Go Diragatsa Boikarabelo Jwa Rona Jwa go Direla Ba Bangwe Molemo
1 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Go diha molemō le go thusanya, lo se ka loa go lebala.” (Baheb. 13:16) Maiteko a bone a gore ba thuse bakaulengwe ba bone le eleng kafa tlase ga maemo a a bokete a ne a tla nonotsha lorato lwa bone lwa go rata Modimo le lwa go ratana. (Yoh. 13:35) Le rona re kgothalediwa gore re dire molemo le go abelana le ba bangwe.
2 Go re thusa mo ntlheng eno, Jehofa o re diretse dipaakanyetso tsa gore re fepiwe sentle re bo re tlhomelele sentle ka dilo tsa semoya. Abo re na le tshedimosetso e ntsi jang ne mo tokololong nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le Tsogang! Abo re ipela jang ne fa re bala tokololo nngwe le nngwe ka bonako jo bo ka kgonegang fa re sena go e amogela! Fa re tlhatlhanya ka tshedimosetso eno ya Dikwalo, re ka ela tlhoko dintlha tseo re ka di dirisang mo bodiheding jwa tshimo mmogo le mo metlotlong ya rona le ba bangwe. Ka mo go tshwanang, re ka senka nako ya go baakanyetsa pokano nngwe le nngwe mme bogolo jang tshekatsheko ya beke le beke ya Tora ya Tebelo. Thuto ya motho ka namana ya Lefoko la Modimo e re thusa go tlhagolela “mogopolo oa Morèna” gape e dira gore re kgone go abela bao re kopanang le bone se se molemo.—1 Bakor. 2:14-16; Pes. 19:14.
3 Maikarabelo Ao go Leng Mosola go A Amogela: Botlhe bao ba simololang go rata Jehofa ba neela matshelo a bone go ene. Ka go amogela maikarabelo a a malebana le boineelo, re bontsha gore re ba ga Jehofa le gore re ikgaogantse le lefatshe la ga Satane le ditsela tsa lone tsa go rata ntwa. Ka go latela sekao se se tlogetsweng ke Keresete Jesu, re tlhomela ba bangwe sekao se se molemo. (1 Pet. 2:21) Dithulaganyo tsa kopano ya potologo tse di jaaka eo e rulaganyeditsweng ngwaga wa tirelo wa 1992, ka setlhogo sa yone se se reng “Go Sikara Morwalo wa Rona wa Boikarabelo,” di re thusa gore re tshele tumalanong le boineelo jwa rona.
4 Go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego go re fa sebaka sa gore re abelane dintlha tse di agelelang le ba bangwe. Thuto ya rona ya motho ka namana le go baakanyetsa dipokano ga rona di re neela tshedimosetso e ntsi e e molemo eo re ka e abelanang mmogo. Go bontsha go kgatlhegela ba bangwe ka namana ka tsela e e ntseng jalo go dira gore go nne le moya o o bothitho o o botsalano wa go nna lelapa. Ka go nna le seabe kwa dipokanong, re bontsha gore tota re dumalana le mafoko a ga Paulo a a kwadilweng go Bahebera 10:24, 25 le gore re dira boikarabelo jwa rona jwa go kgothatsa ba bangwe.
5 Dira Gore O Bone Maikarabelo A A Oketsegileng: Ka ngwaga wa tirelo wa 1992, a re ka dira gore re bone maikarabelo a a oketsegileng, a a jaaka tirelo ya bobulatsela jo bo thusang kana jwa ka metlha? Go na le go baya tlhokomelo ka mo go sa tlhokegeng mo diureng tse di batlegang, ke ka ntlha yang fa o sa lebise tlhokomelo mo ditshonong tse di oketsegileng tse o tla di bonang tsa go tsaya karolo mo tirong ya go phutha? (Yoh. 4:35, 36) Go bereka ka metlha le baboledi ba bangwe le babulatsela bao ba tshwanelegang go tla re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona mo bodiheding. Gape palo e e oketsegileng ya babulatsela ba ba thusang ke kgothatso e e molemo mo phuthegong. Fa go ka kgonega, ke ka ntlha yang fa o sa ikwadisetse go nna mmulatsela wa ka metlha kana wa rulaganya go nna mmulatsela yo o thusang ka metlha kana gantsi ka mo go ka kgonegang ka gone monongwaga?
6 Banna ba ba tshwanelegang ebile ba ineetse gape ba kolobeditswe bao eleng maloko a phuthego ba neelwa maikarabelo kwantle ga tiego. (1 Tim. 3:1-10, 12, 13) Botlhe ba ka bontsha gore ba iketleeletsa go direla ka dikakgelo tsa bone tse di akanyeditsweng sentle kwa dipokanong, go tsaya karolo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo, le ka go amogela dikabelo tsa go neela dipontsho kana go dira dikarolo tse dingwe tsa Pokano ya Tirelo. Le eleng bana ba ka tlhoma sekao ka ditsela tseno le ka boitshwaro jwa bone kwa Holong ya Bogosi. Ba ka tswa thuso ka go bereka le setlhopha sa bone sa thuto ya buka fa se abetswe go phepafatsa Holo ya Bogosi kana go tlhokomela dilo tse dingwe tse di tlhokwang go dirwa tse di tshwanang le tseo.—kmTN 4/76 dits. 1, 3.
7 Jesu o ne a bontsha gore o iketleeditse go amogela boikarabelo jwa go direla ba bangwe molemo ka mafoko a a reng: “Ke a rata.” (Luke 5:12, 13) Re latela sekao sa gagwe, le rona re ka kgothatsa le go thusa bakaulengwe ba rona, batho ba ba kgatlhegang, le batho ba ba dipelo di ikanyegang bao re kopanang le bone mo tirelong ya tshimo re ba thusa go kopanela ka metlha le phuthego ya ga Jehofa. Go amogela boikarabelo jwa gore re “diheñ se se molemō mo bathoñ botlhè” go tlhoka boiteko jo bo dirwang go ititeilwe sehuba gongwe le gore re itime dilo dingwe motho ka namana. (Bagal. 6:10) Mme lefa go ntse jalo fa re bona molemo o o fitlhelelwang, re ka dumalana le Paulo, yo o neng a re: “Modimo o kgatlhwa ke ditlhabèlō tse di nntseñ yalo.”—Baheb. 13:16.