LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/91 ts. 1-4
  • Dirisang Bibela mo Tirelong ya Tshimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisang Bibela mo Tirelong ya Tshimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • LEBAKA LA GO BO E LE MAATLA
  • ATLHOLA DILO KA TSELA E E MOLEMO
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Tlotla le Batho
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Kgothaletsa Bareetsi go Dirisa Baebele
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • A o Buelela Lefoko la Modimo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 5/91 ts. 1-4

Dirisang Bibela mo Tirelong ya Tshimo

1 Mafoko a a tlhotlheleditsweng a Bibela a ka ama batho ka tsela e e maatla. Ka ntlha ya moo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dirisa Dikwalo ka tsela e e molemo fa ba bolela mafoko a a molemo. Paulo o ne a ‘fetolana ka Dikwalo,’ a tlhalosa a bo a supa dintlha tsa gagwe ka go tla a lebisa go ditiragalo tse dingwe. (Dit. 17:2, 3) Apolose, fa a ne a neela Bajuda bosupi, o ne a “shupa ka dikwalō ha Yesu e le èna Keresete.”—Dit. 18:24-28.

2 Basupi ba ga Jehofa gompieno ba latela sekao seno. Jaaka fa go bontshitswe go Tora ya Tebelo ya March 1, 1986, tsebe 26: “Fa ba le mo bodiheding jwa phatlalatsa, ba batla gore batho ba lemoge gore molaetsa o ba o bolelang ga o tswe mo go bone mme o tswa mo Lefokong la Modimo ka sebele. Ka jalo ba dirisa Bibela ka tlhamalalo, tota ba e balela ba bangwe fa go kgonega.” A o dirisa Bibela ka botlalo mo bodiheding jwa gago?

LEBAKA LA GO BO E LE MAATLA

3 Ke ka ntlha yang fa Bibela e le maatla jaana? Ke ka gonne ke Lefoko la Modimo ebile “le boheho go lemoga megopolō le maikaèlèlō a pelo.” (Baheb. 4:12) Seo batho ba se ikaeletseng tota se simolola go lemotshega sentle fa ba bontshitswe boammaaruri jwa Dikwalo. Batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba gogelwa kwa go lone. Ka sekai, banyalani bangwe ba basha bao ba neng ba tswela pele ka bofefo mo go direleng Jehofa ba ne ba bodiwa gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba arabela ka bonako jaana mo mafokong a a molemo. Ba ne ba arabela ka go reng? “E ne e le Bibela.” Fa baboledi bao ba neng ba ba etetse ba ne ba ba bontsha Bibela, ba ne ba kgona go utlwa lentswe la “modisa eo o molemō.”—Yoh. 10:14; w79 9/1 dits. 18-9.

4 A ka dinako tse dingwe o ikutlwa o sa felela fa o dirisa Bibela ya gago mo tirelong ya tshimo? Thulaganyo e e molemo ya go ithuta ka namana, go akaretsa le go baakanyetsa dipokano tsotlhe tsa phuthego le go nna gone kwa go tsone, di tla go dira gore o nne o iketleeleditse go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo mme go go dire gore o nne le go itshepa go go oketsegileng. (2 Tim. 3:16, 17) Balekane bao ba dirang mmogo le maloko a lelapa ba ka nna ba nna ba boeletsa Setlhogo sa Motlotlo mmogo. Gape, bontsi jwa diketapele tse di leng go ditsebe 9-15 tsa buka ya Go Fetolana di akaretsa go bala dikwalo lo santse lo simolola motlotlo. Ke ka ntlha yang fa o sa ithute dingwe tsa tseno? Dirisa se se mosola le se se gapang kgatlhego ya batho mo tshimong ya lona.

ATLHOLA DILO KA TSELA E E MOLEMO

5 Go na le dinako tseo re tla batlang go kopa mong wa ntlo go ya go tsaya Bibela ya gagwe mme a lebelele lokwalo longwe le rona. Dirisang katlholo e e molemo mo maemong a a ntseng jalo. (Bona buka ya Go Fetolana, tsebe 311, serapa 3.) Fa go tlhokega gore re bue ka nako e khutshwane, re ka nna ra swetsa ka gore re bale temana e le nngwe fela mo Setlhogong sa rona sa Motlotlo. Kana fa e le gore mong wa ntlo o tshwaregile, re ka nna ra tsopola fela temana e e tshwanelang, re dire gore mong wa ntlo a itse gore e tswa mo Bibeleng. Jesu le baaposetoloi ba ne ba se na dikaelo tsa bone ka namana tsa Dikwalo tsa Sehebera tseo ba neng ba ka di tshwara mo go bone fa ba rera. Lefa go ntse jalo ba ne ba tsopola thata mo go tsone. Le rona re tshwanetse ra dira boiteko jwa gore re tshware dikwalo dingwe ka tlhogo e le gore re ko re di gakologelwe gore re di dirise mo bodiheding.

6 Paulo o ne a gakolola Timotheo gore a ‘bue lefoko ja boammaaruri ka tshiamo.’ (2 Tim. 2:15) Yone kgakololo eo e santse e dira le gompieno. Re batla go etsa Jesu le baaposetoloi ka go dirisa Bibela gangwe le gape mo bodiheding jwa rona jwa tshimo. E bale nako nngwe le nngwe fa go kgonega go dira jalo, mme fa go tlhokega, e tsopole fela ka tlhogo. Fa re dira seno ka tsela e e nang le botswerere seno se tla dira gore go bonale sentle gore re badihedi ba Modimo le gore molaetsa wa rona o theilwe ka mo go tsepameng mo Lefokong la gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela