Ipoloke o Nonofile Semoyeng, Nna o Le Phepa Gore o Direle Jehofa
1 Mo go Isaia 60:22, Jehofa o ne a dira tsholofetso eo re e bonang e diragadiwa e e reng: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” Fa re akanya ka morafe, re akanya ka setlhopa se segolo sa batho bao ba dirang ditiro tse di tshwanang tseo di ba dirang gore ba nne ba ntse ba le mmogo ebile e le bao ba berekang kafa tlase ga taolo ya puso e e tlhomilweng.
2 Pego ya tirelo ya tshimo ya ngwaga wa 1991 e ne ya bontsha tlhora ya baboledi ba le 4 278 820 ba mafoko a a molemo mo lefatsheng ka bophara, e leng koketsego ya 6,5 lekgolong go feta ya ngwagatlola. Ruri Jehofa o phuthile bontsi jo bo boitshegang jwa batho ba ba peloephepa bao ba eletsang go ikgaoganya le tsamaiso e e gatelelang eno le go fetoga babusiwa ba ba ikanyegang ba puso ya Bogosi jwa Bomesia eo mo go yone go busang Morwawe ebong Jesu Keresete. Palo ya batho ba ba phuthilweng e tswelela pele go oketsega ngwaga e nngwe le e nngwe. Re ipelela go bo re le karolo ya morafe ono oo tota o ka tlhalosiwang jaaka mokgatlho wa lefatshe le lesha. Fa go ne go ketekiwa moletlo wa Segopotso ka ngwaga wa 1991, palogotlhe ya bao ba neng ba le gone e ne e le 10 650 158, e leng koketsego ya 7 lekgolong go feta ya ngwaga wa 1990. Seno se bontsha gore go na le kgonego e e seng kana ka sepe ya gore batho ba le bantsi ba ba oketsegileng ba tle go kopana le rona jaaka babusiwa ba Bogosi.
3 Gone ke boammaaruri gore, re a lemoga gore ga se batho botlhe bao ba leng teng mo palong e e fa godimo ya bao ba neng ba le teng kwa Segopotsong bao ba ikgaogantseng le lefatshe leno go ya bokgakaleng jo bo tlhokegang gore ba ka amogelwa ka botlalo jaaka batho ba ga Jehofa. Batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba ‘oologela kwa ntlong ya ga Jehofa,’ mme lefa go ntse jalo ba tlhoka gore ‘ba rutwe ditsela tsa gagwe’ ka botlalo e le gore ba tle ba kgone go “sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” (Isa. 2:2-4) Batho ba ba fetang dimilione di le nne bao ba neng ba le gone kwa Segopotsong ba amogetse taolo ya Modimo ya gore ba nonofe mo semoyeng e leng go nonofa goo go ba tlhotlheleditseng gore ba nne ba ntse ba itshwere sentle le go tshwanelegela go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi eleng tiro eo e diragadiwang jaanong. (Math. 24:14) Batho ba ba ntseng jalo ba na le boemo jo bo siameng mo matlhong a ga Jehofa ebile ba ipelela melemo yotlhe ya dilo tse di itumedisang tseo a di ba nayang. Ke eng seo palo e e setseng ya ba ba leng dimilione tse di fetang thataro ba tshwanetseng ba se dira fa e le gore le bone ka tsela e e tshwanang ba tshwanetse go nonofa mo semoyeng le go nna phepa gore ba tle ba kgone go direla Jehofa?
4 Ba tshwanetse gore ba lwe “ntwa e e boima ba lwele tumelo.” (Yude 3, NW) Ka bonako fela fa ba tlhopha go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, ba nna kafa tlase ga kgatelelo e e maatla e e tswang mo go Diabolo a ba gatelela ka diteko, dithaelo, le ditlhotlheletso tse di bosula. Jaaka Paulo, ba tshwanetse gore ba kope Jehofa gore a ba neye nonofo ya go itshoka. (Bafil. 4:13) Jehofa o naya batho ba ba ntseng jalo nonofo a dirisa bao ba setseng ba ntse ba nonofile mo tumelong. Paulo o ne a laela gore “Rona ba re leñ thata, re chwanetse go pepetletsa dithetelèlō tsa ba ba bokōa.” (Bar. 15:1, 2) Ka nako ya fa batho ba ba nonofileng le ba ba bokoa ba nna seopo se le sengwe, botlhe ba nna le nonofo ya go ema ba nitame. “Batho go nna babedi go molemō bogolo go a le moñwe hèla. . . . Me ha motho a henya eo o esi, ba le babedi ba tla mo lotlhanèla.”—Mor. 4:9, 12.
5 Seno se kaya gore batho ba basha ba ikaegile ka rona ka tshwanelo jaaka batho bao ba ka amogelang nonofo e e tswang kwa go Jehofa ka bone. Rona bao re leng Bakeresete ba ba ineetseng re tshwanetse go ipoloka re nonofile semoyeng gore re kgone go thusa batho ba basha. Bakeresete ba ba nonofileng ba kgona go ‘aba dineo tsa semoya,’ goo go felelang ka gore ‘ba kgothatsane.’ (Bar. 1:11, 12, NW) Eno ke e nngwe ya ditsela tsa konokono tseo Jehofa a di dirisang go re dira seoposengwe le go re dira gore rotlhe fela re ‘tiye re bo re thatafale.’—1 Pet. 5:9-11.
6 Re tshwanetse gore re itlhomele mokgele wa gore re thuse batho ba basha bano mme gape le rona re ntse re amega ka dilo tseo re di tlhokang ka namana tsa semoya. (Math. 5:3) Bomoya ke selo sa konokono seo se re dirang gore re nonofe. Eno ke nonofo eo e tshwanetseng ya tlhagolelwa le go nonotshiwa ka go ja dijo tsa semoya ka metlha. Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re naya dithulaganyo tseo di rulagantsweng ka tsela e e lekalekaneng tsa gore re ithute Lefoko la gagwe. Dipokano tse tlhano tsa phuthego tseo di tshwarwang beke e nngwe le e nngwe di na le seabe sa botlhokwa thata mo go re direng gore re nonofe, le mo ‘go re tlhotlheletseng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Baheb. 10:24.
7 Melemo e e bonwang mo dipokanong tseno e a oketsega fa e kopanngwa le mekgwa e mentle ya go ithuta ka namana le ya go ithuta jaaka lelapa. Re tshwanetse gore rotlhe fela re itlhomele mokgele o monnye wa go bala temana ya letsatsi lengwe le lengwe le go akanya ka yone, go tsamaisana le thulaganyo ya mmalo wa Bibela o o rulagantsweng mo Thulaganyong ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, le go baakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego le Thuto ya Tora ya Tebelo. Lelapa lengwe le lengwe le tla tshwanelwa ke gore le sekaseke go bona kafa le tlileng go rulaganya seo ka gone, le tlhomamise gore se dirwa ka metlha. Gape, tlhogo ya lelapa e tshwanetse ya tlhokomela gore thulaganyo ya lelapa ya go ithuta e baakanyeditswe ka tsela eo e tla kgonang go thusa lelapa ka dilo tse di kgethegileng tsa semoya tseo le di tlhokang. Ka tsela eno ‘ntlo e tla agelelwa. . . . e tla nitamisiwa.’ (Dia. 24:3) Fa e le gore re kelotlhoko thata mo mekgweng ya rona ya go ithuta ka namana le ya go ithuta jaaka malapa, re ka solofela gore Jehofa o tla re segofatsa le gore moya wa gagwe o tla re thusa gore re itshokele diteko tse di farologaneng ka katlego.—Yak. 1:2, 3; 1 Pet. 4:11.
8 Ipoloke O le Phepa Ebile O Sena Molato: Le mororo Jehofa a re laletsa ka botsalano gore re atamele gaufi nae, gape, o tlhalosa ka phepafalo gore seno re se dira ka go bo re dumela mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu, ao a re “tlhapisa[ng] mo boleuñ yotlhe.” (1 Yoh. 1:7; bona gape Bahebera 9:14.) Re ka tswelela pele go nonotsha tumelo ya rona ka go ithuta Lefoko la Modimo ka namana le ka go dirisa seo re se ithutang. Bangwe moragonyana ga ba fenye dithaelo ka gonne ba ka tswa ba sa je dijo tsa semoya kana ba sa iteke go le kalo gore ba di dirise mo matshelong a bone. Seno se dira gore Satane a ba tlhasele motlhofo fela. Bangwe ba koafetse semoyeng, goo go felelang ka gore ba tsidifale. Se se swabisang ke gore bangwe ba ne ba itetla gore ba ineele mo go direng phoso nngwe e e masisi, e e bakileng gore ba kgaolwe. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.” (1 Bakor. 10:12) Fa re tlhokomologa ka boomo go ithuta, go nna teng mo dipokanong, le mo tirelong, re ka raelwa motlhofo fela ke ditlhotlheletso le dithaelo tse di bosula.—Baheb. 2:1; 2 Pet. 2:20-22.
9 Go botlhokwa gore re ipoloke re le phepa ka tsela nngwe le nngwe: mo mmeleng, mo tlhaloganyong, semoyeng le mo boitsholong. (2 Bakor. 7:1) Lefatshe leo le re dikologileng leno le nnela bosula ebile le senyegela kwa pele letsatsi lengwe le lengwe. Diabolo o tswelela pele go dirisa ditsela tse disha tseo di tsietsang go gaisa gore a re raele ka tsone. Go ipoloka re nonofile semoyeng go tlhomamisa gore ga re kitla re nna ‘mo lefifing kaga maano a gagwe le go fenngwa ke ene.’ (2 Bakor. 2:11) Taolo le kgakololo tseo re di amogelang go tswa mo phuthegong ya ga Jehofa di re thusa gore re lemoge ditlhotlheletso tse di bosula le go lwa le tsone.
10 Bao ba etelelang pele mo phuthegong ba na le boikarabelo jwa go tlhomela ba bangwe sekao se se molemo mo go ipolokeng ba nonofile le mo go nneng ba le phepa. Paulo o ne a gatelela boikarabelo jono ka nako ya fa a ne a tlhalosa jaana: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola. . . . lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yao bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè.” (Baheb. 13:7) Go botlhokwa fela thata gore bagolwane ba ba tlhomilweng le batlhanka ba bodihedi ba nne dikai mo boitsholong jwa bone ka namana le mo go direng maikarabelo a bone jaaka ditlhogo tsa malapa. Ba tshwanetse gore ba kgaratlhele go nna jaaka Timotheo yo mmotlana, yo o neng a kgothalediwa gore a “nnè sekaō . . . mo puoñ, le mo [boitsholong], le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ.” (1 Tim. 4:12; 1 Pet. 5:3) Rona rotlhe fela re na le boikarabelo jono jwa go nna dikao tse di molemo ka go nna re ntse re itshotse ka tsela e e tlotlegang. Gantsi batho ba basha ba lemoga boammaaruri le phuthego ya ga Jehofa ka seo ba se bonang mo go rona. Re batla go tlhomamisa gore seo ba se bonang se ba kgothaletsa gore ba tsene mo phuthegong e e phepa ya ga Jehofa.
11 Go phuthiwa ga batho gore ba falole “sepitla se segolo” go dirwa ka lobelo lo logolo. (Tshen. 7:14) Bao ba nnang ba nonofile semoyeng le go ipoloka ba le phepa ke bone fela bao kgabagare ba tla falolang. Dilo di le dintsi di ikaegile ka mabaka ano: (1) go nna le mekgwa e mentle ya go ithuta ka namana le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo; (2) go kgatlhegela ba bangwe tota ka namana re eletsa go ba kgothatsa; le (3) go boloka boitsholo jo bo phepa joo bo tla tlotlang leina la ga Jehofa ka go dira mmogo ka kutlwano. Re tla tlhomamisa gore re tla bona masego a ga Jehofa le tshireletso ya gagwe ka nako ya fa lefatshe leno le tla mo bokhutlong jwa lone fa re dira dilo tseno. Re ka solofela gore re tla bo re le gareng ga ‘ba ba ikanyegang bao Jehofa a ba bolokang.’—Pes. 31:23.