LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w16 September ts. 13
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikhutso Jwa Modimo ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A o Tsene mo Boikhutsong Jwa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Itise mo go Tlhokeng Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
w16 September ts. 13
Mmè le morwadie ba nosetsa malomo mo Paradaiseng

“Lefoko la Modimo le a tshela”

Dipotso Tse Di Tswang Kwa Babading

“Lefoko la Modimo” le Bahebera 4:12 e reng, “le a tshela e bile le naya maatla,” ke eng?

Dintlha tse di dikologileng temana eno di bontsha gore moaposetoloi Paulo o ne a bua ka molaetsa kgotsa boikaelelo jwa Modimo, jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng.

Gantsi Bahebera 4:12 e nopolwa mo dikgatisong tsa rona e le go bontsha gore Baebele e na le maatla a go fetola matshelo a batho, mme ruri go a tshwanela gore temana eno e dirisiwe ka tsela eo. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re sekaseke bokao jo bongwe jwa temana eno. Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera gore ba dire dilo go dumalana le boikaelelo jwa Modimo. Boikaelelo joo bo ne bo kwadilwe mo dikwalong tse di boitshepo. Paulo o ne a dira sekai ka Baiseraele ba ba neng ba golotswe kwa Egepeto. Ba ne ba na le tsholofelo ya go tsena mo lefatsheng le le solofeditsweng ‘le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,’ le mo go lone ba neng ba tla itumelela boikhutso jwa mmatota.—Ekes. 3:8; Dute. 12:9, 10.

Modimo o ne a ikaeletse go dira jalo. Le fa go ntse jalo, moragonyana Baiseraele ba ne ba nna tlhogoethata mme ba se ka ba bontsha tumelo, ka jalo, bontsi jwa bone ga ba a ka ba tsena mo boikhutsong joo. (Dipa. 14:30; Josh. 14:6-10) Mme gone, Paulo o ne a tlhalosa gore, “tsholofetso e santse e le teng ya go tsena mo boikhutsong jwa [Modimo].” (Baheb. 3:16-19; 4:1) Go bonala sentle gore “tsholofetso” eo ke karolo ya boikaelelo jwa Modimo. Fela jaaka Bakeresete ba Bahebera, le rona re ka bala ka boikaelelo joo le go dira dilo go dumalana le jone. Paulo o ne a nopola mafoko mangwe a Genesise 2:2 le Pesalema 95:11 go bontsha gore tsholofetso eo e theilwe mo Dikwalong.

Eleruri go tshwanetse ga re ama maikutlo go itse gore “tsholofetso e santse e le teng ya go tsena mo boikhutsong jwa [Modimo].” Re dumela gore tsholofetso ya go tsena mo boikhutsong jwa Modimo e e tlhalosiwang mo Baebeleng, ga se go ijesa dijo tsa ditoro e bile re setse re tsere dikgato tsa go tsena mo go jone. Mme ga re a dira seo ka go leka go ikobela Molao wa ga Moshe kgotsa ka go dira dilo dingwe tse di rileng gore re amogelwe ke Jehofa. Go na le moo, re bontsha tumelo ka go nna re dira dilo go dumalana le boikaelelo jwa Modimo jo bo mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, jaaka re sa tswa go tlhalosa, batho ba le diketekete mo lefatsheng ba simolotse go ithuta Baebele gore ba itse boikaelelo jwa Modimo. Bontsi jwa bone ba tlhotlheletsega go fetola matshelo a bone, go bontsha tumelo le go nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng. Tsela e ba fetotseng matshelo a bone ka yone ke bosupi jwa gore “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” Boikaelelo jwa Modimo jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng bo setse bo fetotse matshelo a batho ba le bantsi e bile bo tla nna bo re naya maatla.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela