Go Neela Mafoko a a Molemo—Go Simolola Dithuto ka Mokgwa Wa go Di Buelela ka Tlhamalalo
1 Jesu o re laetse gore re ‘dire barutwa.’ (Math. 28:19) Go diragatsa seno gantsi go tlhoka gore go simololwe dithuto tsa Bibela le bao ba kgatlhegang. Go simolola dithuto tsa Bibela o dirisa mokgwa wa go di buelela ka tlhamalalo mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo go ka re thusa gore re diragatse seno ka bofefo. Gape go bontsha ka phepafalo lebaka la konokono la go eta ga gago.
2 Re ka reng fa re dirisa mokgwa wa go simolola dithuto tsa Bibela ka go di buelela ka tlhamalalo? Mokgwa o o motlhofo fela thata o botoka go gaisa. Re ka nna ra re: “Ke kgatlhegela go thusa batho gore ba tlhaloganye Bibela mme ke ka itumelela go e ithuta le wena le lelapa la gago mo legaeng la lona kwantle ga tuelo epe kana go ikgolega gope. Re ka dirisa Bibela ya gago. Fa e le gore ga o na yone, nka e go tlisetsa.”
3 Mokgwa o mongwe e ka nna go re: “Maikaelelo a go eta ga me gompieno ke go go kgothaletsa gore o nne le thuto ya Bibela ya legae, eo e tla go thusang go tlhaloganya gore lefatshe leno le lebile kae le gore Modimo o re boloketse eng. Ke ka itumelela go go bontsha kafa o ka bapalang go le gontsi ka gone go tswa mo Bibeleng ya gago.” Fa mong wa ntlo a dumela, o ka dirisa pampitshana ya Lefatshe le Lesha le le Nang le Kagiso kana buka ya Tshelela Ruri, gongwe o simolola mo tsebeng 10, serapa 11. Setlhogwana seno se tlotlomatsa tsholofetso ya ga Jehofa ya go tsosolosa Paradaise.
4 Dirisa Dipampitshana tsa Bibela: Ba le bantsi ba fitlhetse dipampitshana di le mosola fa go dirisiwa mokgwa wa go buelela thuto ka tlhamalalo. Fa mong wa ntlo a bula mojako, mo fe pampitshana ya Lefatshe le Lesha le le Nang le Kagiso e phutholotswe gore a kgone go bona setshwantsho se feletse. Tshola pampitshana e nngwe mo seatleng sa gago, mme o bale kana o bue ka mafoko a gago dipotso tse di mo dirapeng tsa ntlha tse pedi. Tlhalosa dikarabo, o bo o bala temana e le nngwe kana di le pedi tse di tshegetsang seno. Go tswa foo o bo o umaka gore o itumeletse motlotlo, o bo o rulaganya go boela. Tlhalosa thulaganyo ya rona ya thuto ya legae ya Bibela ya mahala, fa go tshwanela, kana o rulaganye fela go boela go tla go tlhatlhoba ntlha e nngwe gape mo pampitshaneng.
5 Fa o rulaganyetsa go boela, go molemo go umaka sengwe seo o akanyang gore se tla kgatlha mong wa ntlo. Seno e ka nna potso. E tla dira gore mong wa ntlo a lebelele pele loeto lwa gago lo lo latelang fa potso eno e tla bo e arabelwa.
6 Buka ya Tshelela Ruri ke sedirisiwa se se molemolemo sa go thusa bao ba sa itseng sepe kaga gore maikaelelo a Modimo ke eng le gore o batla eng. E ruta gore dilo tse Modimo o di batlang di akaretsa go latela melao ya gagwe, go kopanela le mosele kana phuthego ya gagwe le go buelela puso ya Bogosi jwa gagwe ka boikanyegi go ba bangwe ka jalo o dumalanya botshelo jwa gago le go itshola go ya kafa Bibela e batlang ka teng. E neela batho kitso kaga Jehofa Modimo, Jesu Keresete, maikaelelo a Modimo ka lefatshe le seabe sa ga Keresete jaaka Kgosi e ntšha ya lefatshe. Ditshwantsho tse di mo kgaolong 19 di tla gapa kgatlhego ya ba ba dipelo di ikanyegang, di lebisa kgatlhego mo Bibeleng le mo maikaelelong a ga Jehofa. Ka jalo a rotlhe re diriseng tshono nngwe le nngwe go simolola dithuto tsa Bibela le go tsaya karolo mo thomong ya go ‘dira barutwa.’—Math. 24:14; 28:19, 20; Mar. 13:10.