Ba Thuse Gore ba Tseye Kgato ka Molaetsa wa Bogosi
1 Tiro ya rona ya go rera e naya batho sebaka sa go utlwa ‘Mafoko a a Molemo a Bogosi jwa Modimo.’ (Math. 24:14) Mme ba tshwanetse gore ba tseye kgato ba bo ba fetoge barutwa ba ga Jesu Keresete fa ba batla go falola ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshen. 7:14; Math. 28:19, 20) Matshelo a a amega! Ka jalo tlhomamisa gore o boela kwa bathong ba ba ileng ba kgatlhegela kgang nngwe e o ileng wa e bua le bone mo kgweding eno.
2 O ka nna wa bolela jaana fa e le gore o ne o ba tlogeletse buka ya “Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang”:
◼ “Ke itumelela go go bona gape. Fa re ne re kopane mo nakong e e fetileng re ne ra bua ka mathata a basha ba nang le one. Ke ne ka go tlogelela buka e e arabang dipotso tse dintsi tse basha ba di botsang. Fa e le gore o ne wa bona sebaka sa go bala buka e e molemo eno, o tshwanetse wa bo o lemogile gore e na le dikgakololo tse di mosola thata le tse di mo nakong tota. Ke tla rata go tsaya metsotso e sekae ke go bolelela ka isagwe e e molemo thata e Modimo o e solofetsang.” Bula tsebe 306 le 307, o gatelela dikgopolo le dikwalo tse di maleba fa nako e letla. Rulaganya gore o tla boa go tla go tsweletsa motlotlo.
3 Fa e le gore o ne o tlogetse pampitshana ya “A Lefatshe Leno Le Tla Falola?” fa o etile la ntlha, o ka nna wa bolela ka tsela eno:
◼ “Ke itumeletse go go fitlhela mo gae gompieno. Fa ke ne ke go etetse moragonyana jaana, re ne ra bua ka ditiragalo tse di dirang sesupo se se neng se tla diragala fela fa lefatshe le le gaufi le go fela. [Boeletsa dintlha tse di tshwanetseng tsa sesupo se se mo go Mathaio 24:3-14.] A o lemogile ditiragalo dipe fela tse di diragetseng moragonyana jaana mo lefatsheng kana mo tikologong ya rona tse o akanyang gore ke karolo ya sesupo seo?” Mo ise kwa setlhogong sengwe se se mo makasineng wa bosheng, o gatelela boperofeti bongwe jwa Bibela jo bo diragadiwang. Mo neye dimakasine tse pedi ka moneelo wa R1,60. Kwa bokhutlong jwa loeto, umaka setlhogo sa puo ya phatlalatsa sa beke eo, o bo o mo laletse gore a tle le wena kwa Holong ya Bogosi.
4 Bolela jaana fa e le gore o ne o laleditse mong wa ntlo gore a tle kwa Segopotsong:
◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, re ne ra bua kafa loso lwa ga Jesu lo leng botlhokwa ka teng mo bathong. Ke ne ka bo ka go laletsa gore o tle kwa Segopotsong sa loso lwa gagwe, se se tla ketekiwang ke Bakeresete botlhe mo lefatsheng ka March 26. Gompieno ke tlile go go gakolola gore o laleditswe kwa tiragalong e e botlhokwa fela thata. [Bolela nako le lefelo la moletlo.] O tla kgona go lemoga kafa tiragalo eno e leng botlhokwa ka teng fa re ka boeletsa mangwe a masego a re a itumelelang jaanong ka ntlha ya se Jesu a se diretseng batho, mmogo le masego a a santseng a tla.” Fa go kgonega dira dithulaganyo tsa go thusa motho yo o kgatlhegang yono go tla kwa Segopotsong.
5 Seno se ka thusa thata fa e le gore motho yo o ne a reeditse fela a sa kgatlhege:
◼ “Ke itumeletse kafa re kileng ra tlotla ka teng ka Bibela bosheng jaana. Ke buile gape gonne ke eletsa go go bona o itumelela dilo tse Modimo o di solofeditseng ba ba batlang go ithuta thata ka ene.” Bala Yohane 17:3, o bo o mo isa kwa pampitshaneng e e reng Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha.
6 E kete tsela e o ratang botshelo ka yone le kafa o anaanelang thekololo ka teng di ka go tlhotlheletsa gore o boele kwa bathong ba ba kgatlhegang. Ba thuse gore ba tseye kgato ka molaetsa o o kgatlhang wa Bogosi. Gakologelwa gore “lobaka lo atametse”!—Tshen. 1:3.