Rera ka Tsela ya Modimo e e Isang Kagisong le Polokesegong
1 Batho ba ile ba nna le dikakantsho di le dintsi tsa kafa kagiso le polokesego di ka bonwang ka gone, mme lefa go ntse jalo ga go na epe ya tsone e e fitlhelelang dilo tse tota batho ba di tlhokang lefatshe ka bophara. Le mororo letlhoo la bodumedi, la lotso, le la bomorafe, fa di kopane le se batho ba dipolotiki ba eletsang go se dira mmogo le bogagapa, di ka lebega e le tsone di kgoreletsang thata lefatshe le le nang le polokesego le kagiso, Bakeresete ba boammaaruri bone ba itse gore dikgoreletsi tsa mmatota ke Satane Diabolo le go bo motho a sa batle go ikobela Jehofa Modimo.—Pes. 127:1; Yer. 8:9; 1 Yoh. 5:19.
2 Ka January, re tla leka go thusa baagelani ba rona go bona gore tsela ya Modimo e e isang kagisong le polokesegong ke yone tsela fela le gore Jehofa ke ene kwa bofelong a tla rarabololang mathata otlhe a batho.
3 Fa O Dirisa Mpho ya Buka: Re ka abalana ka molaetsa ono o o agang ka go dirisa mpho ya buka e e akantshitsweng ya January, Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?, ka moneelo wa R2,60. (Tsweetswee elang tlhoko: Mo dipuong tse dingwe go ka nna ga bo go tsamaisiwa dikgatiso tse di farologaneng. Tsweetswee bonang dikitsiso tsa puo e e amegang go bona gore ke dibuka dife tse di tshwanetseng tsa tsamaisiwa.)
4 Dimilione tsa batho gompieno di tshwenyegile thata mo maikutlong, mme ba lebeletse nako e mo go yone go tla bong go na le pholo le kagiso ya boammaaruri, polokesego, le thitibalo. Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? e ka nna motswedi wa kgothatso ya mmatota mo bathong ba le bantsi. Kagiso ya boammaaruri le polokesego di ka tswa fela kwa motsweding o le mongwe fela, Jehofa Modimo. Ereka Jehofa e le ene fela motswedi wa kagiso ya boammaaruri, go tlhokega gore batho ba ‘tlhatlogele kwa thabeng ya ga Jehofa’ le go rutiwa ditsela tsa gagwe. (Mika 4:2, 3) Kgatiso eno e tla thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba ithute kafa Jehofa, ka Bogosi jwa gagwe, a tla tlisang ka gone kagiso e e tla nnelang ruri le polokesego mo lefatsheng leno.
5 Batho ba le bantsi ba ipotsa gore a tota maiteko a go tlisa kagiso a gompieno a tla atlega. Buka ya Kagiso ya Boammaaruri e ka ba gomotsa ka gore ba itse gore Modimo o tla neela batho kagiso e e tla nnelang ruri. O ka se letlelele gore boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe leno bo senngwe ke batho ka go senya lefatshe. Tlala, lehuma le le setlhogo, le go tlhoka magae ke dilo tse dimilione tsa batho mo lefatsheng leno ba lebaneng le tsone letsatsi le letsatsi. Buka ya Kagiso ya Boammaaruri e bontsha tharabololo e le nngwe fela ya mmatota ya mathata ano. Go sa ikutlwe o bolokesegile motho ka namana ka ntlha ya bokebekwa jo bo ntseng bo golela kwa pele go dira gore batho ba le bantsi ba ikutlwe e le batshwarwakananyo mo matlong a bone. Buka ya Kagiso ya Boammaaruri e re neela lesedi la Dikwalo mabapi le tharabololo.
6 Ditsela tsa go tshela tsa segompieno, go akaretsa le tiriso e e sa siamang le go sa dirise dinonofo tsa tlhakanelodikobo tse re di neilweng ke Modimo kafa tshwanelong, di ile tsa senya matshelo a batho ba le bantsintsi le go thuba malapa a bone. Buka ya Kagiso ya Boammaaruri e bontsha ditekanyetso tsa Modimo le gore bao ba itlhophelang go tshela tumalanong le tsone ba tla sirelediwa. Ke ka ntlha yang o sa tlhatlhobe lenane la diteng tsa yone, le dikgaolo tsa buka eno tse di ka nnang tse di gogelang mo bathong ba ba leng mo tshimong ya lona?
7 Simolola Dithuto tsa Bibela: Re tshwanetse go kgothaletsa thuto ya Bibela nako le nako fa re sena go tsamaisa buka. Gape re ile ra kgothalediwa gore re simolole dithuto tsa Bibela ka pampitshana, boroutšhara, kana makasine. Fa o ka itse gore mong wa ntlo o setse a na le nngwe ya dikgatiso tsa rona, mo kope ka botlhale gore o mmontshe kafa e ka dirisiwang ka gone mo thutong ya Bibela. Dipampitshana le diboroutšhara ke didirisiwa tse di molemolemo go ka di dirisa koo batho ba ka nnang ba bo ba sa kgone go ithekela nngwe ya dibuka tsa khabara e e thata gone.
8 Polokesego ya boammaaruri e ka tswa fela kwa Mmoping, Jehofa Modimo. Re batla go thusa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang gore ba bule dipelo tsa bone le megopolo ya bone gore ba bone boammaaruri jwa Lefoko la Modimo mme ba amogele tsholofelo e le e ba tsholetseng. Ekete re ka dirisa dithuso tse di rutang tse re nang le tsone ka botlalo go rera ka tsela ya Modimo e e isang kagisong le polokesegong.—Isa. 2:3, 4.