Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone
1 Bomorwa Kora ba ne ba kwala jaana ka Jehofa: “Gonne Modimo ōna, ke Modimo oa rona ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae: ōna o tla nna moshupatsela oa rona le go ea hèla mo loshuñ.” (Pes. 48:14) Banna bao ba ba ikanyegang ba ne ba ikanya Jehofa ba sa belaele, ba tshela matshelo a bone otlhe tumalanong le ditaelo tsa Modimo. Abo ba re tlhometse dikao tse di molemo jang ne! Bao ba kaelwang ke Jehofa gompieno ba bona tapologo le tshedimosetso. (Isa. 58:11) Ba tila seo se tlileng go diragalela bao ba latelang “bagogi ba ba hohuhetseñ” ba tsamaiso eno e e boikepo, bao ba kaelang balatedi ba bone mo “kgatampiñ” ya kutlobotlhoko le tlhakatlhakano.—Math. 15:14.
2 Kaelo ya Modimo e botlhokwa segolobogolo gompieno jaaka fa lefatshe le le re dikologileng le nnela go tlhakana tlhogo le go feta ebile le nna kotsi. Batho ba le bantsi ba tlhakane ditlhogo ebile ba eletsa go bona dikarabo tse di ba kgotsofatsang. Ka jalo, abo go tshwanela jang ne, gore re ba kgothatse gore ba bale buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone! Buka eno e neela kaelo ya Modimo ka go tlhalosa ditiragalo tse di reketlisang lefatshe tsa motlha wa rona jaaka fa di bontshiwa ke dipolelelo pele tsa Tshenolō. Tshedimosetso ya go tshwana le eno e a lapolosa ebile e neela kaelo e e utlwalang malebana le ka moo batho gompieno ba ka tshelang botshelo jo bo itumedisang Modimo ka gone.
GO NEELA BUKA YA TSHENOLŌ—KONELO YA YONE
3 Karolo e e kgatlhisang thata ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone ke ditshwantsho tsa yone, tseo eleng didirisiwa tse dikgolo tse di thusang go ruta. Dirisa ditshwantsho tseno ka tsela e e molemo fa o neela buka eno mo tirelong ya tshimo. Ka sekai, mo go tsebe 302 go na le setshwantsho se se kgatlhisang thata sa masego a Bogosi. Seno ke seo motshwantshi a neng a se akanya ka seo go buiwang ka sone mo go 2 Petere 3:13 le Tshenolō 21:4, dikwalo tse pedi tseno di gone mo Setlhogong sa rona sa Motlotlo.
4 Morago ga gore re ikitsise, re ka nna ra simolola motlotlo jaana: “Re go etetse gore re tle go tlotla ka seo se kaiwang ke se se diragalang go re dikologa mo lefatsheng gompieno. Baeteledipele bangwe ba lefatshe ba akanya gore re tloga re nna mo motlheng o mosha wa kagiso. A o akanya gore go ka tswa go ntse jalo? [Letla mong wa ntlo gore a arabe.] Lemororo dipuso di ka nna tsa tswa di bonala di rarabolola mathata mangwe a dipolotiki, tsela eo batho ba ikutlwang ka yone mo go ba bangwe le tirisadikgoka e e diregang gantsi e lebega e le kgatlhanong le maiteko ao motho a a dirang go lere kagiso. Lefa go ntse jalo, mo go 2 Petere 3:13 Bibela e re tlhomamisetsa ka mokgatlho o mosha wa mo lefatsheng o o tlileng go nna gone kafa tlase ga puso ya selegodimo. [Bala lekwalo leno mme o bo o bula buka eno mo go tsebe 302.] Fano motshwantshi o ne a bontsha seo lekwalo leno le buang ka sone. Ke eng seo se ikuelang mo go wena mo setshwantshong seno? [Mo letle gore a arabe.] Malebana le maemo ao a tla bong a le gone mo lefatsheng, Bibela gape e bolela jaana mo go Tshenolō 21:4 [bala lekwalo leno go tswa mo go tsebe 303, serapa 6]. Lefa e le lone loso ga le kitla le senya kagiso eo Modimo o tla e tlhomang.” O ka nna wa fitlhela diketapele tse di farologaneng di tshwanela mo tshimong ya lona mo ditsebeng 9-15 tsa buka ya Go Fetolana.
5 Lemororo re batla go bontsha masego a Bogosi fa re neela mafoko a a molemo, gape re batla go thusa batho ba ba kgatlhegang gore ba lemoge ka moo molaetsa oo Jesu Keresete a o itsisetseng mo bukeng ya Tshenolō o leng botlhokwa ka gone. Ka gone, re tla rata go konela motlotlo wa rona ka go dira boikuelo jo bo potlakileng le go thusa ba ba dipelo di ikanyegang gore ba lemoge gore katlholo eo e tlileng go atlhola tsamaiso eno le batho bao ba e emeng nokeng e tloga e tla go ise go e kae.
6 Dipolelelo pele tsa Tshenolō ke motswedi o mogolo wa tapologo le boitumelo. Jehofa o laletsa batho botlhe ba dipelo tse di ikanyegang gore ba latela tsela eo a eteletseng pele ka yone mme ba solegelwe molemo. A re neeleng buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone ka tlhagafalo e le gore botlhe ba tle ba gogwe ke kaelo e e botlhale ya ga Jehofa.