Nna o Ntshitse Matlho Gore O ke O Simolole Dithuto Tsa Bibela
1 Go simolola dithuto tsa Bibela tsa magae mmogo le go di tshwara ke bontlhanngwe jwa thomo ya rona jaaka Basupi ba ga Jehofa. (Math. 28:19, 20) Ka gone, a o tla nna mongwe wa badirimmogo le Modimo mo go direng seno? (1 Bakor. 3:9) Abo ke tshiamelo jang ne go thusa ba bangwe gore ba itse Motho yoo eleng yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong!
2 Ereka go na le mathata a le mantsi jaana ao a amanang le ditiragalo tsa lefatshe tseo di fetogang ka bonako, batho ba le bantsi ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang ba batla dikarabo tse di leng malebana le gore ke ka ntlhayang fa dilo tseno di diragala. Bogologolo tala Jehofa o ne a neela dikarabo tsa dipotso tseno tsa bone. Fa batho ba ba peloephepa ba rutwa ka Lefoko la Modimo, ba a gomotsega. Ka gone, re tshwanetse ra nna re ntshitse matlho gore re ke re bone ditshono tsa go ka simolola dithuto tsa Bibela.—Dia. 3:27.
NNA O NTSHEDITSE DITSHONO MATLHO
3 A o ile wa akanya ka go ka simolola thuto ya Bibela le mongwe yoo lo atamalaneng thata nae ka losika kana le mongwe yoo o mo tlwaetseng yoo a seng mo boammaaruring? Go ba itse go tla go dira gore o nne mo boemong jo bo molemo jwa go ka dirisa temogo malebana le gore ke nako efe eo eleng e e tshwanetseng ya go ka tlotla ka kgang eo le bone. Gakologelwa gore potso nngwe e e tlhophilweng sentle kana lefoko leo le tlileng ka nako e e tshwanetseng le ka nna la dira gore ba nne le kgatlhego mo boammaaruring. Fa kgatlhego ya motho yoo e sena go tsosiwa, gantsi go latela metlotlo e e nang le maungo, mme go ka nna ga simololwa thuto ya Bibela.
4 Mo makgetlong a le mantsi boitshwaro jo bo molemo jwa molekane wa Mokeresete bo ile jwa thusa go ka bula tsela ya gore motho yo o sa dumelang a tsene mo boammaaruring. (1 Pet. 3:1, 2) Balekane ba ba sa dumelang mmogo le maloko a mangwe a lelapa ka kakaretso ba a itumela fa maloko a phuthego a ba itse mmogo le go ba tlotla. Fa o ba bontsha kgatlhego ka namana seo se ka thusa thata mo go ageng dikamano tse di botsalano. Fa o bereka mmogo le molekane kana le leloko lengwe la lelapa yoo a leng mo boammaaruring, o ka nna wa kgona go simolola thuto ya Bibela.
5 Ka nako ya fa re nna le seabe mo tirong ya ka ntlo le ntlo, re ka nna ra leka go simolola thuto ya Bibela mo loetong lwa ntlha. Seno se ka dirwa jang? Baboledi bangwe ba ile ba nna le katlego mo go direng seno fa mong wa ntlo a botsa dipotso tseo di ka arabiwang ka tlhamalalo go tswa mo kgatisong. Fa motho a dumela gore o tla bala buka eo kana a re laletsa gore re tsene, re ka nna ra dirisetsa sebaka seo go tsweletsa motlotlo pele mme gongwe ra bo ra mmontsha kafa re ithutang ka gone. Dirisa tlhaloganyo ya gago malebana le gore o tshwanetse wa nna nako e telele go le kana kang mo loetong loo lwa ntlha. Go ka nna ga nna botlhokwa gore o boele mo ureng ya morago ga moo kana mo letlheng le lengwe morago ga moo go tsweletsa motlotlo oo pele. Mo maetong a morago ga leo, o ka nna wa rata go tswela pele o tlotla ka seo o neng wa tlotla ka sone mo loetong lwa ntlha. Kana o ka nna wa tlotla ka potso eo e ileng ya bodiwa fa lo ne lo konela loeto lwa nako e e fetileng.
DITSHONO TSA BOSUPI JO ESENG JWA KA TLWAELO
6 Bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo e ka nna karolo e nngwe e e ntshang maungo mo maitekong a rona a go simolola dithuto tsa magae tsa Bibela. Mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi, re rakana le batho ba le bantsi bao ba ka nnang ba rata go ithuta. Go re thusa gore re nne le katlego, re ka nna ra dirisa dingwe tsa ditsenyeletso tseo di lekilweng tse di tswang mo bukeng ya Go Fetolana go simolola metlotlo. Mme o seka wa tshaba go ithaopela go tshwara thuto ya Bibela mo lekgetlong leo la ntlha ka ntlha ya gore motho yoo o nna gongwe go sele mme re ka nna ra seka ra nna le sebaka sa go tshwara thuto eo ka borona.
7 Nna o ntsheditse ditshono tsa go ka neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo matlho, mme ipaakanyetse ka go tsamaya o tshotse palo e e lekaneng ya dipampitshana mmogo le dimakasine tseo di tla godisang kgatlhego ya motho yo o re reeditseng yoo mo boammaaruring. (Mor. 11:1) Fa motho a bontsha kgatlhego mo boammaaruring mme a sa nne mo tshimong ya phuthego ya lona, kopa aterese ya gagwe mmogo le tshedimosetso e nngwe e e tlhokafalang mme o bo o e fetisetsa go phuthego ya koo a nnang teng e le gore go ke go nne le mongwe yo o ka mo tlhokomelang ka tshwanelo.
8 Tiro ya go dira barutwa ga se ya ba le mokawanyana fela. Ke ya botlhe bao ba leng mo phuthegong. Fa re nna re gakologelwa gore gore re nne ba ba dirang barutwa ke thomo ya Bokeresete seo se tla re kgothaletsa gore re ntshe matlho gore re ke re simolole dithuto tsa Bibela.