LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/95 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa October

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa October
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka October 2
  • Beke E E Simololang ka October 9
  • Beke E E Simololang ka October 16
  • Beke E E Simololang ka October 23
  • Beke E E Simololang ka October 30
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 10/95 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa October

Beke E E Simololang ka October 2

Pina 149

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: “Bakang Jehofa ka Metlha.” Dipotso le dikarabo. Gatelela gore go dirisiwe ditemana tsa Dikwalo tse di umakilweng le tse di nopotsweng.

20 mets: “Buelela Dipeeletso ka Nako Nngwe le Nngwe.” Tlotla ka dintlha tse dikgolo mme o bo o umaka ditlhogo tse di ka dirisiwang go dira gore batho ba kgatlhegele peeletso. Rulaganya gore go dirwe dipontsho tsa dipuisano di le pedi kana di le tharo. Fa peeletso e sa tsewe tsamaisa dimakasine tse pedi. Dira bojotlhe gore o itsise phuthego ka Letsatsi la Dimakasine la kgwedi eo mme o kope botlhe gore ba nne le seabe mo go lone.

Pina 153 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 9

Pina 131

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

20 mets: “Kopano ya Kgaolo ya ‘Babaki ba ba Itumetseng’ ya 1995.” Dirapa 1-16 di sekasekiwa ka dipotso le dikarabo.

15 mets: “A re Nna re Lebeletse—Re Tila Dilo Tse di Itayang Tsebe?” Dipotso le dikarabo. Fa nako e letla, akgela ka dintlha tse dingwe tse di theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 1992, ditsebe 20-2.

Pina 128 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 16

Pina 120

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Lebisa tlhokomelo mo bukaneng ya Good News for All Nations, e e nang le dipuisano tsa ntlo le ntlo ka dipuo di le 59 tse di farologaneng. Kgothaletsa bareetsi go dirisa bukana eno fa ba kopana le motho yo o buang puo e sele mo tshimong.

20 mets: “Kopano ya Kgaolo ya ‘Babaki ba ba Itumetseng’ ya 1995.” Dirapa 17-28 di sekasekiwa ka dipotso le dikarabo. Tlhalosa “Dikgopodiso Tse di Malebana le Kopano ya Kgaolo.” Fa nako e letla tlhalosa dintlha tse di botlhokwa go tswa mo setlhogong se se reng “Go Tlhofofadiwa ga Dilo Kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1995,” se se tlhagang mo tokololong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1995.

15 mets: “Go Dira Maeto a go Boela O na Le Maikaelelo.” Tlhalosa gore mekgele ya rona ke eng fa re dira maeto a go boela. Rulaganya gore baboledi ba ba nang le bokgoni ba dire dipontsho di le pedi ka dipuisano tse di farologaneng.

Pina 130 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 23

Pina 100

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

15 mets: “Re Tlhoka Phuthego.” Dipotso le dikarabo.

20 mets: Lebisa Batho ba ba Kgatlhegang mo Mokgatlhong. Molebedi wa tirelo o buisana le baboledi ba le babedi kana ba le bararo, a dirisa boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe. Tlhalosa lebaka la go bo go le botlhokwa gore batho ba ba kgatlhegang ba itse gore mokgatlho o dira jang, gore ditiro tse di farologaneng di rulaganyediwa jang le gore bone ba ka nna le seabe jang. Tlhalosa dintlha tse di mo ditsebeng 14 le 15 tse di buang ka “Dipokano tsa go Tlhotlheletsa mo Loratong le mo Ditirong tse di Molemo.” Setlhopha seo se bontsha ka bokhutshwane gore tshedimosetso eno e ka akarediwa jang mo motlotlong fa o dira loeto lwa go boela kana mo thutong ya Baebele go thusa motho yo o kgatlhegang gore a bone botlhokwa jwa go nna gone.

Pina 126 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 30

Pina 159

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. E re ka malatsi a boikhutso a December a ntse a atamela, kgothatsa botlhe go akanya ka go ikwadisa go nna babulatsela ba ba thusang. Gatelela botlhokwa jwa gore botlhe ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ka bonako gore mokwaledi a tle a kgone go di romela kwa Mokgatlhong go santse go na le nako.

15 mets: A o Kile wa Leka go ya Kwa Bathong ba o Boleletsweng ka Bone? Puo. Baboledi bangwe ba ile ba kgona go simolola dithuto tse disha tsa Baebele ka tsela eno: Fa ba sena go ithuta le motho mongwe yo o kgatlhegang ka lobakanyana, ba botsa motho yoo gore a ga a itse ope mo gare ga ditsala tsa gagwe, ba losika, kana batho ba a ba itseng fela ba ba ka nnang ba kgatlhegela thuto ya Baebele. Gantsi ba fiwa maina a le mmalwa. Mmotse gore a o ka bolelela batho bao ka ene fa o ba etetse. Fa o etetse motho yoo, o ka nna wa re: “Semangmang o itumeletse thuto ya Baebele thata jaana mo e leng gore o ne a akanya gore le wena o ka rata go solegelwa molemo ke thulaganyo eno ya rona ya thuto ya Baebele ya mahala.” Seno se ka go thusa gore o nne le lenaane le lentle la maeto a go boela a a ka nnang dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele. Akaretsa boitemogelo bo le bongwe kana a le mabedi go tswa mo baboleding ba ba ileng ba bona batho ba ba kgatlhegang kana ba ba ileng ba simolola dithuto tse disha ka tsela eno.

20 mets: Re tsamaisa Buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka November. E re ka batho ba le bantsi ba na le Baebele, re tshwanetse gore re ba bontshe gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore ba e bale. Tlhalosa dintlha dingwe tse di tswang mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 62-4. Bala “Tlhaloso,” e e tlhalosang gore ke ka ntlha yang fa Baebele e le botlhokwa jaana. Rulaganya gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a dire pontsho ya puisano e khutshwane a dirisa ntlha e le nngwe kana di le pedi go tswa mo dirapeng 2-4 mo bukeng ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batho Modimo, tsebe 367. Gopotsa botlhe gore ba ithekele dikhopi tse ba tla di dirisang mo tirelong mo bekeng eno.

Pina 138 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela