LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/91 ts. 7
  • Go Dira ka Natla mo go Direng Thato ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira ka Natla mo go Direng Thato ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘A Thato ya Modimo e Diragale’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Lefoko la Modimo le Tswela Mosola mo go Ruteng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Sireletsa Segakolodi sa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 8/91 ts. 7

Go Dira ka Natla mo go Direng Thato ya Modimo

1 Tiro e e nang le bokao e e dirwang ka natla mme e na le matswela a a batlegang e kgotsofatsa go gaisa. (Mor. 3:13) Ke tiro efe e e dirwang gompieno eo e ka itumedisang thatathata gone jaanong le go tsenelela mo isagweng e e senang bokhutlo? Go na le karabo e le nngwefela fela—go dira thato ya Modimo. Mabaka a seno a tla sekasekwa ka botlalo go dirisiwa dipolelo, dipontsho, le maitemogelo mo thulaganyong ya rona ya letsatsi la kopano e e kgethegileng ya ngwaga wa tirelo wa 1992. Setlhogo sa thulaganyo se tla bo se re “Go Dira ka Natla mo go Direng Thato ya Modimo.”—Baef. 6:6; 1 Tim. 4:10.

2 Batho ba le bantsi gompieno ga ba a kgotsofala le eseng ebile ba kgobegile marapo ka ntlha ya seo botshelo bo se ba leretseng, joo karolo e kgolo ya jone e tletseng ka tiro eo ba sa e ipeleleng. Phapaanong le seo, go dira thato ya ga Jehofa re etsa Keresete go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao mme gape go dira gore re kgone go dira le eleng ditiro tsa rona tsa boitshediso ka pono e e siameng. Go dira ka natla mo go direng thato ya Modimo go akaretsa eng? Ke dilo dingwe dife tseo re tshwanetseng ra itisa kgatlhanong le tsone gore re tle re tswelele pele re tshelela thato ya Modimo? Malebana le tiro ya go rera le go ruta, go botlhokwa go le kana kang gore re latele dikaelo le dikakantsho tse di neelwang ke phuthego ya ga Jehofa? Basha bao ba tlhomang mogopolo mo go direng thato ya Modimo ba na le ditshono dife tse e leng tsa mofuta wa tsone fela?

3 Dipotso tseno di tla arabelwa ka mo go kgotsofatsang ke thulaganyo, e e akaretsang dipolelo tse pedi tseno tsa konokono “A Botshelo jwa Gago Bo Laolwa Ke Thato ya Modimo?” le “Boikaelelo jwa Rona mo Botshelong Ke go Dira Thato ya Modimo.” Rulaganya gone jaanong gore o bo o le gone mme o ipelele thulaganyo eno e e kgethegileng ka botlalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela