A re Nna re Lebeletse—Re Tila Dilo Tse di Itayang Tsebe?
1 Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Lebelelang . . . gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola” masetlapelo a a tlang. (Luke 21:36) Re tshela mo nakong e e kotsi go gaisa epe fela mo hisitoring ya motho. Batho ba ba itesang gore ba otsele semoyeng ba lebanwe ke kotsi ya masetlapelo. Seno se diphatsa mo go mongwe le mongwe wa rona. Jesu o ne a bua ka go ja, go nwa le ka ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi. Ka ntlha yang? Ka gonne dilo tseno le tsone di ka dira gore re tshwarege, tsa re itaya tsebe e bile di ka re tsenya mo kotsing ya go otsela semoyeng.
2 Dilo Tse di Tlwaelegileng Tse di Itayang Tsebe: Batho bangwe ba tshwaregile thata ka boitlosobodutu jo bo feteletseng kana jo bo belaetsang, le e leng go nna makgoba a thelebishene. Gone mme, go batla Bogosi pele ga go reye gore re tshwanetse gore re tile mefuta yotlhe ya boitlosobodutu. Fa re ka nna tekatekano, boitlosobodutu bo ka nna mosola. (Bapisa 1 Timotheo 4:8.) Mme lefa go ntse jalo bo tla re itaya tsebe fa e le gore e nna selo sa botlhokwa mo botshelong jwa rona, bo tsaya nako e ntsi ya rona, bo batla gore re dirise dithoto tsa rona, kana nako e re e dirisetsang go nna le seabe ka yone mo tirong ya go rera ka Bogosi.
3 Selo se sengwe se se tlwaelegileng se se itayang tsebe se se dirang gore motho a otsele semoyeng ke go eletsa go nna le dithoto tse di sa tlhokegeng. Dilo tseno di batla gore motho a dirise nako e e oketsegileng mo tirong ya boitshediso mme di dira gore dilo tsa semoya di hupediwe. Batho ba bangwe ba ile ba lebala mekgele ya semoya ka go tshwarega thata ka go batla dithoto gore ba tle ba nne le sengwe le sengwe se ba se batlang. Lefa gone re tlhoka “dijo le diaparo,” re tshwanetse gore re itise gore re se ka ra tloga ra rata madi, e leng selo se se ka dirang gore re timele mo tumelong. (1 Tim. 6:8-10) Fa re ka palelwa ke go tlhoma matlho a rona mo dilong tse di direlwang Bogosi, re tla tlhokomologa bomoya jwa malapa a rona e bile ga re kitla re kgona go swetsa bodiredi jwa rona.—1 Tim. 5:8; 2 Tim. 4:5.
4 Go ntse go ntse jalo batho ba bangwe ba ile ba letla ‘dipelo tsa bone gore di imelwe ke ditlhodiego tsa botshelo’ mo e leng gore ba ile ba robala semoyeng. (Luke 21:34) Ka dinako tse dingwe motho o tlhobaela ka ntlha ya mathata a botsogo kana maemo mangwe a a ngomolang pelo mo lelapeng. Mme ga re a tshwanela go dira gore ditlhobaelo tse di ntseng jalo di dire gore re se ka ra lemoga gore bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela ka bofefo.—Mar. 13:33.
5 Ga go na sepe se se tla kgatlhang Diabolo le go feta fa a ka atlega go dira gore re nne e kete re a lora, re batle dilo dingwe tsa lefatshe tse e seng tsa mmatota. Re tshwanetse gore re lwe gore re nne re lebeletse semoyeng. Re itse gore ‘letsatsi la ga Jehofa le tla jaaka legodu’ mme go botlhokwa gore re ‘nne re lebeletse, re le boitekanelo.’ (1 Bathes. 5:2, 6) Fa re lemoga gore re a otsela, go botlhokwa gore re “latlheng ditiro tsa lefifi.”—Bar. 13:11-13.
6 Dilo Tse di Ka re Thusang go Nna re Lebeletse: Dilo tseo ke eng? Thapelo e botlhokwa. Re tshwanetse go rapela re sa khutle. (1 Bathes. 5:17) Fa re atamalane le phuthego ya Bokeresete go tla re ‘tlhotlheletsa mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ (Baheb. 10:24) Go itlhatlhoba ka metlha go ka re thusa gore re nne re ntshitse matlho dinameng gore re bone kafa re ka fenyang makoa a rona ka gone. (2 Bakor. 13:5) Mekgwa e mentle ya go ithuta ka namana e tla dira gore re nne re ‘otliwa ka mafoko a tumelo.’ (1 Tim. 4:6) Fa re dira bojotlhe jwa rona, re ka tshepa gore re tla kgona go tila dilo tse di re itayang tsebe, ‘re disitse re eme ka tlhomamo mo tumelong.’—1 Bakor. 16:13.