LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp18 no. 1 ts. 12-13
  • 3 E re Thusa go Itshokela Mathata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 3 E re Thusa go Itshokela Mathata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOLWETSE JO BO SA FOLENG
  • KHUTSAFALO
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Rapela Go ka Go Thusa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Thapelo—Kafa E ka Go Thusang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Kafa Bangwe ba Boneng Dikarabo ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
wp18 no. 1 ts. 12-13
Mosadi a hutsafetse kwa mabitleng; mosadi a le mo setulong sa maotwana a reeditse molaetsa wa Baebele

3 E re Thusa go Itshokela Mathata

Go na le mathata a re sa kgoneng go a tila kgotsa a re sa kgoneng go dira sepe ka one gone jaanong. Ka sekai, fa o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang kgotsa o tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng, o tlhoka go batla ditsela tsa go itshokela mathata ao. A Baebele e ka kgona go go thusa?

BOLWETSE JO BO SA FOLENG

Rose a re: “Ke tshwerwe ke bolwetse jo bo dirang gore ke tlhole ke le mo ditlhabing ka dinako tsotlhe. Botshelo jwa me bo fetogile fela thata.” O ne a tshwenngwa thata ke kgang ya gore ka dinako dingwe o ne a sa kgone go tlhoma mogopolo fa a ithuta Baebele kgotsa a dira tiro ya Modimo. Mme o ne a kgothadiwa ke mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mathaio 19:26 e e reng: “Mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.” Rose o ne a ithuta gore go na le ditsela tse di farologaneng tsa go ithuta Baebele. E re ka go ne go le thata go bala ka dinako dingwe, o ile a simolola go reetsa Baebele kgotsa dikgatiso tsa Baebele tse di rekotilweng.a A re: “Fa ke ne ke sa dira jalo, ga ke itse gore nkabo ke kgonne jang go nna ke atamalane le Modimo.”

Fa Rose a kgobegile marapo ka gonne a sa tlhole a kgona go dira dilo tse a kileng a di dira, o kgothadiwa ke mafoko a a mo go 2 Bakorintha 8:12 e e reng: “Fa go iketleetsa go le teng, go amogelesega segolobogolo go ya ka se motho o nang le sone, e seng go ya ka se motho a se nang sone.” Mafoko ano a ile a mo gopotsa gore Modimo o itumelela tiro ya gagwe ka gonne a dira se a se kgonang.

KHUTSAFALO

Delphine a re: “Fa ngwanake wa dingwaga tse 18 a sena go tlhokafala, ke ne ke utlwile botlhoko thata mo ke neng ke ikutlwa e kete nka swa. Ke ne ke akanya gore botshelo jwa me bo ka se siame.” O ile a kgothadiwa ke mafoko a a mo go Pesalema 94:19 e mo go yone mopesalema a neng a bua jaana ka Modimo: “Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.” A re: “Ke ile ka kopa Jehofa gore a nthuse go dira dilo tse di ka fokotsang kutlobotlhoko e ke neng ke le mo go yone.”

O ile a fetsa e ntsi a dira tiro e e mo itumedisang. Fa nako e ntse e ya, o ne a re o tshwana le pensele ya go khalara, le fa e robegile, o sa ntse o kgona go e dirisa. Ka tsela e e tshwanang, le fa a ne a utlwile botlhoko, o ne a sa ntse a kgona go thusa batho ba bangwe. A re: “Ke lemogile gore go dirisa melaometheo ya Baebele go kgothatsa batho ba ke ithutang Baebele le bone, ke yone tsela e Jehofa a nkgomotsang le go nkgothatsa ka yone.” O ne a kwala maina a batho ba mo Baebeleng ba ba ileng ba diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko. A re: “Ke ile ka lemoga selo se se tshwanang ka bone, botlhe ba ne ba rapela Modimo.” Gape o lemogile gore, “go bala Baebele go re thusa gore re kgone go itshoka.”

Delphine o ithutile gore ga a tshwanela go akanya thata ka dilo tse di fetileng. O ile a gomodiwa ke tsholofetso e e mo go Ditiro 24:15 e e reng: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” Delphine o tlhomamisegile go le kana kang gore Jehofa o tla tsosa morwadie? A re: “Ke a itse gore ke tlile go kopana le ngwanake gape. Jehofa o beile nako e a tlileng go mo tsosa ka yone. Re tlile go nna mmogo mo tshingwaneng ya rona e bile ke tlile go mo rata fela jaaka ke ne ke mo rata ka letsatsi le a tshotsweng ka lone.”

a Website ya jw.org e na le dikgatiso tse dintsi tse di rekotilweng.

Baebele e kgona go go gomotsa fa o utlwile botlhoko thata

MODIMO A KA RE THUSA JANG?

Baebele e araba potso eno. Ya re: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. E bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka.” (Pesalema 145:18, 19) Ruri mafoko ano a a kgothatsa! Modimo o tla araba jang dithapelo tsa batho ba ba kopang thuso mo go ene?

KA GO BA NAYA MAATLA:

Mathata a ka dira gore re kgobege marapo le go felelwa ke maatla. (Diane 24:10) Mme Jehofa “o naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng.” (Isaia 40:29) Moaposetoloi Paulo yo o ileng a lebana le diteko tse di botlhoko o ne a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Modimo o ne a naya Paulo maatla a dirisa moya o o boitshepo. Le wena o ka kopa Modimo gore a go neye moya o o boitshepo.—Luke 11:13.

KA GO BA NAYA BOTLHALE:

O tshwanetse go dirang fa o batla go tlhaloganya molaomotheo mongwe wa Baebele le go o dirisa? Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jakobe 1:5) Fa o sena go rapela, o tshwanetse go bala Baebele o bo o dirisa dilo tse o di ithutang. (Jakobe 1:23-25) Fa o dira jalo, o tla lemoga gore kgakololo ya Baebele e a dira.

KA GO BA NAYA KAGISO:

Le fa o ka tshwenyega thata jang, Jehofa o kgona go go thusa gore o ritibale maikutlo. Baebele ya re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Kopa Jehofa gore a go thuse gore o se ka wa tshwenyega thata.

O tshwanetse go dirang fa mathata a gago a sa fele? O se ka wa akanya gore Modimo o go lebetse. Le fa mathata a gago a sa fele, Modimo o kgona go go naya maatla a gore o itshoke. (1 Bakorintha 10:13) Baebele e re solofetsa gore go tlile go nna le nako e ka yone mathata e tla nnang selo sa maloba.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela