LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/95 ts. 1
  • Thuto ya Motho ka Namana—Ke Kgang e e Masisi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto ya Motho ka Namana—Ke Kgang e e Masisi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A O Itumelela Thuto ya Gago ka Namana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Tokafatsa Kamano ya Rona le Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Ke Eng Se se Ka go Thusang go Ithuta o le Nosi Beke le Beke?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Go Ipha Nako ya go Bala le go Ithuta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 1/95 ts. 1

Thuto ya Motho ka Namana—Ke Kgang e e Masisi

1 Ke dikgang dife tse re tshwenyegang ka tsone? Re tshwanetse go tshwenyega thata ka gore re boloke botsalano jo bogolo le Jehofa le go nna re bo tshegeditse. Thuto ya motho ka namana e botlhokwa thata gore motho a nne le botsalano jo bo ntseng jalo. Mo metlheng eno, ke ba sekae fela mo go rona ba ba kgonang nna le nako e ntsi ya go tlhatlhanya le ya go nna le thuto ya motho ka namana. Lefa go ntse jalo, fa re sa bale Lefoko la Modimo ka metlha, re tla nna bokoa thata mo re ka felelang re sa tlhole re na le nonofo ya go emelana le moya wa lefatshe le dikeletso tsa lone tsa nama.

2 Tlhologelelwa Lefoko: Fa re ne re utlwa ka maikaelelo a Modimo la ntlha, gongwe re ne re tlhoafaletse go nna le kitso e e oketsegileng. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, tlala ya rona ya dijo tsa semoya e ne ya fokotsega. Go ka tswa go tlhokega gore re “tlhologelelwe” dijo tsa semoya. (1 Pet. 2:2) Re ka dira jang gore re nne le tlhologelelo e e ntseng jalo?

3 Monkgo wa dijo tse o di ratang thata o ka dira gore o utlwe o eletsa go ja ka go bo o gakologelwa dijo tse di monate. Nakonyana e re e dirisetsang go ithuta ka namana e ka re ama ka tsela e e tshwanang semoyeng. Go ja dijonyana tse di monate tsa semoya go ka dira gore lorato lwa rona lwa boammaaruri lo gole. Kgotsofalo e re nang le yone ka ntlha ya go ithuta e ka re kgothatsa gore re tlhatlhobe Lefoko la ga Jehofa thata.

4 Nna le Tsela e o Dirang ka Yone e e Tla go Solegelang Molemo Thata: Batho bangwe ba beela maitseboa mangwe kwa thoko gore ba tle ba nne le thuto ya motho ka namana, fa ba bangwe bone ba rata go ithuta kgapetsakgapetsa ka nakwana e khutshwane. Fa e le gore o bona gore o kgona go tlhoma mogopolo mo go se o se balang botoka fa go le phakela mo mosong, o ka nna wa swetsa ka gore o ithute pele ga sefitlholo. Fa e le gore o ikutlwa o tsogile maroko thata fa go le maitseboa, o ka nna wa tlhopha gore o ithute pele ga o ya go robala. Lefa o ka tswa o dira eng, se se botlhokwa ke gore o go dire ka metlha mme o ngaparele thulaganyo e e ka go tswelang molemo thata.

5 Fa re kgothalediwa gore re oketse thuto ya rona ya motho ka namana, re ka nna ra itlhaganelela go bolela gore re na le dilo di le dintsi mo thulaganyong ya rona. Lefa go ntse jalo, rotlhe re tlhoka go ikanyega fa re tlhatlhoba tsela e re dirisang nako ya rona ka gone. A re senya diura di le dintsi letsatsi lengwe le lengwe re lebeletse dithulaganyo tsa thelebishene? A re iketleeleditse go ithontsha dilo dingwe tse re di ratang? Fa re tlhatlhoba sentle gore re dirisa jang nako ya rona go ka direga gore re fitlhele go na le nako mo letsatsing lengwe le lengwe e re ka e dirisang ka tsela e e molemo ka go ithuta ka namana.—Baef. 5:15, 16.

6 Fa re ithuta Lefoko la Modimo re tshwanetse go tlhoma mogopolo wa rona otlhe mo go lone. Fa re ka leka go dira sengwe se sele fa re ntse re ithuta re ka se solegelwe molemo mo go kalo. Fa e le gore re rata go ithuta fa re ntse re ja, re reeditse radio, kana fa re lebeletse thelebishene, re ka se kgone go tshwara dilo tse re lekang go di ithuta. (1 Tim. 4:15) Ka jalo go botlhokwa gore re tlose dikgoreletsi tseno.—Bona Buka ya Kaelo ya Sekolo, ditsebe 33-4.

7 Go botlhokwa go ithuta letsatsi le letsatsi le go dirisa kgakololo ya Baebele ka gonne ke ka tsela eo Jehofa a re kaelang ka yone. Go dire mokgele wa gago gore boammaaruri jo bo kwadilweng mo dikgatisong bo tsene mo pelong ya gago. Dirisa tshono nngwe le nngwe e o e bonang go bala, go boeletsa le go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya go sa kgathalesege gore go go khutshwane go le kana kang.—Dute. 6:6-8; Bakol. 1:9, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela