Nnang Lo Thantse mo “Motlheñ oa Bokhutlō”
“Nnang lo lebeletse, nnang lo thantse, gonne ga lo itse gore nako e e beilweng e tla tla leng.”—MAREKO 13:33, NW.
1. Re tshwanetse go itshwara jang fa go ntse go direga dilo tse di kgatlhang mo “motlheñ oa bokhutlō” o re leng mo go one?
BAKERESETE ba tshwanetse go itshwara jang fa go ntse go direga ditiragalo tse di kgatlhang mo “motlheñ oa bokhutlō”? (Daniele 12:4) Ga ba tlogelwe ba na le dipelaelo. Jesu Keresete o ne a bolela boperofeti jo bo akaretsang sesupo se se nang le dikarolo di le mmalwa joo bo ntseng bo diragala mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga. O ne a bolelela pele dikarolo tse dintsi tseo di neng tsa tshwaya lobaka lono lwa go tloga ka 1914 gore ga lo tshwane le lope lo sele. Ereka a ne a itse polelelopele ya ga Daniele kaga “motlha oa bokhutlō,” Jesu o ne a konela boperofeti jwa gagwe jo bogolo ka go kgothatsa barutwa ba gagwe gore ba ‘nne ba thantse.’—Luke 21:36.
2. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega thata gore re nne re thantse semoyeng?
2 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re thantse? Ka gonne nako eno ke nako e e diphatsa go gaisa mo hisitoring ya motho. Fa Bakeresete ba ka otsela semoyeng mo nakong eno seno se ka felela ka matlhotlhapelo. Re tla bo re le mo kotsing fa re ka iketla fela go se tsapa le re fisang pelo kana ra letla dipelo tsa rona gore di imelwe ke ditlhobaelo tsa botshelo. Jesu Keresete o ne a re tlhagisa jaana mo go Luke 21:34, 35: “Lo itlh ōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne le tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ yeotlhe hèla.”
3, 4. (a) Jesu o ne a raya eng fa a ne a re letsatsi la bogale jwa Modimo le tla tshoganyetsa batho “yaka seru”? (b) Ereka Modimo o sa thaise seru seno, ke ka ntlha yang fa letsatsi leo le tla wela bontsi jwa batho ba sa solofela?
3 Jesu o ne a na le lebaka le le utlwalang la go bolela gore letsatsi la ga Jehofa le tla re ‘wela ka tshoganetso jaaka seru.’ Seru gantsi se na le segole, mme se dirisediwa go tshwara dinonyane le diphologolo. Seru seno se na le sengwe se se gogang, mme ope fela yo o gatang seru o kgopa selo seno se se gogang. Go tswa foo seru se a tswalega, mme se se tseneng moo se bo se tshwerwe. Tseno tsotlhe di direga ka bofefo tota. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a re, batho ba ba tsidifetseng semoyeng ba tla gakgamadiwa ebile ba tla tshoganyediwa ka ‘letsatsi la bogale’ jwa Modimo.—Diane 11:4.
4 A Jehofa Modimo ke ene a thaisetsang batho seru? Nnyaa, ka gonne ga a emela go tshwara batho ba sa solofela a bo a ba senya. Mme lefa go ntse jalo letsatsi leo le tla tshoganyetsa bontsi jwa batho ka gonne ga ba tseye Bogosi jwa Modimo e le selo sa botlhokwatlhokwa. Ba itirela dilo tse ba di batlang mo botshelong, ba tlhokomologa bokao jwa dilo tse di diragalang go ba dikologa. Lefa go ntse jalo, seno ga se fetole thulaganyo ya Modimo. O na le nako ya gagwe e a e tlhomileng eo a tla baakanyang dilo ka yone. Gape, ka bopelotlhomogi, ga a tlogele batho ba sa itse sepe kaga katlholo ya gagwe e e tlang.—Mareko 13:10.
5, 6. (a) Mmopi o diretse dibopiwa tsa gagwe tsa batho eng se se bontshang lorato ka ntlha ya katlholo ya gagwe e e tlang, mme lefa go ntse jalo go felela jang ka bontsi jwa batho? (b) Go tla tlhatlhobiwa eng seo se tla re thusang go nna re thantse?
5 Tlhagiso eno e e bolelwang nako e santse e le teng ke sengwe se Mmopi yo mogolo a se re diretseng go re bontsha lorato, mme o kgatlhegela gore dibopiwa tsa gagwe tsa batho di tshele sentle mono mo sebeong sa gagwe sa dinao sa tshwantshetso. (Isaia 66:1) O rata baagi ba lefelo leo go tweng dinao tsa gagwe di ikhuditse mo go lone. Ka jalo o dirisa baemedi le barongwa ba gagwe ba ba mo lefatsheng go ba tlhagisa ka dilo tse di santseng di tla diragala. (2 Bakorintha 5:20) Mme lefa go ntse jalo, le mororo go neetswe tlhagiso jalo, ditiragalo tseo di tla tlela lelapa la motho le sa solofela jaaka ekete ba gatile seru. Ka ntlha yang? Ka gonne bontsi jwa batho bo robetse semoyeng. (1 Bathesalonia 5:6) Ke batho ba palo e potlana fela bao ba utlwang tlhagiso eo mme ba tla falolela mo lefatsheng la Modimo le lesha.—Mathaio 7:13, 14.
6 Ka jalo, re ka nna re thantse jang mo nakong eno ya bokhutlo gore re tle re balelwe gareng ga bao ba tla bolokwang? Jehofa o thusa fa go tlhokegang gone. A re tlhatlhobeng dilo tse supa tseo re ka di dirang.
Lwantsha Dilo Tse Di Itayang Tsebe
7. Jesu o ne a tlhagisa jang malebana le dilo tse di itayang tsebe?
7 Sa ntlha, re tshwanetse go lwantsha dilo tse di itayang tsebe. Jesu o ne a bolela jaana mo go Mathaio 24:42, 44: “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna. Me ke gōna, le lona nnañ hèla lo iketleeditse: gonne Morwa Motho o tla ka nakō e lo sa mo sholoheleñ ka eōna.” Mafoko a Jesu a a dirisitseng fano a bontsha gore mo nakong eno ya botlhokwa, go ne go tla nna le dilo di le dintsi tse di itayang tsebe, mme dilo tseno di ne di ka isa kwa tshenyegong. Mo motlheng wa ga Noa batho ba ne ba tshwaregile mo dilong di le dintsi. Seno se ne sa felela ka gore batho bano ba ba iteegileng tsebe ba nne “ba sa itse” seo se neng se diragala, mme Morwalela wa ba nyeletsa botlhe. Go a tshwanela he, go bo Jesu a ne a tlhagisa jaana: “Go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo.”—Mathaio 24:37-39.
8, 9. (a) Go batla dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo go ka re itaya tsebe jang ka tsela e e kotsi? (b) Paulo le Jesu ba re tlhagisitse ka ditsela dife?
8 Gakologelwa gape gore, fa Jesu a ne a tlhagisa mo go Luke 21:34, 35, o ne a bua kaga dikarolo tse di tlwaelegileng tsa botshelo, tse di tshwanang le go ja, go nwa, le go tlhobaela kaga go bona dilo tse o tlhokang go itshedisa ka tsone. Ke dilo tse di dirwang ke batho botlhe, go akaretsa le balatedi ba Morena Jesu. (Bapisa Mareko 6:31.) Dilo tseno di ka nna tsa bo di se kotsi ka botsone, mme lefa go ntse jalo di ka re itaya tsebe, fa re di letla go dira jalo, ra tshwarega mo go tsone, mme ka jalo tsa re tsenya boroko jo bo kotsi jwa semoya.
