LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w16 December ts. 29-31
  • Go Nna Bonolo—Sesupo sa Gore Motho o Botlhale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna Bonolo—Sesupo sa Gore Motho o Botlhale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MELEMO YA GO NNA BONOLO
  • Abo ba ba Bonolo ba Itumela Jang Ne!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bonolo—Bo re tswela mosola jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Nka Laola Jang Bogale Jwa Me?
    Tsogang!—2009
  • Aparang Bonolo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
w16 December ts. 29-31
Motlhokomedi wa bagodi o bua le mosadi yo o galefileng

Go Nna Bonolo Sesupo sa Gore Motho o Botlhale

Antonia yo e leng motlhokomedi wa bagodi, o ne a kokota kwa legaeng lengwe mme ga bula mosadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo50. Mosadi yono o ne a omanya Antonia a galefile e bile a mo tlhaba ka mafoko ka gonne a ne a re Antonia ga a tla ka nako go tla go tlhokomela mmaagwe. Mme gone, o ne a tlile ka nako. Le fa go ntse jalo, Antonia o ne a ikopela maitshwarelo ka ntlha ya se se diragetseng.

FA Antonia a tla mo lekgetlong le le latelang, mosadi yoo o ne a mo garumela ka bogale gape. Antonia o ne a dira eng? A re: “Go ne go le thata. Ke ne ke sa dira sepe se se phoso.” Le fa go ntse jalo, Antonia o ne a kopa maitshwarelo gape mme a bolelela mosadi yoo gore o tlhaloganya maemo a a thata a a lebaneng le one.

Fa o ne o le Antonia, o ne o tla dira eng? A o ne o tla leka go nna bonolo? A go ne go tla nna thata gore o se ka wa galefa? Ke boammaaruri gore go ka se nne motlhofo go nna o ritibetse fa o le mo maemong a a tshwanang le a Antonia a neng a le mo go one. Fa re lebane le kgatelelo kgotsa re rumolwa, go ka nna thata gore re nne bonolo.

Le fa go ntse jalo, Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba nne bonolo. Tota e bile, Baebele ya re motho yo o bonolo o botlhale. Jakobe o ne a re: “Ke mang yo o botlhale le yo o tlhaloganyang mo go lona? A a bontshe ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo ditiro tsa gagwe ka bori jo e leng jwa botlhale.” (Jak. 3:13) Ke eng fa re ka re motho yo o bonolo o na le botlhale jo bo tswang kwa Modimong? Mme ke eng se se ka re thusang go nna le nonofo eno?

MELEMO YA GO NNA BONOLO

Go nna bonolo go ka fokotsa bogale. “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.”—Dia. 15:1.

Go araba ka bogale go ka dira gore dilo di nne maswe le go feta ka gonne go tshwana le go tshela mafura mo molelong. (Dia. 26:21) Go farologana le seo, go araba ka bonolo go ka fokotsa bogale. Go ka nna ga bo ga dira gore motho yo o bogale a wele makgwafo.

Antonia o ne a iponela boammaaruri jwa seo. Tsela e Antonia a neng a araba mosadi yo o neng a mo omanya ka yone, e ne ya dira gore mosadi yoo a thubege ka selelo. O ne a tlhalosetsa Antonia gore o ne a faraferwe ke mathata. E re ka Antonia a ile a nna bonolo, o ne a kgona go rerela mosadi yoo mme a simolola go ithuta Baebele le ene.

Go nna bonolo go ka dira gore re itumele. “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.”—Math. 5:5.

Ke eng fa batho ba ba bonolo ba itumetse? Go nna bonolo go ile ga thusa batho ba ba kileng ba bo ba le bogale gore ba itumele. Botshelo jwa bone bo tokafetse, mme ba a itse gore ba na le isagwe e e itumedisang. (Bakol. 3:12) Molebedi mongwe wa potologo wa kwa Spain e bong Adolfo, o sa ntse a gopola gore o ne a tshela jang pele a ithuta boammaaruri.

Adolfo a re: “Botshelo jwa me bo ne bo tlhakatlhakane. Ke ne ke nna fela ke galefile, mme seo se ne sa dira gore ditsala tsa me di simolole go ntshaba ka ntlha ya go bo ke ne ke le bosilo e bile ke le rrantwadumela. Kgabagare, dilo di ne tsa fetoga. Nako nngwe fa ke ne ke lwa ntwa e e matlhomahibidu, ke ne ka falola loso ka letshoba la nnale morago ga go tlhabiwa ka thipa makgetlo a le marataro.”

