Tlhotlheletsa Kgolo ka Maeto a go Boela a a Nang le Matswela
1 Go thusa botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego, go tlhokega thata gore re tswelele re ba fa dijo tsa semoya tsa ka metlha ka go nna re ba boela ka metlha. Fa re ntse re ba etela, seno se tla tlhotlheletsa ka bonya ka bonya tsela e ba golang ka yone ya semoya. (1 Bakor. 3:6-9) Gore maeto a rona a nne le matswela, go tlhokega gore re ipaakanyetse go sa le gale pele ga nako, re ntse re akantse ka motho yoo.
2 Go Boela Mo Go Ba Re ba Tlogeletseng Pampitshana: Gongwe mo loetong lwa rona lwa ntlha re ne re ba tlogeletse pampitshana ya Lefatshe le Lesha le le Nang le Kagiso.
Fa re sena go boeletsa ka bokhutshwane se re buileng ka sone mo nakong e e fetileng, re ka nna ra botsa potso e e tshwanang le eno:
◼ “Ke puso efe e e ka tlisang diphetogo tseno? [Leta gore a akgele.] Ga go belaesege gore le wena o ka ipelela go tshela mo maemong a a ntseng jaana. Rona ka borona re ka ipelela jang maemo a a ntseng jalo?” Go tswa foo lo ka tlotla ka kgang e e mo setlhogwaneng se se reng “Ka Moo Bo Ka Kgonagalang ka Gone mo go Wena.” Mmontshe buka ya O Ka Tshelela Ruri, mo kgaolong ya 15, “Ditsela tsa Go Nna Mmusiwa wa Puso ya Modimo.” Re ka nna ra buisana ka dirapa tsa ntlha tse pedi mme go tswa foo re bo re botsa potso e e reng: “Go ithuta kaga Modimo go tshwanetse ga re ama jang?” O ka nna wa dira dithulaganyo tsa gore o arabe potso eno le go tswelela ka go tlotla ka dintlha tse dingwe mo kgaolong eo fa o etile gape.
3 Fa re boetse mo go ba re ba tlogeletseng buka ya “O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise,” re ka nna ra re:
◼ “Nako e e fetileng fa ke ne ke go etetse, re ne ra buisana ka mathata a le mantsi a batho ba lebaganeng le one, le kaga seo Modimo a solofeditseng gore o tla se dira ka one. Mme he, ke eng fa Modimo o dumeletse pogo gore e tswelele ka lobaka lo lo kanakana? Go na le karabo e e kgatlhisang thata mo kgaolong ya 11 ya buka e ke e go tlogeletseng.” Kopa mong wa ntlo gore a tle ka buka ya gagwe fa maemo a dumela. Morago ga go buisana ka dirapa di sekae, re ka nna ra botsa jaana: “A o akanya gore go tla ko go kgonege gore re nne mo lefatsheng le le tla bong le sena boikepo, le batho ba tla kgonang go ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo pusong ya tshiamo mo go lone?” Bolelela mong wa ntlo gore o tla itumelela go mmoela mo bekeng e e tlang mme o tla buisana le ene ka dikarabo tsa dipotso tseno mo kgaolong ya 1, “Go Tshelela Ruri Ga Se Toro Fela.”
4 Go Boela Mo Go ba Re ba Tlogeletseng Dimakasine: Fa e le gore o ile wa tlhopha setlhogo sengwe se se maleba se se ileng sa kgatlha mong wa ntlo, oketsa ka dintlha tse dingwe gape go tswa mo setlhogong seo fa o mmoetse, o lebagantse dikakgelo tsa gago le lokwalo lo le longwe fela lwa konokono le kgang e e le tlhalosang. Fa a ntse a tsweletse ka go bontsha kgatlhego, o ka nna wa bua le ene ka melemo e e ka bonwang mo dimakasineng. Mme gape, o ka nna wa mo lebisa mo tokololong e e latelang ya makasine fa e le gore le yone e na le setlhogo se se nang le kgang e e tshwanang. Fa go sa nna jalo, re ka nna ra bua le ene ka kgang e e mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri e e buang ka kgang eo re bo re dira dithulaganyo tsa go tla go bua ka yone fa re mo etetse gape.
5 Fa re kgatlhegela batho ka namana ka go ba boela ka tsela e e nang le matswela, re tla bo re supa gore re a ba rata le gore re rata Jehofa. (Yoh. 13:34, 35) A tlhe re nne re tlhotlheletseng batho ba ba nnang mo tshimong ya rona gore ba gole semoyeng ka go nna re ba boela ka tsela e e nang le matswela.