Ke Eng Se re Tla se Fitlhelelang mo Ngwageng Ono wa Tirelo?
1 E re ka September 1 e le go simologa ga ngwaga wa tirelo wa 1994, jaanong ke nako e e tshwanetseng ya gore rotlhe jaaka batho ba ga Jehofa re ipeele mokgele mo megopolong ya rona ka se re batlang go se fitlhelela jaaka motho ka namana le jaaka phuthego mo ngwageng ono o mosha wa tirelo.
2 Tswelelang Pele Lo Gola Semoyeng: Re tshwanetse go ikemisetsa go nonofa mo tumelong fa e le gore re basha mo boammaaruring. (Baheb. 6:1-3) Fa re setse re nonofile semoyeng, ga re a tshwanela go thusa fela ba ba sa tswang go kopanela mme gape re tshwanetse go ela tlhoko bomoya jwa rona, le ka motlha re se ka ra ikutlwa gore re na le kitso yotlhe e e tlhokafalang ya Bibela le boitemogelo mo botshelong jwa Mokeresete. A re sekaseka temana ya letsatsi, re tsamaisana le thulaganyo ya mmalo wa Bibela e re e neetsweng mo Thulaganyong ya Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo, le go baakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego le Thuto ya Tora ya Tebelo? Seo se tshwanetse sa nna mokgele wa rona rotlhe. Fa re batla go falola tshenyego ya tsamaiso eno ya dilo e e bosula mme re bolokelwe mo lefatsheng le lesha la Modimo re tshwanetse go tswelela pele re gola semoyeng.—Bapisa Bafilipi 3:12-16.
3 Nnang Lo Le Phepa Semoyeng: Fa re batla go amogelwa ke Jehofa ka mo go feletseng, re tshwanetse go iitshekisa mo “maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea.” (2 Bakor. 7:1) Ke ka ntlha yang fa re batla ‘go bidikama gape mo seretseng’ sa lefatshe leno le legologolo le le bosula, fa re setse re le phepa? (Bapisa 2 Petere 2:22.) Re tshwanetse go ititaya sehuba gore re nne re nonofile semoyeng e bile re le phepa. Fa re dira jalo ga re kitla re nna re sa itse maretshwa a ga Satane a a bosula le go fenngwa ke one, re wela mo boleong re bo re sa amogelwe ke Jehofa.—2 Bakor. 2:11.
4 Tlhwaela Kgakololo E E Fang Botlhale Tsebe: Diane 15:22 e tlhalosa jaana: ‘Mo bontsing jwa bagakolodi maikaelelo a tle a tlhomame.’ Lefa go le jalo, gakologelwa gore monna yo o neng a bolela mafoko ao e bong Solomone, moragonyana o ne a letlelela ‘basadi ba gagwe go faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e mengwe’ ka gonne a ne a palelwa ke go tlhwaela kgakololo ya Modimo tsebe ya gore a se ka a tsaya basadi ba seeng. (1 Dikg. 11:1-4) Re ka lebelela jang go nna tlhaga mo tirelong ya ga Jehofa kana go tlhoma sekao se se botlhokwa go ka latelwa fa rona ka namana re sa tlhwaele kgakololo e e fang botlhale tsebe? (1 Tim. 4:15) Kgakololo ya Bibela e tla re thusa go dibela dipelo tsa rona. (Dia. 4:23) Re tla tlhomamisega gore re sireletsegile fa re rata se Jehofa a se ratang, re ila se a se ilang, ka dinako tsotlhe re batla kaelo ya gagwe le go dira se se mo itumedisang.—Dia. 8:13; Yoh. 8:29; Baheb. 1:9.
5 Kobamelo ya rona mo go Jehofa ga se selo se se itlelang fela, ga se mofuta wa poifomodimo e e tshwanang le ya bao ba ipolelang gore ke Bakeresete mo lefatsheng leno, mme yone e a tshela, e matlhagatlhaga, e bile e tlhaga ka go dumelana le boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo.—Yoh. 4:23, 24.
6 Boikemisetso jwa rona jwa go batla go dira thato ya Modimo bo ka nna jwa lekwa letsatsi le letsatsi. Re tshwanetse go nna re nonofile ka re itse gore ‘bakaulengwe botlhebotlhe’ ba rona ba lebane le diteko tse di tshwanang le gore Jehofa o tla re nonotsha. (1 Pet. 5:9, 10) Ka gone re tla kgona go swetsa bodihedi jwa rona ka botlalo mo ngwageng wa tirelo wa 1994.—2 Tim. 4:5.