Gone jaanong Adolfo o tlhomela ba bangwe sekao sa go nna bonolo ka se a se buang le se a se dirang. Batho ba le bantsi ba rata tsela e a leng botsalano ka yone. Adolfo a re o itumelela gore o kgonne go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe. Mme o lebogela gore Jehofa o mo thusitse gore a nne bonolo.

Go nna bonolo go dira gore Jehofa a itumele. “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—Dia. 27:11.

Diabolo o kgoba Jehofa. Modimo o na le mabaka a a utlwalang a go galefa ka ntlha ya seno, le fa go ntse jalo Baebele ya re Jehofa “o bonya go galefa.” (Ekes. 34:6) Fa re leka go etsa Modimo ka go nna bonya go galefa le go nna bonolo, re tla bo re itshupa gore re botlhale, mme seo se tla dira gore Jehofa a itumele fela thata.—Baef. 5:1.

Lefatshe leno le shenne meno. Re ka nna ra kopana le batho ba e leng “baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, . . . ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang.” (2 Tim. 3:2, 3) Le fa go ntse jalo, seno ga se a tshwanela go dira gore Mokeresete a se ka a nna bonolo. Lefoko la Modimo le re gopotsa gore “botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo na le kagiso, bo tekatekano.” (Jak. 3:17) Fa re dirisana ka kagiso le ba bangwe e bile re le tekatekano, re tla bo re bontsha gore re botlhale. Seno se tla re thusa gore re se ka ra galefa fa re rumolwa e bile se tla re thusa gore re atamalane le Jehofa, yo e leng Motswedi wa botlhale.

Kafa o ka Nnang Bonolo ka Gone

Fa mongwe a sa go tshware sentle, ke eng se se ka go thusang gore o nne o ritibetse le go dira dilo ka tsela e e tla itumedisang Jehofa? Go tlhatlhanya ka melaometheo eno go ka go thusa.

  1. 1 TILA “MOYA WA LEFATSHE.”—1 Bakor. 2:12.

    Batho ba le bantsi ba akanya gore motho yo o bonolo o bokoa. Ba tlhalosa gore motho yo o nonofileng o tshwanetse go bontsha gore o na le taolo e bile o dikgoka. Go leba dilo ka tsela eo go bontsha gore motho ga a na botlhale jo bo tswang kwa Modimong, go na le moo, o na le moya wa lefatshe. Tota e bile, Baebele ya re motho yo o bonolo o nonofile. “Molaodi o kgonwa ka bopelotelele, mme loleme lo lo bonolo lo ka roba lerapo.”—Dia. 25:15.

    Dipotso tse o ka akanyang ka tsone:

    A ke leba motho yo o bonolo a nonofile kgotsa a le bokoa?

    A ke leka ka natla go tila “ditiro tsa nama” tse di jaaka dikgogakgogano le go phatloga ka bogale?—Bagal. 5:19, 20.

  2. 2 IPHE NAKO YA GO TLHATLHANYA.

    Baebele ya re: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe, mme go tswa dilo tse di bosula mo molomong wa baikepi.” (Dia. 15:28) Fa re bua re sa ntse re galefile, re ka nna ra bua dilo tse re tla di ikwatlhaelang. Le fa go ntse jalo, fa re akanya pele ga re bua, re tla kgona go akanyetsa maemo sentle, go araba ka bonolo le go thusa motho yo re buang le ene gore a wele makgwafo.

    Dipotso tse o ka akanyang ka tsone:

    Go galefa ka bonako go tlile go nkama jang?

    A nka kgona go itlhokomolosa se se diragetseng gore go nne le kagiso?—Dia. 19:11.

  3. 3 RAPELA KA METLHA.

    Rapelela moya o o boitshepo, e leng maatla a magolo go gaisa mo lobopong. (Luke 11:13) Gopola gore dinonofo tse moya o o boitshepo wa Modimo o di tlhagisang di akaretsa bonolo le boikgapo. Adolfo a re: “Go rapela ka metlha go nthusitse tota, segolobogolo ka dinako tse di thata.” Fa re ‘nnela ruri mo thapelong,’ Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona ka go re naya moya o o boitshepo.—Bar. 12:12.

    Dipotso tse o ka akanyang ka tsone:

    A ke kopa Jehofa ka metlha gore a tlhatlhobe pelo ya me le maikaelelo a me?

    A ke kopa gore a nneye moya o o boitshepo le botlhale jwa gore ke dire dilo tse di tla mo itumedisang?—Pes. 139:23, 24; Jak. 1:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela