Direla Jehofa o sa Iteege Tsebe
1 “Go segō chaba e Modimo oa eōna e leñ Yehofa.” (Pes. 144:15) A mafoko ano a ga Kgosi Dafide a santse a le boammaaruri le mo metlheng e e bosula eno? (Baef. 5:16) Ee! Bakeresete ba santse ba itumelela go direla Jehofa. Dilo ga di re tsamaele motlhofo ka dinako tsotlhe. Satane o ntse a re bakela mathata mo “metlheñ [eno] ea bohèlō,” lefa go ntse jalo ga re kgobege marapo. (2 Tim. 3:1, 2) Maemo a a ntseng a nna maswe le go feta le one a supa gore nako e setse e le gaufi ya gore Bogosi jwa Modimo bo tlose lefatshe le legologolo leno le le ntseng le senyegela pele mme bo le emisetse ka lefatshe le lesha le le phepa. (2 Pet. 3:13) Lefifi la lefatshe leno ga le dire gore tlhase ya tsholofelo ya rona e e itumedisang e nne letobo kana gore e time; go na le moo, tsholofelo ya rona ya Bogosi e ntse e phatsima ka kgalalelo e kgolo le go feta. A ga o itumele go bo o kgona go direla Jehofa jaaka lesedi mo lefatsheng le le lefifi leno?—Bafil. 2:15.
2 Mongwe le mongwe ka namana o tshwanetse go nna a ntse a leba gore o direla Jehofa jang. Ka ntlha yang? Ka go bo Satane ke Moitayatsebe yo mogolo. Bukantswe nngwe e tlhalosa “go itaya tsebe” jaaka “go faposa,” “go gogela kana go lebisa (tlhokomelo ya motho) mo selong se sengwe kana go sele ka nako e le nngwe,” le “go tlhotlheletsa kana go tlhakanya motho tlhogo ka maikutlo a a thulanang kana ka mekgwa.” Fa e sa le ka nako ya fa Satane a piriganyediwa mo lefatsheng leno, o ile a atlega go ‘tsietsa’ batho. O dirisa ditsela tse dintsi go faposa batho mo kgannyeng e totatota re lebaneng le yone gompieno. (Tshen. 12:9) Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhoafala mo go rereng ka Bogosi ka dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng, ke batho ba ba kae ba ba tlhaloganyang dikgang tse di botlhokwa thata tse di malebana le go itshepisa leina la Modimo le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe ka Bogosi jwa Modimo? Ke ba le mmalwa fela. (1 Yoh. 5:19) Fa Satane a kgona go faposa batho ba ba dimilione tse di diketekete mo lefatsheng leno, go na le kotsi ya gore o tla kgona go re faposa le rona kana go goga tlhokomelo ya rona gore re tlogele go direla Jehofa. Ka maswabi, bangwe ba bakaulengwe ba rona ba ile ba tlhakanngwa tlhogo ke dilo tse Satane a itayang tsebe ka tsone. Ba ile ba letlelela megopolo ya bone gore e faposediwe mo ditseleng tse di farologaneng. Go na le mefuta e le mentsi ya dilo tse di itayang tsebe gompieno. Akanya ka di sekae fela tsa tsone.
3 Mathata a Ikonomi le go Rata Dilo Tse di Bonalang: Mo dinageng tse dintsi tsa lefatshe, go tlhoka tiro le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo di dira gore batho ba tshwenyege. Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go batlela rona le malapa a rona dijo, diaparo, le manno. Mme fa re letla dilo tse re di tlhokang mo botshelong gore di re tshwenye thata, dilo tseno di tla laola tsela e re akanyang ka yone. Go itlhokomela ka dilo tsa senama e tla nna sone selo se se botlhokwa thata mo botshelong go na le gore re tshegetse kgang e e amanang le Bogosi. Moaposetoloi Paulo o ne a neela kgakololo malebana le seno mo go Bahebera 13:5, 6. Jesu Keresete o re tlhomamisetsa gore batho ba ba batlang pele Bogosi ga ba tlhoke gore ba tshwenyege; Jehofa o re naya dilo tse tota re di tlhokang. (Math. 6:25-34) Babulatsela le batlhanka ba bangwe ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng go dikologa lefatshe ba ka supa fa seno se le boammaaruri.
4 Lefatshe la ga Satane le tlhotlheletsa moya wa go rata dilo tse di bonalang. Go batla kana go sireletsa dithoto ke selo se se botlhokwa thata mo matshelong a batho ba ba dimilione. Le mo metlheng ya ga Jesu go ne go na le dilo tse di itayang tsebe tse di tshwanang le tseno. Molaodi mongwe yo mosha wa mohumi o ne a botsa Jesu gore o tshwanetse gore a dire eng gore a bone botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a mo araba jaana: “Ha u rata ua bo u itekanetse [kana go felela], ea u rèkisè tse u nañ nacō, u abèlè bahumanegi, me u tla dihana le khumō kwa legodimoñ: me u tlè, u ntshalè moragō.” (Math. 19:16-23) Ka mo go bonalang ka teng, dilo tse dintsi tse di bonalang tse lekawana leno le ne le na le tsone di ne di mo itaya tsebe gore le se ka la direla Modimo ka pelo yotlhe. Pelo ya gagwe e ne e le mo dikhumong tsa gagwe. Jesu o ne a itse gore lekau leno le ne le tla solegelwa molemo fa le ka ikimolola dilo tse di mo itayang tsebe tseno. Di ne di dira gore a se ka a ineela ka botlalo mo Modimong. Go tweng ka wena? A o iphitlhela o bereka diura tse ditelele e le fela gore o tle o kgone go tshela mofuta wa botshelo jo o bo tlwaetseng? A seno se ile sa ama tsela e o direlang Jehofa ka yone? A dilo tsa gago tse di bonalang di botlhokwa thata jaana mo e leng gore ga o na nako ya dilo tse di direlwang Bogosi? (Math. 6:24) A o ka fokotsa dilo dingwe mo botshelong jwa gago gore o tle o kgone go dirisa nako e e oketsegileng mo dilong tsa semoya?
5 Dilo Tse di Tlwaelegileng Tsa Letsatsi le Letsatsi: Fa re sa tlhokomele, re ka nna ra iphitlhela re tshwaregile thata ka dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo moo e leng gore re tlhokomologa dilo tsa semoya. Gakologelwa batho ba motlha wa ga Noa. Ba ne ba tshwaregile thata ka dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo, ba ja ba nwa, ba nyala ba neela bana ba bone mo nyalong, moo e leng gore ga ba a ka ba tlhokomela molaetsa wa ga Noa o o neng o ba tlhagisa malebana le Morwalela o o neng o le gaufi. Pele ga ba ka lemoga, Morwalela o ne wa tla mme wa ba nyeletsa botlhe. Dilo tse di neng di ba itaya tsebe tseo di ne tsa dira gore ba senngwe. Jesu o ne a bolela jaana: “Go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.” (Math. 24:37-39) Eleruri, batho ba bantsi gompieno ba tshwaregile thata ka matshelo a bone mo ba se ka keng ba reetsa molaetsa wa tlhagiso o re ba o tlisetsang. Ga ba na kgatlhego gotlhelele mo dilong tsa semoya.
6 A go na le dilo tse dintsi thata tse o di dirang mo botshelong jwa gago mo e leng gore ga o na nako e e lekaneng ya dilo tsa semoya? Mo nakong nngwe, Jesu o ne a lalediwa kwa lelapeng la ga Maratha le Maria. Maria o ne a reeditse ka kelotlhoko a batla go utlwa dilo tse a neng a di bua. Maratha mo letlhakoreng le lengwe o ne a “tlhodièga [a] itapisa ka dilō di le dintsi.” Maratha o ne a tshwenyegile thata ka go nna monggae yo o molemo. Ga a ka a lemoga gore o tlhoka go ipha nako ya go reetsa Jesu. O ne a tlhalosetsa Maratha sentle gore ga go tlhokege dijo tse dintsintsi; o ne a tshwanetse go tlhokomela thata dilo tsa semoya. A o tlhoka go dirisa kgakololo eo? (Luke 10:38-42) Jesu o ne a tlhagisa gape gore re itise gore re se ka ra kgora bobe le go tagwa thata re bolaya ditlhaloganyo tsa rona. Mo nakong eno e e bosula eno ya botshelo jwa motho, re tlhoka gore re nne re itisitse thata.—Luke 21:34-36.
7 Go Latelela Menate: Sengwe sa dilo tse dikgolo tse Diabolo a di dirisang go re itaya tsebe gore re se ka ra tlhokomela kgang ya Bogosi ke go latelela menate. Batho ba ba dimilione mo go Labokeresete ba baya menate kwa pele ga Modimo. Ba rata dikgatlhego go na le gore ba kgatlhegele Lefoko la Modimo ka boammaaruri. (2 Tim. 3:4) Gone mme, go itlosa bodutu le go itshidila mmele ka tsela e e phepa ga go phoso ka bogone. Lefa go ntse jalo, go senya nako e ntsi mo dilong tse di tshwanang le thelebishene, dibaesekopo, dibidio, metshameko, go bala dikgang tsa lefatshe, kana tiro nngwe ya go itlosa bodutu beke nngwe le nngwe, go ka dira gore motho a nne le pelo e e boferefere e e ka re katosetsang kgakala le Jehofa. (Yer. 17:9; Baheb. 3:12) Seo se ka diragala jang? Ka nako ya dipokano tsa Bokeresete, o ka iphitlhela o akanya ka dilo tse dingwe; e bile o ka nna wa iphitlhela o eletsa e kete dipokano di ka tswa gore o tle o ye menateng. Go ise go ye kae o tla bo o batla mabaka a gore o nne kwa gae go na le gore o ye kwa dipokanong kana gore o nne le seabe mo tirelong ya tshimo. Gone jaanong jaana ke nako ya gore o sekaseke go bona gore a dilo tseno di go itaya tsebe mo botshelong. (Luke 8:14) A nako e nngwe e e botlhokwatlhokwa e ka se ka ya dirisiwa botoka ka go tsweletsa pele dilo tsa semoya?
8 Dilo Tse Dingwe Tse Di Senyang Nako: Bangwe ba ile ba tsena mo kotsing ya go dira maiteko a go rarabolola mathata a batho ba nang le one gompieno. Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dikgannyeng tsa batho ba lefatshe kana mo maitekong a bone a go batla go baakanya tshiamololo e e leng teng. (Yoh. 17:16) Dilo tseno tsotlhe ke dingwe tsa ditsela tse Satane a di dirisang go re faposa mo kgakololong ya Bibela le mo kgannyeng ya konokono ya gore go na le tharabololo e le nngwe fela e e tla nnelang ruri—Bogosi jwa Modimo. Fa e le gore re ile ra utlwa botlhoko ka tsela nngwe kana ra direlwa tshiamololo, re tshwanetse gore re itise gore re se ka ra batla go ipusolosetsa kana ra tshwenyega thata mo maikutlong mo re itebalang gore re bomang—Basupi ba ga Jehofa. Mo godimo ga moo, Jehofa ke ene yo thatathata a diretsweng phoso, mme ke leina la gagwe le le tshwanetseng gore le itshepisiwe.—Isa. 43:10-12; Math. 6:9.
9 Le mororo mongwe le mongwe a batla go nna le selekanyo se se rileng sa botsogo jo bontle, fa motho a tlhokomela thata dilo tse di buiwang malebana le go ikalafa le ditlhare go tla dira gore motho a tshwenyege thata ka botsogo. Go na le batho ba bantsi ba ba buang ka dijo tse dintsi tse di farologaneng, le ditsela tsa go ikalafa mo mmeleng le go alafa bothata jwa maikutlo, mme e le tseo bontsi jwa tsone di sa tsamaisaneng le tse dingwe. Sengwe le sengwe se motho a se dirang malebana le botsogo jwa gagwe ke kgang ya motho ka namana, fa fela go sa thulane le melaometheo ya Bibela. A ka metlha re nneng re ikanya Bogosi jwa Modimo gore ke sone selo se le sengwe fela se se ka tlosang malwetsi a batho.—Isa. 33:24; Tshen. 21:3, 4.
10 Lo Tlhomame lo Nitame: Jaaka fa bofelo bo ntse bo atamela, Satane o tla oketsa maiteko a gagwe a go go itaya tsebe gore o se ka wa direla Jehofa. “Lo èmalanè naè lo nitame mo tumeloñ ea lona.” (1 Pet. 5:9) Jang? O tshwanetse gore o ikotle ka go akanya ka Modimo. (Math. 4:4) O se ka wa letla gore dilo tsa lefatshe tse di itayang tsebe di tseele wena le lelapa la gago nako e lo tshwanetseng go e dirisa go tlhatlhanya le go akanya ka Lefoko la Modimo. Ka nako ya dijo mo lelapeng, tlotlang mmogo ka dilo tse di agang le ka dilo tse dingwe tsa semoya. Boloka thulaganyo e e tlhomameng ya thuto ya motho ka namana le ya go baakanyetsa dipokano.
11 Fa matshwenyego a batla go go tshwenya tlhaloganyo, latlhela merwalo ya gago mo go Jehofa ka thapelo. Tlhomamisega gore o amega ka wena. (1 Pet. 5:7) Dira gore kagiso ya Modimo e dibele pelo ya gago le mogopolo wa gago. (Bafil. 4:6, 7) O se ka wa dira gore dilo tse di itayang tsebe di dire gore o se ka wa bona dilo tsa semoya sentle. Dira gore Jehofa a nne fa pele ga gago ka metlha fela jaaka fa Jesu a ne a dira. (Dit. 2:25) Tlhoma matlho a gago a lebile fela mo mokgeleng wa gago, fela jaaka Diane 4:25-27 e re kgothatsa jaana: “A matlhō a gago a lebèle kwa pele, a dintshi tsa matlhō a gago di lolamèlè go lebela kwa pele ga gago hèla. Lekalekanya tsela ea dinaō tsa gago, me a ditselana cotlhe tsa gago di tlhōmamisiwè. U se ka ua hapogèla kaha ntlheñ ea ye legolo, kgotsa ea ya molèma.”
12 Nna teng ka metlha kwa dipokanong tsotlhe, mme o ithute go reetsa taelo e e tswang mo Lefokong la Modimo. (Baheb. 2:1; 10:24, 25) Mme go na le gore o latelele menate ya lefatshe le le senyegileng leno, go dire mokgele wa gago gore bodihedi jwa gago bo nne le matswela. Seno ke sone se lereng boitumelo le kgotsofalo e e nnelang ruri. (1 Bathes. 2:19, 20) Sa bofelo, o se ka wa letla sepe kana ope gore a go iteye tsebe mo tirelong ya gago e e boitshepo. “Lo tlhomamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea lona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.”—1 Bakor. 15:58.