9 Ka jalo, a re se tlhokomologeng selo sa botlhokwa go gaisa tsotlhe—go amogelwa ke Modimo. Go na le go tsenelela thata mo dilong tse di tlwaelegileng fela tsa botshelo, a re di diriseng fela ka selekanyo se se lekaneng go re tshegetsa. (Bafilipi 3:8) Ga di a tshwanela go fekeetsa dilo tse di direlwang Bogosi. Jaaka Baroma 14:17 e bolela, “bogosi yoa Modimo ga se go ya le go nwa, me ke tshiamō, le kagishō, le boitumèlō mo Moeeñ o o Boitshèpō.” Gakologelwa mafoko a ga Jesu fa a ne a re: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Mo godimo ga moo, mo go Luke 9:62, Jesu o ne a bolela jaana: “Ga go motho opè eo o ka reñ a chwere mogoma ka seatla, me a sheba kwa moragō, eo o ka chwanèlañ bogosi yoa Modimo.”
10. Go ka nna le kotsi efe fa re sa tlhome matlho a rona mo mokgeleng?
10 Fa re simolola go lema, ka tshwantshetso, re tshwanetse go tsamaya re tlhamaletse. Molemi yo o lebang kwa morago ga a ne a lema tema e e tlhamaletseng. O iteega tsebe mme a ka faposiwa kana a emisiwa ke sekgoreletsi sengwe. A re se ka ra tshwana le mosadi wa ga Lote, yo o neng a leba kwa morago mme a se ka a bo a falola. Go tlhokega gore matlho a rona a nne a lebile fela kwa pele kwa mokgeleng. Gore re kgone go dira seo re tshwanetse ra lwantsha dilo tseo di re itayang tsebe.—Genesise 19:17, 26; Luke 17:32.
Rapela ka Tlhoafalo Yotlhe
11. Jesu o ne a gatelela eng fa a sena go re tlhagisa ka kotsi ya go iteega tsebe?
11 Lefa go ntse jalo, go na le mo go oketsegileng mo re ka go dirang gore re nne re thantse. Selo sa bobedi sa botlhokwa ke se: Rapela ka tlhoafalo yotlhe. Fa Jesu a sena go re tlhagisa gore re se ka ra itewa tsebe ke go batla dilo tse di tlwaelegileng mo botshelong, o ne a neela kgakololo eno: “Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:36.
12. Go tlhokega thapelo e e ntseng jang, mme e ka lere matswela afe?
12 Ka jalo, re tshwanetse go nna re ntse re kokotlela malebana le bodiphatsa jwa boemo jwa rona le kafa go tlhokegang ka gone gore re nne re disitse. Ka jalo a re yeng go Modimo ka thapelo re mo kopa ka tlhoafalo. Paulo o bolela jaana mo go Baroma 12:12: “Lo nnèlè rure mo thapeloñ.” Mme re bala jaana mo go Baefesia 6:18: “Lo ntse lo rapèla ka metlha eotlhe mo Moeeñ, ka thapèlō eotlhe le kokotlèlō, lo nntse lo nnetse gōna ka bocwèlèlō pele yotlhe.” Seno ga se go rapela fela jaaka ekete ke sengwe se se seng botlhokwa go le kalo se motho a tshoganang fela a se dira. Botshelo jwa rona bo mo kotsing. Ka jalo re tshwanetse ra kopa thuso ya Modimo ka tlhoafalo. (Bapisa Bahebera 5:7.) Ka go dira jalo re tla ipoloka re le kafa letlhakoreng la ga Jehofa. Ga go na sepe se se ka nnang botlhokwa mo go re thuseng go dira seno go feta go ‘kokotlela ka metlha.’ Go tswa foo Jehofa o tla re boloka re le mo boemong jwa go lebelela re thantse. He, abo go le botlhokwa jang ne gore re nnele ruri mo thapelong!
Ngaparela Phuthego ya Modimo le Tiro ya Yone
13. Go tlhokega gore re kopanele le bomang gore re nne re thantse?
13 Re batla go falola dilo tseno tsotlhe tseo di tla tlelang lefatshe. Re batla go ema fa pele ga Morwa motho, a re amogela. Go re thusa go dira jalo go na le sengwe sa boraro seo re ka se dirang: Ngaparela phuthego ya ga Jehofa ya bolegodimo thata. Re tshwanetse go kopanela le phuthego eo ka botlalo re bo re nne le seabe mo ditirong tsa yone. Ka go dira jalo re tla ipontsha gore kwantle ga pelaelo re Bakeresete ba ba disitseng.
14, 15. (a) Re tla thusiwa go nna re thantse ke go tshwarega mo tirong efe? (b) Ke mang yo o bonang gore a tiro ya go rera e weditswe, mme re tshwanetse ra ikutlwa jang kaga yone? (c) Morago ga sepitla se segolo, re tla lemoga eng fa re leba kwa morago mo tirong ya go rera ka Bogosi eo e dirilweng?
14 Sengwe se se amanang thata le seo ke selo sa bonè seo se ka re thusang gore re nne re thantse. Re tshwanetse go nna bangwe ba bao ba tlhagisang batho kaga bokhutlo jo bo tlang jwa tsamaiso eno ya dilo. Bokhutlo jo bo feletseng jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo ga bo ketla bo nna go fitlha “mahoko a a molemō a, a bogosi” a sena go rerwa ka selekanyo se Modimo Mothatayotlhe a se tlhomileng. (Mathaio 24:14) Basupi ba ga Jehofa ga se bone ba ba ka bonang gore a tiro ya go rera e weditswe. Jehofa o dirile gore tshwanelo eo e nne ya gagwe fela. (Mareko 13:32, 33) Lefa go ntse jalo, rona re ititeile sehuba gore re tla dira ka natla kafa re ka kgonang ka gone ebile re dira jalo ka lobaka lo loleele kafa go tlhokegang ka gone re rera kaga puso e e molemo go gaisa epe e setho se kileng sa nna le yone, Bogosi jwa Modimo. “Sepitla se segolo” se tla simologa fa re santse re tshwaregile mo tirong eno. (Mathaio 24:21) Mo nakong yotlhe e e tlang mo isagweng, batho ba ba bolokilweng ba tla kgona go leba kwa morago le go tlhomamisa ka bopeloephepa gore Jesu Keresete e ne e se moperofeti wa maaka. (Tshenolō 19:11) Tiro ya go rera e tla bo e dirilwe ka selekanyo se segolo go gaisa kafa bao ba e dirang ba neng ba solofetse ka gone.
15 Ka jalo, ka nako ya botlhokwa ya fa tiro eno e tla bo e dirilwe ka selekanyo se se kgotsofatsang Modimo, gongwe e tla bo e dirwa ke batho ba palo e e fetang ya batho ba ba kileng ba e dira ka nako epe fela pele ga foo. Abo re tla leboga jang ne go bo re ile ra nna le seabe mo tirong e e molemo eno! Moaposetoloi Petere o re tlhomamisetsa gore Jehofa ‘ga a rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.’ (2 Petere 3:9) Ka jalo, gompieno maatla a a dirang a Modimo Mothatayotlhe a dira ka thata go feta lefa e le leng pele, mme Basupi ba ga Jehofa ba eletsa go tswelela pele mo tirong eno e e tsamaisiwang ke moya. Ka jalo ngaparela phuthego ya ga Jehofa, mme o tshwarege mo bodiheding jwa yone jwa phatlalatsa. Seno se tla go thusa gore o nne o thantse.
Itlhatlhobe
16. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhatlhoba boemo jwa rona jwa semoya jwa gone jaanong?
16 Go na le sengwe sa botlhano seo re ka se dirang gore re nne re thantse. Re tshwanetse go tlhatlhoba boemo jwa rona jwa gone jaanong, motho ka bongwe. Seno se tshwanetse go feta lefa e le leng pele. Re tshwanetse go supa gore re eme ka bopelokgale kafa letlhakoreng la ga mang. Paulo o ne a bolela jaana mo go Bagalatia 6:4: “A motho moñwe le moñwe a sekasekè e e leñ tihō ea gagwè.” Itlhatlhobe go ya ka mafoko ano a ga Paulo a a mo go 1 Bathesalonia 5:6-8: “A re se robaleñ, yaka ba bañwe ba tla ba dihe, me a re lebeleleñ, re nneñ boitekanèlō. Gonne ba ba rōbalañ ba tla ba rōbale bosigo: le ba ba tagwañ ba tla ba tagwe bosigo. Me rona, ka re le ba motshegare, a re nneñ boitekanèlō, re apere letlatla ya sehuba ya tumèlō le loratō: me a cholohèlō ea polokō e nnè eōna tlhoro ea phemèlō.”
17. Fa re itlhatlhoba, re tshwanetse ra ipotsa dipotso dife?
17 Mme go tweng ka rona? A fa re itlhatlhoba ka lesedi la Dikwalo, re fitlhela gore re nna re thantse, gore tsholofelo ya poloko ke yone tlhoro ya rona ya phemelo? A re batho bao ruri ba ikgaogantseng le tsamaiso e kgologolo ya dilo ebile ba sa tlhole ba dira go ya ka megopolo ya yone? A ruriruri re na le moya wa lefatshe la Modimo le lesha? A re lemoga ka botlalo gore tsamaiso eno e ya kae? Fa e le gore go ntse jalo, letsatsi la ga Jehofa ga le na go re tshoganyetsa jaaka ekete re magodu.—1 Bathesalonia 5:4.
18. Ke dipotso dife tse dingwe tseo re ka tlhokang go di ipotsa, mme seo se ka felela ka eng?
18 Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore go itlhatlhoba ga rona go senola gore re leka go itirela botshelo jo bo monate, jo bo tobetsegang, jwa manobonobo, jwa go thuba kobo segole? Go tweng fa re lemoga gore matlho a rona a semoya a setse a le bokete ka ntlha ya go otsela le boroko? A re mo boemong jo eketeng re a lora, re leleka toro nngwe ya selefatshe? Fa e le gore go ntse jalo, a re thanyeng!—1 Bakorintha 15:34.
Tlhatlhanya ka Boperofeti jo bo Diragaditsweng
19. Dingwe tsa dipolelelopele tseo re di boneng di diragadiwa ke dife?
19 Jaanong re tla mo selong sa borataro seo se tla re thusang gore re nne re thantse: Tlhatlhanya ka boperofeti jo bontsi jo bo diragaditsweng mo motlheng ono wa bokhutlo. Re setse re fetile ngwaga wa bo 77 fa e sale metlha e e tlhomilweng ya baditšhaba e khutla ka 1914. Fa re leba kwa morago dingwaga tse di fetang dikwatara di le tharo tsa lekgolo la dingwaga, re kgona go bona kafa boperofeti bo ntseng bo diragadiwa ka gone ka go latelana ga jone—go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri; go gololwa ga masalela a batlodiwa, mmogo le balekane ba bone, ba tsenngwa mo paradaiseng ya semoya; go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe; go tla ga bodidiidi jo bogolo. (Isaia 2:2, 3; kgaolo 35; Sekaria 8:23; Mathaio 24:14; Tshenolō 7:9) Leina le legolo la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe jwa lefatshe lotlhe di ntse di golediwa, gape yo monnye o ntse a oketsega go nna makgolo a a lesome le yo mmotlana go nna morafe o o thata, Jehofa a ntse a go akofisa mo motlheng wa gone. (Isaia 60:22; Esekiele 38:23) Gape diponatshegelo tsa ga Johane tse di mo pegong ya Tshenolō jaanong di atamela konelo ya tsone.
20. Basupi ba ga Jehofa ba dumela eng ka tlhomamo, mme tota ba ile ba itshupa e le eng?
20 Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba dumela ka tlhomamo go feta lefa e le leng pele, gore tsela eo ba tlhaloganyang ditiragalo tsa lefatshe tsa fa e sale ka 1914 ka yone ke ya boammaaruri. Ba na le tumelo e e ntseng jalo, ba itshupile e le didirisiwa tsa Modimo Mogodimodimo. Ke bone bao ba neetsweng tiro ya go bolela molaetsa wa Modimo mo nakong eno ya botlhokwa. (Baroma 10:15, 18) Ee, mafoko a ga Jehofa kaga motlha wa bokhutlo a diragetse. (Isaia 55:11) Seno le sone, se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re tswelele pele go fitlha ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo di diragadiwa ke Jesu Keresete.
Poloko E Gaufi go Feta ka Nako ya Fa Re Ne Re Nna Badumedi
21. Ke thuso efe ya bosupa eo re nang le yone ya gore re nne re thantse?
21 La bofelo, thuso ya bosupa ya gore re nne re thantse ke eno: Nna o gakologetswe gore poloko ya rona e gaufi go feta ka nako ya fa re ne re nna badumedi. Sengwe se se botlhokwa le go feta, go setse go le gaufi thata gore bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe bo golediwe le gore leina la gagwe le itshepisiwe. Ka jalo go potlakile go gaisa lefa e le leng pele gore re nne re thantse. Moaposetoloi Paulo o kwala jaana: “Lo itse motlha, ha yana e setse e le lobaka loa lona loa go coga mo borokoñ: gonne gompiyeno polokō e re atametse bogolo go yale ka re simolola go dumèla. Bosigo bo setse bo hetile, me bosa bo atametse.”—Baroma 13:11, 12.
22. Lebaka la go bo go le gaufi gore re bolokwe le tshwanetse go re ama jang?
22 Ereka go setse go le gaufi thata jaana gore re bolokwe, re tshwanetse go nna re thantse! Ga re a tshwanela go letla dikgatlhego dipe tsa botho kana tsa lefatshe gore di fekeetse kanaanelo e re nang le yone ka se Jehofa a se direlang batho ba gagwe mo motlheng ono wa bokhutlo. (Daniele 12:3) Re tlhoka go ganelela go feta lefa e le leng pele gore re se ka ra faposiwa mo tseleng e Lefoko la Modimo le e re kaelang ka phepafalo. (Mathaio 13:22) Bosupi bo bontsha gore kwantle ga pelaelo lefatshe leno le mo metlheng ya lone ya bofelo. Mo bogautshwaneng le tla senngwa ka bosakhutleng go sutela lefatshe le lesha la tshiamo.—2 Petere 3:13.
23. Jehofa o tla re thusa jang, mme seno se tla felela ka masego afe?
23 Jalo he, a re lekeng ka bojotlhe gore re nne re thantse. Nna o disitse go feta lefa e le leng pele, go bona gore re fa kae mo nakong. Gakologelwa, Jehofa le ka motlha ga a ketla a robala malebana le kgang eno. Go na le moo, o tla nna a ntse a re thusa gore re nne re thantse mo motlheng ono wa bokhutlo. Bosigo bo setse bo fetile. Bosa bo atametse. Ka jalo nnang lo thantse! Mo bogautshwaneng re tla nna mo letsatsing le le monate go a feta otlhe, fa Bogosi jwa ga Mesia bo tla bo bo diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le lefatshe!—Tshenolō 21:4, 5.
O Tla Araba Jang?
◻ Jesu o ne a raya jang fa a re letsatsi la bogale jwa Modimo le ne le tla wela batho “yaka seru”?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lwantsha dilo tse di re itayang tsebe, mme re ka dira seo jang?
◻ Re tlhoka go rapela jang gore re nne re thantse?
◻ Go botlhokwa go kopanela le bomang?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhatlhoba boemo jwa rona jwa semoya?
◻ Boperofeti bo na le seabe sefe mo go nneng ga rona re thantse?