LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/1 ts. 27-28
  • A Dithibelo Di Go Kgoba Marapo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dithibelo Di Go Kgoba Marapo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhogo jo bo Kafa Dikwalong
  • Dithibelo mo Bathong Ba Basha
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Boloka Legae la Gago Le na Le Kagiso
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Monna yo o Nyetseng e Bile e le Mogolwane—Go Lekalekanya Maikarabelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Thulaganyo E E Lorato ya ga Jehofa ya Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/1 ts. 27-28

A Dithibelo Di Go Kgoba Marapo?

DITHIBELO! Ga go na ope yo tota a di ratang; mme rotlhe re tshwanetse go di itshokela ka selekanyo se se rileng. Lefa go ntse jalo, a o a tle o ikutlwe o kgobegile marapo ka go bo go bonala fa botshelo jwa gago bo na le dithibelo tse dintsi thata? Gongwe o tla ikutlwa botoka fa o ka fetola mogopolo wa gago. Ke eng fa o sa dirise kgololesego epe e o nang nayo ka tsela e e mosola go na le gore o tshwenyege kaga dilo tse o sa kgoneng go di dira?

Ka sekai, batho ba le bantsi ba ba humanegileng ba eletsa e kete ba ka bo ba humile. Lefa go ntse jalo, ntswa lehuma le ka lekanyetsa dilo tse re ka di dirang mo tsamaisong eno ya dilo, batho botlhe ba kgona go bona dilo tse di botlhokwa mo botshelong. Batho ba ba humanegileng mmogo le ba ba humileng ka go tshwana ba a ratana, ba a nyalana, ba godisa bana, ba ipelela botsalano jo bo molemo le ba bangwe, jalo le jalo. Sa botlhokwa le go feta seo, batho ba ba humanegileng mmogo le ba ba humileng ba itse Jehofa e bile ba lebeletse lefatshe le lesha le le solofeditsweng. Batho ba ba humanegileng mmogo le ba ba humileng ba gola mo botlhaleng le kitsong ya Bokeresete, e leng dilo tse di gaisang dikhumo. (Diane 2:1-9; Moreri 7:12) Batho botlhe—ba ba humileng le ba ba humanegileng—ba ka kgona go itirela leina le le molemo thata le Jehofa. (Moreri 7:1) Mo motlheng wa ga Paulo, bontsi jwa batho ba ba neng ba le mo phuthegong ya Bakeresete e ne e le ba maemo a a kwa tlase—bangwe ba bone e le batlhanka—ba ba neng ba dirisa kgololesego epe fela eo maemo a bone a neng a ba letla go nna le yone ka tsela e e botlhale.—1 Bakorintha 1:26-29.

Botlhogo jo bo Kafa Dikwalong

Mo lenyalong la Bakeresete, mosadi o tshwanetse go ineela mo monneng wa gagwe—eo e leng thulaganyo e e diretsweng go sologela lelapa lotlhe molemo. (Baefesia 5:22-24) A mme mosadi o tshwanetse go ikutlwa a tseetswe kwa tlase ka ntlha ya seno? Le e seng. Monna le mosadi ke badirimmogo. Fa monna a dirisa botlhogo jwa gagwe ka tsela e e tshwanang le ya ga Keresete, seno se tla dira gore a se ka a thibela mosadi wa gagwe thata mme a mo letle ka makgetlho a mantsi gore a bontshe dikgono tsa gagwe. (Baefesia 5:25, 31) “Mosadi eo o mokgwa o iphaphileñ” wa Diane kgaolo ya 31 o ne a na le ditiro tse dintsi tse di kgatlhisang mme di se motlhofo. Go bonala sentle gore go ineela mo monneng wa gagwe go ne go sa mo fedise pelo.—Diane 31:10-29.

Ka tsela e e tshwanang, ga go na thulaganyo epe e e dirilweng ya gore mosadi a etelele banna ba ba tshwanelegang mo phuthegong ya Bokeresete pele. (1 Bakorintha 14:34; 1 Timotheo 2:11, 12) A mme basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go ikutlwa ba sa kgotsofala ka ntlha ya thibelo eno? Nnyaa. Ba le bantsi ba itumelela go bona karolo eno ya tirelo ya Bokeresete e dirwa ka tsela ya puso ya Modimo. Ba itumelela go sologelwa molemo ke go disiwa le go rutiwa ke bagolwane ba ba tlhophilweng mme bone ba tshwaregile mo tirong e e botlhokwa ya go rera le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Basadi ba Bakeresete ba dira namane e tona ya tiro mo karolong eno, mme seno se dira gore ba bone tlotlo mo matlhong a ga Jehofa Modimo.—Pesalema 68:11; Diane 3:35.

Dithibelo mo Bathong Ba Basha

Ka dinako tse dingwe basha le bone ba ngongorega gore matshelo a bone a na le dithibelo tse dintsi, gantsi e le ka ntlha ya go bo ba laolwa ke batsadi ba bone. Mme le seno se kafa Dikwalong. (Baefesia 6:1) Go na le gore ba tenwe ke dithibelo tseo batsadi ba bone ba di bayang, basha ba ba botlhale ba Bakeresete ba leka go itumelela kgololesego epe e ba nnang nayo—eo gantsi e akaretsang go sa nne le maikarabelo a a bokete. Ka jalo ba kgona go dirisa maatla a bone a bosha le maemo a bone ka tsela e e mosola go ipaakanyetsa botshelo jwa fa ba tla bo ba godile.

Molebedi mongwe wa potologo wa pele kwa Brazil o santse a gakologelwa mosimane mongwe sentle wa dingwaga tse 12 yo o neng e le mongwe wa setlhopha se sennye sa baboledi ba ba neng ba nna kgakala, yo o neng a na le dithibelo mo dilong tse a neng a ka di dira. Motho yo o neng a tlhokomela direkoto o ne a dira tiro ya boitshediso ka jalo o ne a sa kgone go tlhokomela setlhopha seno sentle, mme lefa go ntse jalo o ne a rulaganyetsa gore lekawana leno le mo thuse. O ne a ithuta kwa diforomo tsotlhe di nnang gone mme ka dinako tsotlhe o ne a nna teng go thusa. Kgatlhego eo a neng a na le yone e ne e kgothatsa e bile o ne a thusa thata le mo tirelong ya tshimo. Lekawana leo le direla jaaka mogolwane yo o tlhomilweng jaanong.

Go na le maemo a le mantsi ao a ka lekanyetsang kgololesego eo motho a nang le yone. Batho ba bangwe ba thibelwa ke bolwetsi. Ba bangwe ba nna mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi moo kgololesego ya bone e lekanyediwang ke dilo tse di batlwang ke molekane yo o sa dumeleng. Le e leng fa batho ba ba tshelang tlase ga dithibelo tseno ba eletsa e kete maemo a ka bo a fetotswe, ba santse ba ka nna le matshelo a a kgotsofatsang. Makasine ono o ile wa bua thata ka ga batho ba ba ntseng jalo bao ka ntlha ya go ikanya Jehofa le go dirisa maemo a bone ka tsela e e mosola ba ileng ba kgothatsa ba bangwe thata.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka boemo jo bo tshwanang mo motlheng wa gagwe, o ne a re: “Ha u bidicwe u le motlhanka, u se ka ua re sepè ka gōna: me ha u ka gololwa, u go sholè molemō bogolo.” (1 Bakorintha 7:21) A bo e le tsela e e lekalekaneng jang ne ya go leba dilo! Maemo a mangwe a a fetoga. Batho ba basha ba a gola. Balekane ba ba sa dumeleng ba amogela boammaaruri ka dinako tse dingwe. Maemo a itsholelo le one a a tle a fetoge. Batho ba ba lwalang ba ka nna ba nna botoka. Mme mo maemong a mangwe dilo di ka se fetoge go fitlha lefatshe le lesha la ga Jehofa le tla. Lefa go ntse jalo, ke eng se re tla se fitlhelelang fa re nna re ntse re tshwenyega ka ntlha ya go bo re sa kgone go dira dilo tse batho ba bangwe ba kgonang go di dira?

A o kile wa lebelela dinonyane di tlhatloga mo loaping mme o rate kafa di fofang bontle ka yone le tsela eo di fofang di gololesegile ka gone? Gongwe o ne wa eletsa e kete o ka fofa jaaka tsone. Gone, ga o kgone e bile ga o kitla o tsamaya o kgona go fofa jaaka dinonyane! Mme gone o tshwanetse wa bo o sa ngongorege. Go na le moo, o itumelela dikgono tse o di filweng ke Modimo. O kgona go tshela sentle fela lefa o tsamaya fa fatshe. Ka tsela e e tshwanang, go sa kgathalesege gore maemo a rona a botshelo ke afe, fa re tlhoma mogopolo mo go se re ka kgonang go se dira go na le gore re tshwenyege ka ga se re sa kgoneng go se dira, re tla kgotsofalela botshelo, e bile re tla itumela mo tirelong ya ga Jehofa.—Pesalema 126:5, 6.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

A o akanya gore batsadi ba gago ba go sireleditse mo go feteletseng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela