Dirang Gore ba Ikutlwe ba Amogetswe kwa Segopotsong
1 Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, go ne go na le mmoledi a le 1 wa mafoko a a molemo mo bathong bangwe le bangwe ba le 3 ba ba neng ba tlile Segopotsong. Go lebega go tlile go nna jalo le monongwaga. Bangwe ba ka tswa ba boleletswe ke mongwe wa losika kana mongwe fela yo o ba tlwaetseng yo o nnang kwa toropong e nngwe, fa ba bangwe ba ka tswa ba laleditswe ke mmoledi wa mo lefelong leo. Lefa gone bangwe ba bano e le batho ba ba kolobeditsweng, ga ba tlhole ba nna le seabe mo bodiheding. Re amogela botlhe ba ba tlotlang taolo eno ya ga Jesu ka diatla tsoopedi: “Dihañ mo lo nkgopolè ka gōna.”—1 Bakor. 11:24; Bar. 15:7.
2 Ba ba abetsweng gore e nne batlhokomedi ba tshwanetse go ela tlhoko thata gore ba amogela mongwe le mongwe, segolobogolo batho ba basha fa ba goroga kwa Holong ya Bogosi. Lefa go ntse jalo, rotlhe re tshwanetse go amogela baeng fa ba tla kwa Segopotsong. (Bar. 12:13) Jang?
3 Mo maitseboeng ao, baboledi bangwe ba tla bo ba tshwaregile thata ka go ya go tsaya batho ba ba kgatlhegang ka dikoloi tsa bone. Bangwe ba ka kgona go goroga nako e santse e le teng mme ba thusa ka go dumedisa baeng ba ba tlileng ba le nosi. Fa motho yo o sa mo itseng a tsena mo holong, mo dumedise ka lorato, mme o simolole go tlotla le ene. Mmotse gore a o itse mongwe mo phuthegong ya lefelo la lona. Fa a le teng, mo tlhokomele go fitlha motho yoo a goroga. (Bapisa Luke 10:35.) Fa go sena ope yo a mo itseng, ke eng o sa mo kope gore a nne le wena fa pokano e tsweletse? Tlhalosa kafa beine le senkgwe di tlileng go dirisiwa ka teng mo thulaganyong. A ka nna a tlhoka gore o mo thuse go bula ditemana tse di nopolwang ke sebui.
4 Fa moletlo wa Segopotso o fela, mmolelele gore o itumeletse go bo a ne a tlile. A ka tswa a na le dipotso dingwe tse o ka di arabang ka tiro ya rona. Tsela e o mo kgatlhegelang ka yone e ka dira gore le tlotle ka dikgang dingwe tsa Bibela, gongwe kwa Holong ya Bogosi kana felo gongwe. Bakaulengwe ba ba ntshitseng matlho dinameng ba ba ileng ba dira selo seno se ba se akgolelwang ba ile ba simolola dithuto tse di kgatlhang tota. Pele a tswa kwa Holong ya Bogosi, mo itsise ba bangwe, mme o mo laletse ka lorato gore a tle gape.
5 A bo go le monate jang ne go amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba re ba ratang ba mo nakong e e fetileng ba neng ba ntse ba sa nne teng ka metlha kwa dipokanong kana ba ba nang le lobaka ba sa nne le seabe mo bodiheding! Go na le gore o ba botse gore ke eng ba ntse ba sa bonale, ba bolelele fela gore o itumeletse go ba bona ba le teng. Gongwe sengwe se ba tla se utlwang mo puong ya Segopotso se tla ba tlhotlheletsa gore ba akanye gape ka kamano ya bone le Jehofa. Tsela e e lorato e o ba amogelang ka yone le go ba supetsa ka mmatota gore o amega ka bone e ka ama dipelo tsa bone. Ba bolelele gore o tla rata go ba bona gape.—Bar. 1:11, 12.
6 Puo e e kgethegileng ya setlhogo se se reng “Bodumedi jwa Boammaaruri Bo Kgotsofatsa Batho mo Dilong Tse Ba Di Tlhokang” e tlile go neelwa mo diphuthegong tse dintsi ka April 10. Tlhomamisa gore botlhe ba ba lalediwang gore ba tle kwa Segopotsong ba lalediwe gape ba bo ba thusiwe gore ba nne teng. Re solofela gore botlhe ba ba tla nnang teng mo dipokanong tse di kgethegileng tseno ba tla ikutlwa gore ba amogetswe e bile ba tla utlwa moya o o lorato wa botsalano o o leng teng mo bathong ba ga Jehofa.—Pes. 133:1.