Thusa Baithuti ba Bibela Gore ba Ipaakanyetse Thuto ya Bone
1 Baithuti ba Bibela ba ba ipaakanyetsang thuto ya bone mo bekeng nngwe le nngwe ba bontsha gore ba kgatlhegela thuto ka boammaaruri mme gantsi ba tswelela pele semoyeng ka bonako go gaisa ba ba sa ipaakanyetseng. Ka dinako tse dingwe moithuti a ka nna a se ka a ipaakanyetsa ka go bo a sa itse gore go dirwa jang. Go ka nna botlhokwa go mo ruta go ipaakanyetsa. Seno se ka dirwa jang?
2 Go tswa fela kwa tshimologong, iphe sebakanyana sa go thusa moithuti gore a tlhaloganye gore fa a ipaakanyetsa o a bo gape a ithuta ka namana. Le mororo batho ba le bantsi ba kgona go bala, ga ba ise ba ke ba rutiwe gore go ithuta go dirwa jang. Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo mo ditsebeng 33-43 e re neela dikakantsho di le dintsi tse di thusang tse o ka nnang wa di tlhalosetsa moithuti fa e le gore o ka ne a di tlhoka.
3 Bontsha Moithuti Botlhokwa jwa Thuto: O ka nna wa bontsha moithuti moo o tshwaileng teng kana o thaletseng mafoko a konokono teng mo bukeng ya gago e o ithutang ka yone. Dira gore a itse gore o ka kgona go gakologelwa dintlha tse a tla kgonang go di tlhalosa ka mafoko a gagwe ka go latlhela leitlho fela mo dikarolong tse a di tshwaileng. Ka gone o ka se raelesege go bala dikarolo tsotlhe go tswa mo bukeng fa a araba dipotso. Fa o mo katisa ka tshwanelo mo nakong eno e tla re mo nakong e e tlang fa a akgela mo dipokanong tsa phuthego, a kgone go akgela ka tsela e e utlwalang. Tsela e a akgelang ka yone e tla bontsha gore o itumelela setlhogo se go tlotliwang ka sone e bile o bontsha selekanyo se a tlhaloganyang ka sone.
4 Mo Rute go Dirisa Bibela: Moithuti o tshwanetse go ithuta kafa a ka bonang ka teng ditemana tse di umakilweng mo setlhogong se se ithutiwang. Fa a kgona go dira seno sentle, o tla itumela thata go bona gore eleruri ke moithuti wa Bibela. Le mororo kwa tshimologong a ka nna a tlhoka gore a dirise lenaane la dibuka tsa Bibela le le mo tshimologong ya Bibela, moithuti o tshwanetse a kgothalediwa go itlwaelanya le kafa dibuka tseno tsa Bibela tse 66 di latelanang ka gone. Fa a batla temana nngwe a bo a e bala, mo thuse go tlhopha karolo e e tshegetsang ntlha e e mo serapeng se se balwang mme a se ka a itewa tsebe ke dikarolo tse di sa amaneng ka gope le thuto e le e tshwereng ka nako eo.
5 Fa moithuti a ntse a tswelela pele, mo kgothaletse go bala Bibela go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong jwa yone. Gatelela gore Bibela yotlhe ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go iphepa semoyeng ka lone.—Math. 4:4; 2 Tim. 3:16, 17.
6 Mmontshe Ditshupiso Tse Dingwe tsa Puso ya Modimo: Fa moithuti a setse a tsweletse sentle thata, a ka simolola go dirisa ditshupiso tse dingwe tsa puso ya Modimo. Mo kgothaletse ka botlhale gore a batle tshedimosetso e e oketsegileng mo dikgatisong tsa Mokgatlho tse a tla kopanang le tsone fa a tla bo a ntse a nna gone kwa dipokanong tsa phuthego. Mo rute kafa a ka dirisang ka gone dikarolo dingwe tse di rileng tsa New World Translation, tse di jaaka “Bible Words Indexed.” Fa a simolola go nna le laeborari ya gagwe ya puso ya Modimo, mmontshe kafa a ka dirisang ka gone Comprehensive Concordance, Go Fetolana ka Dikwalo, Index, le dibolumo tsa Insight.
7 Fa re ruta baithuti ba Bibela kafa ba ka ipaakanyetsang thuto ya bone ya Bibela ka gone, re tla bo re ba tlhomelela gore ba bontshe botswelelopele mo boammaaruring ka dinako tsotlhe jaaka baithuti ba Bibela ba ba nang le bokgoni tota lefa ba sena go fetsa thuto ya Bibela ya legae ya bone ka namana.