Dira Bojotlhe Gore Batho ba Reetse
1 Batho ba le bantsi ba re kopanang le bone mo bodiheding jwa tshimo jwa ka ntlo le ntlo ga ba akanye ka dilo tsa semoya mo megopolong ya bone. Ba ka nna ba tswa ba tshwaregile ka ba malapa a bone, mathata a tsa itsholelo, kana mathata a bone ka namana. Gore o simolole go buisana le bone, gantsi go molemo thatathata go bua le bone ka dikgang tse di tlwaelegileng tse di gapileng maikutlo a batho ba le bantsi ba ba mo tikologong ya bone. O ka botsa dipotso go tsosa kgatlhego, ereka seno se tla akaretsa mong wa ntlo mo puisanong. Dipotso tse di batlang motho a ntsha maikutlo a gagwe tse di ka sekang tsa tsietsa batho di mosola fela thata.
2 O ka nna wa batla gore motho a reetse ka go dirisa mokgwa o o tshwanang le ono:
◼ “Dumelang. Leina la me ke ․․․․․․․. Ke moagisani wa gago. Batho ba le bantsi ba ke ileng ka buisana le bone mo mosong ono ba amegile ka [umaka tiragalo nngwe ya mo dikgannyeng e e diragetseng mo tikologong ya lona bosheng jaana kana kgang nngwe e e amang motse wa lona]. A o akanya gore Modimo o ne o batlile gore lefatshe le nne jaana?” Mo neye sebaka sa go araba. Mo ntlheng eno o ka mmontsha pampitshana e e reng Botshelo Mo Lefatsheng Le le Nang le Kagiso. Ka bokhutshwane fela sekasekang setshwantsho se se mo tsebeng 1 le tshedimosetso e e mo dirapeng 1-3 fa nako e letla. Fa a bontsha kgatlhego, o ka nna wa mmontsha buka ya Tshelela Ruri. Dira gore a ele tlhoko Pesalema 37:9, 10 jaaka e nopotswe mo tsebeng 157 o bo o e bala go tswa mo bukeng. Mo tlhalosetse ka maemo a a siameng a a tla nnang gone mo lefatsheng lotlhe fa boikepo bo fedisitswe, o dirisa ditshwantsho tse di mo tsebeng 156-7.
3 Ipaakanyetse go tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka dinako tsotlhe. Batho gongwe le gongwe ba tshosiwa ke maitsholo a a wetseng kwa tlase. Fa o ntse o bala Tsogang! ya August 8, tlhomolola dintlha tse o bonang di ka tsosa kgatlhego ya batho ba ba mo tshimong ya lona. Kwantle ga go tsaya nako e telele le tlotla ka maemo a a bosula a bosheng jaana, dira gore mong wa ntlo a ele tlhoko setlhogo se se reng “Kaelo E E Itekanetseng ya Boitsholo,” o bo o bua sentle ka melemo e e nnang gone fa motho a tlhwaela tsebe kgakololo ya Lefoko la Modimo. Fa kgwedi e ela go fela, fa lo tla bo lo tsamaisa Tsogang! ya September 8, tlhokomedisa mong wa ntlo setlhogo se se reng “Fa Ditso Tsotlhe Di Tla Bo Di Tshela Mmogo ka Kagiso.” Tlhomolola kgakololo ya Bibela ya gore ditso tse di farologaneng di tla nna ka kagiso. Ditokololo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa bosheng le tse dikgologolo di ka nna tsa tsamaisiwa nako epe fela go kopanyeletsa le mo malatsing a a kgethegileng a a beetsweng kwa thoko a go tsamaisa dimakasine.
4 Gakologelwa gore boikaelelo jwa rona ke go dira gore batho ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi. Gore re dire gore mong wa ntlo a re reetse, la ntlha re tshwanetse go gapa tlhokomelo ya gagwe le go tlhotlheletsa tsela ya gagwe ya go akanya. Seno se tla dira gore batho ba sekadinku ba batle go “utlwa se Modimo, Yehofa, o tla se buañ” malebana le boikaelelo jwa gagwe ka batho.—Pes. 85:8.