Dipokano Tsa Tirelo ka March
Beke E E Simololang ka March 7
Pina 200
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
20 mets: “Koketsego E E Tswelelang E Dira Gore go Tlhokege Diholo tsa Bogosi Tse Di Oketsegileng”—Karolo 1. Go sekasekiwe dirapa 1-10 tsa tsenyeletso ka dipotso le dikarabo. Gatelela mabaka a go bo bagolwane ba tshwanetse go ikgolaganya le Komiti ya Kago ya Kgaolo go tloga fela kwa tshimologong fa ba akanya ka go aga Holo ya Bogosi.
15 mets: “Tsamaisa Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang.” Motlotlo le bareetsi. Dira gore mmoledi yo o ipaakanyeditseng sentle a dire pontsho ya dipuisano tse di mo go serapa 2 le 3. O supe gape le kafa mmoledi a laletsang mong wa ntlo yo o kgatlhegang ka teng gore a tle kwa Segopotsong le kwa puong e e kgethegileng. Morago ga pontsho nngwe le nngwe, kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ithutileng mo pontshong eo. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo go tsamaiseng buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang mo kgweding eno.
Pina 225 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka March 14
Pina 205
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Modimo. Umaka dintlha tse di kgethegileng tse di mo dimakasineng tsa bosheng tse di ka dirisiwang mo bodiheding beke eno.
15 mets: “A O Ka Oketsa Kafa O Bakang Jehofa ka Teng mo Kgweding ya April?” Dipotso le dikarabo. Kopa ba ba kileng ba nna babulatsela ba ba thusang mo nakong e e fetileng gore ba akgele. Ba kope gore ba tlhalose gore ba ne ba fetola dilo jang gore ba kgone go bona tshiamelo eno. Kgothatsa botlhe ba ba batlang go nna babulatsela ba ba thusang ka April gore ba tlise diforomo tsa bone tsa dikopo ka bonako jo bo ka kgonegang.
20 mets: “Dirang Gore ba Ikutlwe ba Amogetswe kwa Segopotsong.” Dipotso le dikarabo. Fa lo sena go sekaseka serapa 3 dirang pontsho e khutshwane ya motlhanka wa bodihedi a amogela motho yo mosha kwa Segopotsong. Balebedi ba ba okamelang ba tshwanetse go boeletsa lenaane la dilo tse di tshwanetseng go dirwa le le mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1993, tsebe 7, go tlhomamisa gore dithulaganyo tsotlhe tsa Segopotso di dirilwe.
Pina 150 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka March 21
Pina 143
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona, go akaretsa le pego ya madi le meneelo e e amogetsweng. Tlotla ka lebokoso la setlhogo se se reng “Diyō ka Dipaka Tse E Leñ Cōna.” Kgothaletsa botlhe gore ba laletse batho ba ba kgatlhegang gore ba tle kwa puong e e kgethegileng e e tlileng go nna ka April 10.
15 mets: “Ba Thuseng Gore ba Tseye Kgato ka Molaetsa wa Bogosi.” Motlotlo le bareetsi. Nna le dipontsho tse di baakantsweng sentle go dirisiwa dipuisano tse di mo go serapa 2 le 3.
20 mets: “Koketsego E E Tswelelang E Dira Gore go Tlhokege Diholo tsa Bogosi Tse Di Oketsegileng”—Karolo 2. Puo e e neelwang ka matlhagatlhaga ke mogolwane mo dirapeng tsa 11-21 tsa tsenyeletso. Gatelela gore go tlhokega baithaopi ba ba oketsegileng, mme o bo o tshotse diforomo tsa Kingdom Hall Volunteer Worker Questionnaire kwa pokanong. Tlhalosa dikgato tse di lesome tsa go nna le Holo ya Bogosi. Fa nako e letla, akaretsa maitemogelo a a maleba a a anetsweng fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi mo lefelong la lona mo nakong e e fetileng. Mokwaledi o tshwanetse go boloka kopi ya tsenyeletso eno mo difaeleng tsa phuthego kafa tlase ga “Holo ya Bogosi.”
Pina 121 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka March 28
Pina 112
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla o bo o dire dipontsho tse di maleba ka ditsela tsa go neela bosupi mo tshimong ya phuthego ya lona ka se lo tla bong lo se dirisa ka April. Anela maitemogelo a a bontshang kafa baboledi ba bangwe ba neng ba bona dipeeletso ka teng mo loetong lwa go boela. Bolela dithulaganyo tsa Letsatsi la Dimakasine le le kgethegileng ka April 9. A mongwe le mongwe o ipaakantse e bile o siame sentle go tsamaisa dimakasine letsatsi lotlhe? Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tla rata go etelela pele ka botlhaga le go thusa mongwe le mongwe mo phuthegong gore a nne le seabe. Tlhotlheletsa botlhe gore ba tlhagafalele puo e e kgethegileng ka April 10. Kgothatsa mongwe le mongwe mo phuthegong mmogo le batho ba ba kgatlhegang gore ba nne teng. Eno ke nngwe ya ditiragalo tse di kgethegileng tsa April. Puo eno e tlile go neelwa mo lefatsheng lotlhe mo diphuthegong tse di fetang 70 000. Setlhogo sa yone ke “Bodumedi jwa Boammaaruri bo Kgotsofatsa Batho mo Dilong Tse Ba Di Tlhokang.”
15 mets: “Tshwarang Thata mo go Boleleng Tsholofelo ya Lona Phatlalatsa Lo Nitame.” Se akarediwe ka dipotso le dikarabo ke motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo. Kopa gore go akgele ba ba ileng ba kgona go fenya poifo e ba neng ba na nayo ya go akgela kwa dipokanong. Gatelela gore go ipaakanyetsa go sale gale go botlhokwa thata. Kgothaletsa botlhe mo phuthegong gore ba ipaakanyetse gore ba nne le seabe ka botlalo mo thutong ya Tora ya Tebelo beke nngwe le nngwe.
15 mets: Go Nna O Itlhaotse Jaaka Mokeresete. Mogolwane yo o nang le maitemogelo o tlotla le bareetsi ka lekwalo la June 17, 1993, le le kaga go nna o itlhaotse. Ka April go tla bo go tshwerwe ditlhopho tsa kakaretso mo Afrika Borwa. A bakaulengwe ba itse gore ba tla dira jang fa ba tla bo ba lekwa ka tsela eno e ntšha ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone? Go tla bo go buiwa ka dipolotiki fela thata ka nako eo. Seno se tla nna jalo segolo thata mo tshimong ya Baafrika koo batho ba sa tlwaelang go bouta le koo bakaulengwe ba rona ba tla bong ba patelediwa ka dikgoka gore ba boute. Ga re batle gore go nne le mathata ape. Re tshwanetse go dira eng? Mo kgweding yotlhe ya April, go akaretsa le ka April 27 ka boyone fa go kgonega, re tshwanetse go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera. Batho ba ba mo lefelong la rona ba tla bona gore re itlhaotse tota fa ba bona boitshwaro jwa rona le fa re dira tiro ya go rera. Bagolwane ba tshwanetse go itse dilo tsotlhe sentle gore ba kgone go thusa le go kaela. Kgothaletsa botlhe gore ba itse tshedimosetso e e mo bukeng ya Go Fetolana e e kafa tlase ga setlhogo se se reng “Boitlhaodi.”
Pina 15 le thapelo e e konelang.