LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 4 ts. 8
  • Lebaka La go Bo Baebele e Falotse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo Baebele e Falotse
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele ke Molaetsa o o Tswang Kwa Modimong
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Kgang e e Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Kwa Malapa a ka Bonang Thuso Gone
    Tsogang!—2018
  • O Leba Baebele Jang?
    O Leba Baebele Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 4 ts. 8
Monna a bala Baebele

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAEBELE—KAFA E FALOTSENG KA GONE

Lebaka La go Bo Baebele e Falotse

Baebele e falotse. Seo se dira gore o kgone go nna le yone le go e ipalela. E bile fa o tlhopha thanolo e e siameng ya Baebele, o ka tlhomamisega gore o bala khopi e e ikanyegang ya mekwalo ya ntlhantlha.a Mme ke eng fa Baebele e kgonne go falola ka ditsela tse di gakgamatsang le fa e ne e lebane le mathata a go onala, kganetso e e setlhogo le go fetolwa ga molaetsa wa yone? Ke eng se se dirang gore buka eno e nne botlhokwa?

“Jaanong ke tlhomamisegile gore Baebele e ke nang le yone ke mpho e e tswang kwa Modimong”

Baithuti ba le bantsi ba Baebele ba dumalana le se moaposetoloi Paulo a se kwadileng: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Ba dumela gore Baebele e falotse ka gonne ke Lefoko la Modimo le ka gonne Modimo o e sireleditse go fitlha gompieno. Faizal yo o umakilweng kwa tshimologong ya ditlhogo tseno o ne a swetsa ka gore a ithute Baebele go bona gore a se se neng se buiwa ka yone se boammaaruri. Se a se fitlheletseng se ne sa mo gakgamatsa. Ka bonako fela o ne a lemoga gore Baebele ga e na dithuto tse dintsi tse di anameng mo madumeding a mantsi a a ipitsang a Bokeresete. Mo godimo ga moo, o ne a kgatlhiwa ke se Modimo a se ikaeletseng ka lefatshe jaaka go tlhalosiwa mo Lefokong la Gagwe.

A re: “Jaanong ke tlhomamisegile gore Baebele e ke nang le yone ke mpho e e tswang kwa Modimong. Tota e bile, fa Modimo a kgona go dira lobopo, a a ka se nne le maatla a go re naya buka le go re e bolokela? Go bua se se farologaneng le seo e tla bo e le go lekanyetsa maatla a Modimo. Tota nna ke mang go go lekanyetsa maatla a Mothatayotlhe?”—Isaia 40:8.

a Bona setlhogo se se reng “O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2008.

Re ka Tlhomamisega Jang Gore Baebele e Boammaaruri?

Motseletsele ono wa ditlhogo o tlhalositse kafa Baebele e falotseng ka gone. Mme re ka tlhomamisega jang gore Baebele ke “lefoko la Modimo” e seng buka ya ditlhamane? (1 Bathesalonika 2:13) Bona thuto 3 mo boroutshareng jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! mo www.jw.org/tn. (Leba DIKGATISO > DIBUKA & DIBUKANA)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela