Kgaolo 51
Polao ka Nako ya Moletlo wa Letsatsi la Matsalo
MORAGO ga fa Jesu a sena go naya baaposetoloi ba gagwe ditao, o ba romela mo tshimong ka bobedi ka bobedi. Kwantle ga pelaelo barwarramotho e leng Petere le Anderea ba ne ba tsamaya mmogo, jaaka go ne go ntse ka Jakobe le Johane, Filipo le Baretholomea, Thomase le Mathaio, Jakobe le Thadaeo, le Simone le Judase Isekariota. Ditlhopha tse thataro tseno tsa batsamaisa mafoko a a molemo ka bobedi ka bobedi ba bolela mafoko a a molemo a Bogosi le go dira diphodiso ka tsela e e gakgamatsang gongwe le gongwe koo ba yang gone.
Ka nako eo, Johane Mokolobetsi o santse a le mo ntlong ya kgolegelo. O na le mo e ka nnang dingwaga di le pedi a le koo jaanong. O ka nna wa tswa o gakologelwa gore Johane o ne a ile a bua puo phaa gore go ne go le phoso gore Herode Antipase a tseye Herodiase, mosadi wa ga morwarraagwe eleng Filipo, go nna mosadi wa gagwe. Ereka Herode Antipase a ne a iphaka gore o ne a latela Molao wa ga Moshe, Johane o ne a na le tshwanelo ya go senola bokopano jono jwa boaka. Ke ka ntlha ya seno go bo Herode a ne a dira gore Johane a latlhelwe mo ntlong ya kgolegelo, gongwe ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke Herodiase.
Herode Antipase o lemoga gore Johane ke monna yo o siameng mme ebile o rata go mo reetsa ka boitumelo. Jaanong o akabetse fela malebana le gore a ka dirang ka ene. Mme ga go a nna jalo ka Herodiase, o tlhoile Johane mme o tswelapele a senka ditsela tsa gore a bolawe. Kwa bofelong, sebaka seo a sa bolong go se letela se a tla.
Ka bonakonyana fela pele ga Tlolaganyo ya 32 C.E., Herode o rulaganyetsa mokete o mogolo wa letsatsi la gagwe la matsalo. Bao ba leng gone kwa moletlong oo ke batlhankedi botlhe ba maemo a a kwa godimo ba ga Herode le balaodi ba mephato ya sesole, mmogo le baagi ba maemo a a kwa godimo ba Galilea. Fa mantsiboa a ntse a tsena, Salome, ebong morwadia Herodiase le monna wa gagwe wa pele ebong Filipo, o romelwa gore a ye go binela baeng. Banna botlhe ba ba foo ba kgatlhiwa thata ke go bina ga gagwe, goo kwantle ga pelaelo go hepisang thata.
Herode o itumeletse Salome thatathata. O bua ka go re. “Ntōpa hèla se u se ratañ, me ke tla se gu naea.” Ebile o ikana jaana: “Se u tla se ntōpañ hèla, ke tla se gu naea, leha e ka nna bontlhañwe yoa bogosi yoa me.”
Pele ga a araba, Salome o ya go ya go buisana le mmaagwe pele. “Ke tla lōpa eñ?” o botsa jalo.
Abo e ne e le sone se a ntseng a se lebeletse! “Tlhōgō ea ga Yohane Mokolobetsi,” Herodiase o araba jalo fela ka bofefo.
Salome o boela kwa go Herode ka bonako a bo a kopa jaana: “Ke rata gore u nneè tlhōgō ea ga Yohane Mokolobetsi yana hèla yana ka mogocana.”
Herode o hutsafala thata. Lefa go ntse jalo ereka baeng ba gagwe ba ile ba mo utlwa a ikana, o tlhajwa ke ditlhong go sa diragatse tsholofetso, lemororo seno se kaya go bolaya monna yo o senang molato. O akofa a roma leotlana la gagwe kwa ntlong ya kgolegelo ka ditao tsa gagwe tse di tsitsibanyang mmele. Ka bonakonyana fela morago ga moo o boa ka tlhogo ya ga Johane e le mo mogotšaneng, a bo a e naya Salome. Ene, go tswa foo, o e isa kwa go mmaagwe. Fa barutwa ba ga Johane ba utlwalela seo se diragetseng, ba tla go tsaya setopo sa gagwe le go se fitlha, mme morago ga moo ba begela Jesu kgang eo.
Moragonyana ga moo, fa Herode a utlwelela gore Jesu o fodisa batho le go ntshetsa badimona ntle, o a boifa, a tshaba gore Jesu tota ke ene Johane yoo o tsositsweng mo baswing. Morago ga moo, o eletsa thata go bona Jesu, eseng gore a utlwe thero ya gagwe, mme e le go netefatsa gore a tota se a se boifang e ne e le selo sa Mathaio 10:1-5; 11:1; 14:1-12; Mareko 6:14-29; Luke 9:7-9.
▪ Ke ka ntlhayang fa Johane a le mo ntlong ya kgolegelo, mme ke ka ntlhayang fa Herode a sa batle go mmolaya?
▪ Herodiase o kgona jang go dira gore kgabagare Johane a bolawe?
▪ Morago ga loso lwa ga Johane, ke ka ntlhayang fa Herode a batla go bona Jesu?