Dipokano Tsa Tirelo Tsa January
Beke E E Simololang ka January 2
Pina 83
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tshwanelang go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego tsotlhe tsa tirelo ya tshimo tse di neng di sa tlisiwa mo dikgweding tse di fetileng di tlisiwe. Gakolola baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya December ka bonako.
10 mets: “Kafa o ka Rulaganyang Laeborari ya Puso ya Modimo ka Gone.” Puo e e thailweng go Tora ya Tebelo ya November 1, 1994, ditsebe 28-31.
15 mets: “Thuto ya Motho ka Namana—Ke Kgang e e Masisi.” Dipotso le dikarabo. Akaretsa dikakgelo tse di tlhophilweng go tswa go Tora ya Tebelo ya June 15, 1985, ditsebe 8-13.
15 mets: “Go Dirisa Dibuka Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo.” Tlotla le bareetsi. Kgothaletsa phuthego gore e iponele buka e e tsamaisiwang kwa khaontareng ya dibuka gore e tle e e dirise mo tirelong. Rulaganya gore go nne le dipontsho tse dikhutshwane tsa dipuisano tse di akantshitsweng.
Pina 188 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka January 9
Pina 183
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
18 mets: “Go Disa ka Tsela E E Agang.” Puo e e neelwang ke mogolwane e thailwe mo tshedimosetsong e e tswang mo setlhogwaneng se se mo ditsebeng 21-3 mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya September 15, 1993. Gatelela kgakololo ya Dikwalo e e ka thusang go itshokela mathata.
15 mets: A O Ipaakanyeditse go Lebana le Boemo jwa Kalafi Jo Bo Gwetlhang Tumelo? Puo e e masisi mme e le e e tlhotlheletsang e neelwa ke mogolwane yo o nang le bokgoni go thusa bakaulengwe gore ba lemoge tsela e dikarata tsa Advance Medical Directive/Release le Identity Card di sireletsang thata ka yone. Boeletsa thulaganyo e e neng e latelwa ka January ngogola go tlhomamisa gore batho botlhe ba ba tshwanelegang mme ba batla go sireletsega ka tsela eno ba e bone ka go tlatsa dikarata tseno. Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 1994, tsebe 2, kafa tlase ga “Beke E E Simololang ka January 17” go bona ditlhaloso tse di oketsegileng.
Pina 198 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka January 16
Pina 182
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka dintlha tse di ka dirisiwang go buelela dimakasine tsa bosheng. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano.
15 mets: A re se Lapeng mo go Direng Molemo. Puo e e neelwang ke mogolwane. Go lapa semoyeng go ka dira gore re felelwe ke boitumelo le botlhaga mo go direleng Jehofa. Bolela gape ditsela dingwe tse re ka shafatsang nonofo ya rona ya semoya ka go dirisa dikakantsho tse di boletsweng go Tora ya Tebelo ya January 15, 1986, tsebe 19 (lebokose). Gatelela botlhokwa jwa go tshegetsa ditiro tsa phuthego ka botlalo.
20 mets: Nonotsha Bana ba Gago fa ba ya Sekolong. Puo e go nang le dipotsolotso le dipontsho mo go yone. Basha ba Bakeresete gompieno ba lebana le mathata a batho ba le bantsi mo phuthegong ba sa akanyeng ka one. Batsadi ke bone segolobogolo ba tshwanetseng gore ba bo ba itse thata ka dikgwetlho tseno gore ba tle ba kgone go nonotsha bana ba bone gore ba kgone go emelana le diteko tsa bothokgami jwa bone. Botsolotsa basha ba le bararo ba dingwaga tse di farologaneng. Ke dilo dife tse di kgethegileng tse di ba gatelelang tse ba tshwanetseng go lebana le tsone letsatsi le letsatsi? Ke eng se se ba thusang go boloka kamano e e molemo le Jehofa? Rulaganya gore go nne le pontsho ya lelapa le le sekasekang mmogo dirapa 2 le 3 mo tsebeng ya 11 mo boroutšhareng jwa Sekolo. Bana ba tlhalosa gore ba a sotliwa e bile ba ikutlwa ba kgapetswe kwa thoko ka go bo ba ikobela melao e e kwa godimo ya Baebele e e malebana le boitsholo. Tlhogo ya lelapa e kgothatsa bana ka go bolela gore o itumelela tsela e ba tlhomang sekao ka yone mme o ba gakolola gore Jehofa o kgatlhwa thata ke boitsholo jwa bone. (Dia. 27:11) Mokaulengwe yo o tshwereng karolo eno o konela ka go akgola basha ba ba mo phuthegong ka ntlha ya ditiro tsa bone tse dintle mme o ba kgothaletsa gore ba buisane le batsadi ba bone gore ba tle ba nonotshiwe semoyeng mo ngwageng ono otlhe wa sekolo. Gakolola batsadi gore ba ye go kopa gore bana ba bone ba tlhaolwe mo dithutong tsa bodumedi.
Pina 196 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka January 23
Pina 161
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
15 mets: “Bontsha Gore o a Amega ka go Dira Maeto a go Boela.” Baboledi ba bararo kana ba le bane ba tlotla ka boikaelelo le botlhokwa jwa go dira maeto a go boela. Gatelela mokgele wa go simolola dithuto. Umaka gape dipuisano tse di akantshitsweng. Dira pontsho e le nngwe kana di le pedi tse mo go tsone setlhopha se akgolang ba bangwe e bile se neela dikakantsho tsa go tokafatsa.
10 mets: Dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya lona. Kana puo ka setlhogo se se reng “A Dithibelo Di Go Kgoba Marapo?” go tswa go Tora ya Tebelo ya September 1, 1994, ditsebe 27-8.
15 mets: “Akanyetsang Batho ba Bangwe—Karolo 1.” Dipotso le dikarabo. Akaretsa dikgakololo tse di malebana le gore bagolwane ba tshwanetse go dirisana mmogo go tlhomamisa gore a borulelo, diphaepe tsa metsi, difetlha moya, dithutafatsi, thulaganyo ya motlakase le alamo ya Holo ya Bogosi di mo boemong jo bo siameng.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1985, tsebe 3, le Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1987, tsebe 5.
Pina 116 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka January 30
Pina 141
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya January ka bonako.
17 mets: “Nna le Tiro e Ntsi ka Metlha.” Dipotso le dikarabo. Rulaganya go botsolotsa baboledi ba le babedi kana ba le bararo ba ba dirang ka natla ka bokhutshwane, jaaka mogolwane mongwe, mmalapa, kana mmulatsela; o ba kope gore ba tlhalose gore ba kgona jang go nna le thulaganyo e e tletseng mme ba bo ba santse ba itumetse.
18 mets: Tsamaisang Buka ya O Ka Tshelela Ruri ka February. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batho ba bone tshedimosetso e e mo bukeng eno. (Bona Tora ya Tebelo ya April 1, 1988, ditsebe 25-6, dirapa 17, 18.) Neela dikakantsho dingwe tse di bontshang ka moo re ka simololang dithuto tsa Baebele ka teng le batho ba ba kgatlhegang ba re ba tsamaiseditseng buka ya O Ka Tshelela Ruri. Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a dire pontsho e khutshwane ka puisano ya bobedi kafa tlase ga setlhogo se se reng “Botshelo/Boitumelo” mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 13.
Pina 199 le thapelo e e konelang.