LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/90 ts. 3-4
  • Nna Botlhale—O Dirise Dilo Tseo O Di Ithutang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Botlhale—O Dirise Dilo Tseo O Di Ithutang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO O TSHWANETSENG GO SE DIRISA
  • BAO BA TSHWANETSENG GO THUSIWA
  • Go Roba Go ya Ka Selekanyo sa Boiteko Joo re bo Dirang ka Namana
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Botlhale Jwa Boammaaruri bo Goela Kwa Godimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • ‘Lo se Ka Lwa Lapa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • O ka Kgona go Itumela ka Tsela ya Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 4/90 ts. 3-4

Nna Botlhale—O Dirise Dilo Tseo O Di Ithutang

1 Mokgele wa batho ba le bantsi ke gore ba tshele botshelo jo bo itumetseng, jo bo nang le kagiso. Diketekete tsa dibuka le ditlhogo tse di rileng di neela kgakololo malebana le ka moo o ka nnang le lenyalo le le atlegileng ka teng, ka moo o ka godisang bana ka teng, ka moo o ka atlegang ka teng ka tsa madi, ka moo o ka nnang le pholo e e molemo ka teng le go e boloka, mmogo le dikgang tse dingwe tse dintsi tseo di amanang le go thusa batho gore ba bone boitumelo. Le mororo botlhale bo se kae jo bo mosola go ka dirisiwa bo ka nna jwa fitlhelwa mo dikgatisong tsa lefatshe, batho ba le bantsi mo lefatsheng ga ba na boitumelo le kagiso. Ke eng fa go ntse jalo?

2 Karabo e ka bonwa mo Bibeleng mo go Diane 1:7, eo e bolelang jaana: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea kicō: me masilo a nyatsa botlhale le thutō.” Motho a ka se lebelele gore a nne le kagiso le boitumelo fa a sa lemoge Motswedi wa kitso ya boammaaruri le botlhale, e leng Jehofa Modimo, le go o tlotla.

3 Lefatshe le humanegile semoyeng—le bolailwe ke tlala. Se se gakgamatsang ke gore maemo ano a a hutsafatsang a dilo ke ao a ipakelwang, ka gonne go na le letlotlo la dijo tsa semoya go ralala lefatshe, mme le bonwa mahala kwantle ga theko. (Dia. 1:20, 21; Tshen. 22:17) E re ka batho ba ba mo lefatsheng ba gana botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa, ba tswelela pele ba kailakaila mo lefifing la semoya. (Dia. 1:22-32) Kafa letlhakoreng le lengwe, jaaka batho ba ga Jehofa, bao ba tlotlang melao ya gagwe le go latela ditaolo tsa gagwe, re otliwa sentle semoyeng e bile re na le boitumelo. (Isa. 65:13, 14) Mo godimo ga moo, lorato loo lo leng motlele mo phuthegong ya Modimo lo re tlhaola jaaka barutwa ba boammaaruri ba ga Keresete. (Yoh. 13:35) Ee, bokaulengwe jwa lefatshe ka bophara jwa Basupi ba ga Jehofa bo neela bosupi jo bo bonalang jwa gore go ngaparela dithuto tsa Bibela ke tsela e e botlhale eo e ka latelwang.

4 Le fa go le jalo, bangwe bao ba kopanelang le phuthego ya ga Jehofa ba ka nna ba bo ba se na boitumelo joo ba neng ba tshwanetse ba bo ba na le jone. Ba ka nna ba bo ba ama le e leng boitumelo jwa ba bangwe bao ba ba dikologileng ka tsela eo e sa jeseng di welang, ba bo ama ka dilo tseo ba di buang le tseo ba di dirang. Seno se ka nna jang jalo? Ke fela ka go bo ba sa dirise botlhale jwa Modimo mo matshelong a bone. Ba ka nna ba bo ba nna teng kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tsa potologo, le kwa dikopanong tsa kgaolo. Ba ka nna ba bo ba itse tshedimosetso ya bosheng eo dikgatiso tsa Mokgatlho di e bolelang, mme le fa go ntse jalo tsela eo ba tshelang ka yone le tsela eo ba dirisanang le ba bangwe ka yone, go akaretsa le Bakeresete ka bone, e sa bontshe gore ba dirisa boammaaruri jo ba bo ithutileng. Ke eng seo ba tlhokang go se dira? Batho ba ba ntseng jalo ba tshwanelwa ke gore ba tlhome megopolo mo go ‘jaleleng Moya’ gore ba ke ba itlisetse boitumelo jwa boammaaruri mo matshelong a bone ka namana le go tlatseletsa mo boitumelong jwa bao ba ba dikologileng.—Bagal. 6:7, 8.

SEO O TSHWANETSENG GO SE DIRISA

5 Fa rona ka borona re ngodiega, re tlogela go itisa, mme re ineela mo go Satane, mo lefatsheng kana mo nameng ya rona e e sa itekanelang, re tla latlhegelwa ke boipelo jwa go nna le botsalano jo bo atamalaneng le Jehofa. Jaanong, go feta le fa e le leng pele, go botlhokwa gore re nne kelotlhoko go ka dirisa dilo tseo re di ithutang kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego le kwa dikopanong mmogo le mo dilong tse dingwe tseo phuthego e re tlamelang ka tsone. Lefatshe leo re tshelang mo go lone ke lefelo le le kotsi leo le ntseng le fetoga gangwe le gape. Re tshwanetse go nna re iketleeleditse go dirisa kgakololo eo Jehofa a re e neelang ka lorato ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” re e leba jaaka dijo tsa ka dipaka tseo e leng tsone.—Math. 24:45-47.

6 Mo thulaganyong ya jaanong ya letsatsi la kopano ya rona e e kgethegileng, go neelwa tshedimosetso e ntsi e e molemo ya ka moo re ka emang re tiile jaaka letsomane le le lengwe fela ka gone. Go neelwa dikakantsho tse di mosola go ka dirisiwa tse di malebana le ka moo re ka lwantshang ditlhotlheletso tse di koafatsang, tse di ntseng jaaka maemo a a kgobang marapo, moya wa lefatshe wa boitaolo, le dilo tse di senyang nako tsa dikgatlhego. A re dirisa kgakololo e e molemo ya gore re ikanye Jehofa le ditsela tsa gagwe ka botlalo, ya gore re lemoge taolo ya bolegodimo le go ineela mo go yone, ya gore re nne boikokobetso le go nna boingotlo, le ya gore re sole lobaka molemo ka ntlha ya dilo tsa bolegodimo tse re batlang go di fitlhelela? (Mika 6:8; Baef. 5:15,16; Baheb. 6:10; 13:17) A maloko a lelapa a a thusana go dira gore a tshele go ya ka tsela ya Bokeresete? Mofuta wa boitlosobodutu o re o tlhophang, mekgwa ya rona, le dilo tseo re di dirang letsatsi le letsatsi di tshwanetse go tlhotlhelediwa ke kgakololo eo re e amogelang go tswa mo Dikwalong. Fa re sa leke bojotlhe gore re dirise dilo tseo re di ithutileng, re tla nna le kgatelopele e potlana ya semoya kana ga re kitla re nna le kgatelopele, mme kagiso ya rona ya mogopolo le boitumelo jwa rona bo tla amiwa ka tsela e e sa jeseng di welang ke seno.—Bafil. 4:7-9; Yak. 1:22-25.

7 Go tlhokafala gore re iteke thata gore re ithute ka namana le gore re nne le thuto ya lelapa. Watch Tower Publications Index e ka re kaela mo tshedimosetsong e e nang le dintlha ka botlalo ya kafa re ka dirisang melaometheo ya Bibela ka gone. Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang ke thuso e e molemo thata eo batsadi ba ka e dirisang go thusa bana ba bone gore ba lebane le lefatshe leno la gompieno le le raraaneng la bosatane. Fa re tlhatlhoba dintlha tse di ntseng jalo, re tla bona tsela eo Jehofa a lebang dilo ka yone mme re ka kaelwa ke melaometheo ya tshiamo. Fa re sa dire seno go tla bo go tshwana fela le fa re ne re na le molemo wa bolwetsi bongwe mme le ka motlha re se ke re o nwa, le mororo re itse gore o tla kokobetsa bolwetsi jo bo re tshwereng. Go ithuta ka metlha ka namana le jaaka lelapa go tla dira gore tumelo ya rona e gole le go re naya nonofo ya gore re itshoke. Ka nako ya teko, tumelo ya rona ga e kitla e swaba, e dira gore re we.—Math. 13:6; Luke 8:13; Baheb. 2:1.

8 Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse go tlhoma sekao mo go laoleng malapa a bone. Seno se tla akaretsa go thusa basadi ba bone le bana ba bone gore ba dirise dilo tseo ba di ithutang mo Lefokong la Modimo le mo phuthegong ya gagwe gore ba tle ba nne ba nonofile semoyeng. Ka tsela eno, lelapa lotlhe le ka nna sekao mo go tsheleng ka tsela ya Bokeresete le go kgothatsa ba bangwe bao ba leng mo teng ga phuthego le ka kwa ntle ga yone.—Baef. 6:4; 1 Tim. 3:4, 12, 13.

BAO BA TSHWANETSENG GO THUSIWA

9 Mo gare ga bao ba nnang teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga go na le ba le bantsi bao ba tlhokang go kgothadiwa go ya pele gore ba dirise seo ba se ithutang ba bo ba kopanele ka tlhagafalo le phuthego. Re ka bontsha kafa re akanyetsang bao re ithutang Bibela nabo ka tsela e e lorato ka gone ka go ba ruta ka moo ba ka dirisang melaometheo ya Bibela mo matshelong a bone ka gone le ka moo ba ka diragatsang melao ya Modimo ya tshiamo ka teng. Re tshwanetse go bontsha kamego mo go bao ba dirang kgatelopele ya go tloga e nna bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo tumelong.

10 Bape bao ba sa tlholeng ba tswa ka metlha kana bao ba tsidifetseng ba tshwanetse go thusiwa go bona kafa go tlhokafalang ka gone gore ba nne le seabe ka metlha mo go direng le phuthego. Ba tshwanetse go boa ba nna le kagiso le boitumelo tseo ba neng ba na le tsone mo nakong e e fetileng fa ba direla Jehofa ka botlalo. (Yoh. 13:17) Ka go ba thusa ka bopelonomi gore ba tsosolose kanaanelo ya bone mo boammaaruring le go ‘nna ba isetsa Modimo tshupelo ya pako,’ ba tla kgona go dirisa dilo tseo ba di ithutang le go nna ba ntse ba le mo tseleng e e isang botshelong.—Baheb. 13:15; bona Tirelo ya Rona ya Bogosi, September 1979, tsebe 3, le April 1977, tsebe 1.

11 Batho botlhe ba Modimo ba tshwanetse go lepalepana le phuthego ya ga Jehofa eo e tsamayang ka lebelo. Re ka se ka ra iteseletsa gore re gogelwe mo go nneng ba ba sa kgathaleng. Re tshwanetse gore ka metlha re boloke bomoya jwa rona, re tsamaisana le tshedimosetso ya bosheng eo e neelwang ka phuthego ya Modimo mme re e dirise ka bonako. Seno se tlhoka gore re iteke ka tlhoafalo mme ka dinako tse dingwe le go intsha setlhabelo. Mme le fa go ntse jalo, Jehofa ga a re lope sepe seo re sa kgoneng go se dira. Ke Mmopi wa rona, mme o itse seo se leng molemolemo mo go rona. Ka jalo a re itshupeng re le botlhale ka go tswelela pele re rutiwa ke Jehofa le go dirisa dilo tseo re di ithutang. Seno se tla mo tlisetsa pako mme se tla felela ka gore re solegelwe molemo ka bosakhutleng.—Isa. 48: 17; 54:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela