Go Dira Maeto a go Boela O na Le Maikaelelo
1 Fa o dira loeto lwa go boela, o tshwanetse gore o leke go dirisa lekwalo lengwe le le tla oketsang kitso ya motho malebana le kgang ya Baebele e lo tlotlileng ka yone mo nakong e e fetileng.
2 Mokgele mongwe wa go boela kwa bathong ba o tsamaisitseng dimakasine kwa go bone ke go simolola tselana ya dimakasine. Puisano e e motlhofo e e ntseng jaaka eno e ka nna molemo thata:
◼ “Ke solofela gore o ile wa itumelela setlhogo se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo e ke neng ka e go tlogelela se se neng sa tlhalosa gore ke eng fa re tshwanetse go boifa Modimo. Gompieno ke go tletse setlhogo se se mo makasineng wa Tsogang! se se botsang potso e e reng, ‘Ke Eng fa Botshelo bo le Bokhutshwane Jaana?’ Ke potso e ntle a ga go jalo?” O ka nna wa tswelela ka go re: “Mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 3:16 a a itsegeng thata a re naya tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Tsweetswee ikamogelele makasine ono mme o kgothadiwe ke tsholofelo e e nonofileng e re e newang ke Lefoko la Modimo.” Mme morago ga foo o tlhalose gore o tla boa o tlisa ditokololo tse dingwe mme gongwe lo bo lo tlotla gape ka se Modimo a se solofetsang batho ba ba mo utlwang. Gakologelwa gore nako nngwe le nngwe fa o isa dimakasine, o ka nna wa bega loeto lwa go boela.
3 Fa e le gore o ile wa tsamaisa makasine o o nang le setlhogo se se reng “Lefatshe le le Senang Ntwa—Le Tla Nna Teng Leng?” o ka nna wa re:
◼ “Go ne go ka nna jang mo lefatsheng le go sa tlholeng go na le dintwa mo go lone? [Letela karabo.] Mma ke go bontshe gore Modimo o solofeditse gore o tla dira eng.” Bala Pesalema 37:10, 11 mme o bo o tlhalosa gore go tla nna jang fa go rata ga Modimo go dirwa mo lefatsheng. Gopotsa motho yo ka se Jesu a neng a ruta barutwa ba gagwe gore ba se rapelele jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 6:9, 10. Mo thuse gore a akanye ka se tota mafoko ao a ga Jesu a se kayang. Tsamaisa peeletso ya Tora ya Tebelo kana Tsogang! mme o bo o dira dithulaganyo tsa gore o boe gore lo tle go tlotla gape.
4 Fa e le gore o boile gore o tle go tlotla ka metseletsele ya setlhogo se se kafa ntle sa “Ke Eng fa Botshelo bo le Bokhutshwane Jaana?” o ka nna wa simolola ka tsela eno:
◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, re ne ra bua ka boleele jwa botshelo jwa motho. Jaaka o ka tswa o bone mo ditlhogong tsa Tsogang!, borasaense ga ba re fe tsholofelo ya gore ba ka re thusa go tshela lobaka lo lo fetang lwa dingwaga tse 70 kana tse 80. Mme o akanya eng ka se Baebele e se solofetsang? [Letela karabo.] Baebele e bontsha gore Modimo o akantse ka sengwe se se botoka se a tla se direlang batho.” Morago ga foo bala Johane 17:3 mme o bo o tlhalosa gore go nna le kitso go ka thusa motho jang go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ka nako eno o ka kgona go buelela thuto ya Baebele ya legae kana wa rulaganya go tla go tlotla gape ka Baebele.
5 Go simolola thuto ya Baebele ke mokgele o o botlhokwa mo bodireding jwa rona. Gongwe o setse o etetse motho yo o tshotseng dimakasine ka makgetlhonyana a sekae. Ke eng fa o sa leke go simolola jaana fa o boela gape?:
◼ “Batho ba na le dikgopolo tse dintsi tse di farologaneng ka bodumedi le botlhokwa jwa jone mo metlheng eno ya segompieno. Batho ba dumela dilo tse di sa tshwaneng malebana le gore ke ka ntlha yang fa Modimo o dumeletse boikepo kana lebaka la go bo re tsofala le go swa. Batho ba bangwe ba rata go itse gore ba tshwanetse gore ba rapele jang gore Modimo o ba utlwe.” Bula nngwe ya dikgatiso tsa rona tsa go ithuta Baebele mo setlhogong se o akanyang gore se tla kgatlha mongantlo mme o bo o mmontsha ka bokhutshwane gore thuto e tshwarwa jang.
6 Jehofa ke Modimo wa boikaelelo. A re mo etseng ka October ka go dira maeto a go boela re na le maikaelelo.