LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/93 ts. 1
  • Nnang lo Ntse lo re: ‘Tla!’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang lo Ntse lo re: ‘Tla!’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bolela ‘Mafoko a Polelelopele’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tshenolō—Masaitseweng a Yone a Senotswe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Ba Thuse Gore ba Tseye Kgato ka Molaetsa wa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 3/93 ts. 1

Nnang lo Ntse lo re: ‘Tla!’

1 Abo e le paakanyetso e e molemo jang ne e Jehofa a e dirileng ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu! Mo go sone re bona mabaka otlhe a motheo a go dira gore batho ba itumele ka boammaaruri. (Yoh. 3:16) Lefa go ntse jalo, ka maswabi, ke ba sekae ba ba itseng le ba ba dumelang boammaaruri jono ka botlalo. Lefa go le jalo, ka ntlha ya kamego ya gagwe e e lorato mo bathong, Jehofa o rulagantse gore mafoko ano a a molemo a itsisewe batho gongwe le gongwe. O dirisitse Morwawe ebong Jesu Keresete, go bulela mongwe le mongwe sebaka sa go bona boitumelo le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Yoh. 17:3.

2 Ka dingwaga tse di diketekete, go ne go sa itsiwe sentle Ene yo o neng a tla rekolola batho mo sebeng le mo losong. E ne e le “masaitsiweng a a boitshepo” go fitlhelela Keresete Jesu a tla a bo a “baea botshelō le bosaboleñ mo lesediñ ka Mahoko a a Molemō.” (Bar. 16:25, NW; 2 Tim. 1:10) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba dira tiro eno ya go itsise mafoko a a molemo mo lekgolong la ntlha la dingwaga; mme jaanong rona ba re tshelang mo metlheng eno re na le tshiamelo e e kwa godimo ya go itsise one mafoko ano a a molemo. Fa re rera molaetsa wa Bogosi, re a bo re dira mmogo le Jehofa Modimo, Jesu Keresete, le bomonnaa Keresete, ba ba laletsang batho ba mefuta yotlhe jaana: ‘Tla! . . . tsaya metsi a botshelo fela go sena theko.’—Tshen. 22:17.

3 Ee gone, ga se mongwe le mongwe yo o tla reetsang mafoko ano a a molemo. Ke ba sekae ba ba reetsang ka kelotlhoko. Ba bangwe ba gana batlhanka ba Modimo ka bogale, ba ba ba laleletsang go solegelwa molemo ke metsi a a bolokang botshelo a boammaaruri. Go sa kgathalesege seo, re itshoka mo tirong eno ka ntlha ya nonofo e re e fiwang ke Jehofa. Re itse gore go iketleeletsa ga rona go bua ka boammaaruri le go thusa ope fela yo o tla reetsang go itumedisa Jehofa mme go tla re tlisesa masego a gagwe.

4 Mo bodiheding jwa rona jwa March, re tla kgothaletsa botlhe ba ba batlang boammaaruri go bala buka ya Tshenolō gore ba ipelele tsholofetso e e e tlhalosang. Ba tla segofadiwa thata ka go dira jalo. Ka tota ebile, buka ya Tshenolō e bua ka isagwe—isagwe ya rona le ya bone. Bangwe bao gompieno e leng batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba ile ba kgatlhegela boammaaruri la ntlha morago ga go bala ditlhaloso ka buka ya Tshenolō mo go nngwe ya dikgatiso tsa Mokgatlho. Ereka re sa tswa go ithuta buka ya Tshenolō ka botlalo bosheng, re itse botlhokwa jwa yone mo go ba ba dipelo di ikanyegang ba ba mo tlaleng ya go bona boammmaaruri. Fa re bona ba ba ntseng jalo mo bodiheding jwa rona, re tla rata go ba bontsha ntlha kana di le pedi tse dikgolo tsa buka ya Tshenolō go ba lemotsha bomosola jwa yone. Dilo dingwe tse re ka di ba bontshang ke tlhaloso e e tlhapileng e e mo go yone ya boperofeti jwa Bibela jo bo diragaditsweng mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, jaaka go palama dipitse mo go tshwaegang ga bapalami ba barataro ba tshwantshetso mo go tlhalosiwang mo kgaolong ya borataro ya Tshenolō.

5 Go a tshwanela fela thata gore re bue ka dipaakanyetso tsa lorato tsa ga Jehofa tse a di diretseng setho fa jaaka re ipaakanyetsa go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete ka April 6. Go sa kgathalesege gore a batho ba a reetsa kana nnyaa, re itshokela go dira thomo e re e neilweng ke Modimo ya go laletsa ka taletso eno e e itumedisang mongwe le mongwe yo o eletsang: ‘Tla! . . . tsaya metsi a botshelo fela go sena theko.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela