Tshwarang Thata mo go Boleleng Tsholofelo ya Lona Phatlalatsa lo Nitame
1 Thuto ya Tora ya Tebelo ke tsela e kgolo e ‘dijo tse di abiwang ka dipaka tse e leng tsone’ tsa semoya di newang batho ba Modimo ka yone gompieno. (Math. 24:45) Re ya kwa pokanong eno ya botlhokwa ka maikaelelo a mabedi a magolo—go agiwa semoyeng le go bolelela ba bangwe tsholofelo ya rona phatlalatsa.—Baheb. 10:23-25.
2 Go Solegelwa Molemo ka Borona: Go fopholediwa gore ke nngwetharong fela ya ba ba nnang teng mo diphuthegong tse dintsi e e tlang e ipaakanyeditse thuto go sale gale. Yone palo eo ke yone e e nnang le seabe mo go arabeng. Dijo tse di nonofileng tsa semoya tse di leng mo Thutong ya Tora ya Tebelo ga di kake tsa nwela mo mogopolong le go tlhaloganngwa kwa pokanong fela. O tshwanetse wa beela nako kwa thoko gore o ithute tshedimosetso eo nako e santse e le teng.
3 Fa o ipaakanyetsa thuto o ka nna wa fitlhela go thusa thata go bala le go akanya pele ka dipotso tse di leng mo lebokosong le le gaufi le kwa setlhogo se felelang teng. Tseno di ka go thusa gore o tlhome mogopolo wa gago mo dintlheng tse dikgolo tse go tlileng go ithutiwa ka tsone.
4 Reetsa se se buiwang ka kelotlhoko fa thuto e tsweletse. Reetsa mafoko a motshwari wa thuto a akgelang ka one kwa tshimologong; dikakgelo tseno di go baakanyetsa thuto. A ka nna a botsa dipotso di le tharo kana di le nne tse di tlileng go arabiwa, kana a boeletsa dintlha tse dikgolo go tswa mo thutong ya beke e e fetileng fa e le gore ya beke eno e tsweletsa setlhogo se se tshwanang. Fa e le gore go na le phetogo nngwe mabapi le kafa re tlhaloganyang boperofeti jwa Bibela ka teng kana molaomotheo mongwe wa Dikwalo, o tla dira gore re ele seno tlhoko. Gone mme, dikakgelo tsa motshwari wa thuto di tshwanetse go nna dikhutshwane, gonne boikaelelo bongwe jwa thuto eno ke gore phuthego e nne le sebaka sa go bolela tsholofelo ya yone. Reetsa ka kelotlhoko fa ba bangwe ba ntse ba akgela ka se ba se ithutileng; seno se ka thusa go nonotsha tumelo ya gago.
5 Bolela Tsholofelo ya Gago: A o akgela ka metlha mo thutong? Se se batlegang thata ke dikakgelo tse dikhutshwane tse di opang kgomo lonaka. (Bapisa Luke 21:1-4.) Botlhe ba itumelela kakgelo e e bonolo e e tswang pelong. Gantsi kakgelo ya ntlha e e arabang potso e tshwanetse go nna khutshwane e bile e araba potso ka tlhamalalo. Seno se naya ba bangwe sebaka sa go umaka lokwalo kana go bolela ntlha nngwe e e mo serapeng. Bontsi bo bolela tsholofelo ya bone phatlalatsa ka tsela eno. Dikakgelo di tshwanetse go bo e le tse di siameng le tse di agang.
6 Fa e le gore o sa tswa go simolola go tla thutong kana fa e le gore o boifa go akgela, o ka nna wa kopa motshwari wa thuto gore a go thuse. Mo kope gore a batle letsogo la gago fa go sekasekiwa serapa se se rileng. Gongwe o ka ithaopela go bala lokwalo lo lo umakilweng fela kana wa bolela ka bokhutshwane gore le kaya eng. O ka nna wa kwala dintlha di sekae fa thoko go go thusa go gakologelwa se o batlang go se bolela fa o akgela. Fa o santse o le mmotlana, itse gore dikakgelo tsa gago di a itumelelwa e bile di a anaanelwa.—Math. 21:16.
7 Go botlhokwa thata gore re bolele tumelo ya rona, mme Thuto ya Tora ya Tebelo e re naya sebaka se se molemo thata sa go dira jalo. Fa o etsaetsega go akgela, dira se o ka se kgonang go fenya bothata joo, mme o arabe lefa e ka nna gangwe fela. O tla bo o dirile sengwe mo thutong e bile o tla ikutlwa botoka ka gone. Ka jalo, ke eng fa o sa dire gore o akgele gangwe fela mo Thutong e e latelang ya Tora ya Tebelo?—Dia. 15:23.