LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/03 ts. 1
  • “Itshupeng lo Iketleeditse”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Itshupeng lo Iketleeditse”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Direla Jehofa o sa Iteege Tsebe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • A re Nna re Lebeletse—Re Tila Dilo Tse di Itayang Tsebe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Itshupeng lo Iketleeleditse Letsatsi la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • “A o Nthata go Feta Tseno?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 11/03 ts. 1

“Itshupeng lo Iketleeditse”

1 Mo boporofeting jwa ga Jesu jo bo tlhomologileng malebana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, o ne a re tlhagisa gore re se ka ra tshwarega thata mo dilong tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. (Math. 24:36-39; Luke 21:34, 35) E re ka pitlagano e kgolo e ka simolola nako nngwe le nngwe, go botlhokwa gore re utlwe kgakololo eno ya ga Jesu: “Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Math. 24:44) Ke eng se se ka re thusang mo ntlheng eno?

2 Go Lwantsha Ditlhobaelo le Dilo Tse di Itayang Tsebe: Lengwe la mamena a semoya a re tshwanetseng go itisa mo go one ke “ditlhobaelo tsa botshelo.” (Luke 21:34) Mo dinageng dingwe, go thata go nna le dilo tse di tlhokegang mo botshelong ka ntlha ya lehuma, go tlhaela ga ditiro le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. Mme kwa dinageng tse dingwe, go ikgobokanyetsa dithoto go tlwaelegile. Fa re setse re simolola go tshwenyega thata ka dithoto, re mo kotsing ya gore re ka tloga ra tlhokomologa dilo tsa mmatota tsa Bogosi. (Math. 6:19-24, 31-33) Dipokano tsa Bokeresete di re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo dilong tsa Bogosi. A o ipeetse mokgele wa go nna teng mo dipokanong tsotlhe?—Baheb. 10:24, 25.

3 Gompieno lefatshe le tletse ka dilo tse dintsi tse di itayang tsebe tse go leng motlhofo fela gore di ka re tseela nako ya rona ya botlhokwa. Go dirisa khomputara e ka nna seru fa motho a dirisa nako e ntsi thata a fenyenkolola Internet, a bala kgotsa a romela E-mail, kgotsa a tshameka metshameko ya khomputara. Re ka senya diura di se kana ka sepe re lebeletse thelebishene kgotsa difilimi, re dira dilo tse re itlosang bodutu ka tsone, re bala dibuka tsa lefatshe, kgotsa re tshameka, mme re bo re sala re se na nako kgotsa maatla a a lekaneng go dira dilo tsa semoya. Le fa boitlosobodutu bo ka lapolosa ka nakwana, go ithuta Baebele o le esi le go e ithuta le lelapa go na le matswela a a nnelang ruri. (1 Tim. 4:7, 8) A o reka nako ya go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi?—Baef. 5:15-17.

4 A bo re leboga jang ne go bo phuthego ya ga Jehofa e dirile dithulaganyo tsa go ruta dilo tsa semoya e e ka re thusang gore re “atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho”! (Luke 21:36) E kete re ka dirisa dithulaganyo tseno ka botlalo mme ra ‘itshupa re iketleeditse’ gore tumelo ya rona e nne “lebaka la pako le kgalalelo le tlotlo fa Jesu Keresete a senolwa.”—1 Pet. 1:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela