LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w17 January ts. 32
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molelo! O Tshwanetse go Dirisa Setimamolelo Sefe?
    Tsogang!—2001
  • Bosupi jo Bogolo Jwa Lorato Lwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tumelo ya Gagwe e a Lekwa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Modimo o Leka Tumelo ya ga Aborahame
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
w17 January ts. 32

A o Ne o Itse?

Mo metlheng ya bogologolo, batho ba ne ba tsamaya ka molelo jang?

PEGO ya Baebele e e mo go Genesise 22:6, e tlhalosa gore fa Aborahame a ne a ipaakanyetsa go ya go ntsha setlhabelo kwa lefelong le le kgakala, o ne “a tsaya dikgong tsa tshupelo e e fisiwang a bo a di baya mo go Isake morwawe mme a tsaya molelo mo diatleng tsa gagwe le thipa e go tlhajwang ka yone, mme boobabedi ba tsamaya mmogo.”

Dikwalo ga di tlhalose gore mo metlheng ya bogologolo molelo o ne o gotsiwa jang. Fa mokwadi mongwe a bua ka pego eno ya Genesise o ne a tlhalosa gore “go ne go ka se nne motlhofo gore molelo o tswelele o tuka mo loetong lo loleele” lo Aborahame le Isake ba neng ba lo tsaya. Ka jalo, go ka nna ga direga gore se go neng go buiwa ka sone e ne e le dilwana tse di dirisiwang go gotsa molelo.

Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba tlhalosa gore go ne go se motlhofo go gotsa molelo mo metlheng ya bogologolo. Batho ba ne ba bona go le motlhofo gore ba kope magala a a tukang mo baagelaning ba bone go na le go simolola molelo ka bobone. Baithuti bangwe ba le mmalwa ba dumela gore Aborahame o ne a tshwere sejana, se gongwe e ka tswang e ne e le pitsa e e lepeleditsweng ka keetane, e e neng e na le magala a molelo wa bosigo jo bo fetileng. (Isa. 30:14) Magala ao a a nang le kgabonyana a a neng a tsewa ka tsela eo fa motho a tsaya loeto, a ne a ka dirisiwa motlhofo le dikgonnyana tse di tshesane tse di omileng gore motho a kgone go gotsa molelo ka nako epe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela