno e ne ya tswelela e dumelwa ke batho mme e bonala gape mo moengeleng wa mosireletsi, modimogadi wa tlhamane le moitshepi wa mmabaledi. . . . Ngwao ya dikerese tse di tshujwang mo dikukung e ne ya simololwa ke Bagerika. . . . Dikuku tsa dinotshi tseo di neng di le kgolokwane jaaka ngwedi le go bonesiwa ka megala ya dipone di ne di bewa mo dialetareng tsa tempele ya ga [Aretemise]. . . . Dikerese tsa malatsi a botsalo, mo tumelong ya ditlhamane, di na le maselamose a a kgethegileng a go eleletsa masego. . . . Megala ya dipone e e tshubilweng le melelo ya ditlhabelo di ile tsa nna le bokao jwa dikgakgamatso jo bo kgethegileng fa e sa le motho a simolola lwantlha go tlhoma dialetare tsa medimo ya gagwe. Dikerese tsa letsatsi la botsalo ka gone he ke tlotlo le ketleetso go letsatsi la botsalo la ngwana le go tlisa lesego le le molemo. . . . Madume a letsatsi la botsalo le dikeleletso tsa boitumelo ke karolo e e sa kgaoganngweng ya holetei eno. . . . Kwa tshimologong kgopolo eno e ne e itsetsepetse mo boselamoseng. . . . Madume a letsatsi la botsalo a na le maatla a molemo kana a bosula ka gobo mongwe a atamalane le lefatshe la moya mo letsatsing leno.”—The Lore of Birthdays (New York, 1952), Ralph and Adelin Linton, dits. 8, 18-20.

Dikokoano tse di phepa tsa lelapa le ditsala go tla go ja, go nwa, le go ipela ka dipaka tse dingwe ga di ganwe

Mor. 3:12, 13: “Ga go na sepè se se molemō mo go bōnè bogolo go go itumèla le go diha molemō ka metlha eotlhe ea go tshela ga bōnè, Le gōna ke nèō ea Modimo, gore motho moñwe le moñwe a yè a nwè, me a yè monate ka letsapa yeotlhe ya gagwè.”

Bona gape 1 Bakorintha 10:31.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela