LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/95 ts. 4
  • Mafoko a a Molemo go Batho ba ba Pelonolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mafoko a a Molemo go Batho ba ba Pelonolo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buelela Dimakasine mo Tshimong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Buelela Dipeeletso ka Nako Nngwe le Nngwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Nna Bonolo Mme o Itumedise Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 5/95 ts. 4

Mafoko a a Molemo go Batho ba ba Pelonolo

1 Re tshela mo nakong ya katlholo. (Esek. 9:5, 6) Go potlakile thata gore batho ba ba pelonolo gongwe le gongwe ba bolelelwe gore ba tle ba ipaakanyetse se se tlang. Ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato, Jehofa o ile a laela batho ba gagwe go “rerela ba ba pelonolo mafoko a a molemo.” (Isa. 61:1, 2) Dimakasine tsa rona di re thusa gore re bolele mafoko a a molemo ano gongwe le gongwe.

2 Tora ya Tebelo le Tsogang! di re neela dijo tse di loileng tse di re nonotshang le go re tlhotlheletsa. Tora ya Tebelo e gomotsa batho ba ba pelonolo ka mafoko a a molemo a gore go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla fetola lefatshe leno gore e nne paradaise. Tsogang! e dira gore re ikanye tsholofetso ya Mmopi ya lefatshe le lesha le le nang le kagiso le le le bolokesegileng. Go tsamaisiwa ga makwalopaka ano mo lefatsheng lotlhe ke tsela e nngwe e e potlakileng e batho ba ba pelonolo ba ka bonang mafoko a a molemo ka yone. Ke dintlha dife tse re ka di dirisang go buelela ditokololo tsa bosheng?

3 O ka nna wa tsamaisa “Tora ya Tebelo” ya May 1 o bua ka setlhogo se se reng “Go Solegelwa Molemo ka go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi” mme o bo o botsa potso e e reng:

◼ “O akanya gore re ka solegelwa molemo jang fa re bala Baebele? [Letela karabo.] Baebele ka boyone mo go Baroma 15:4, e re thusa gore re akanye ka potso eo. [Bala Baroma 15:4.] Bontsi jwa batho ba ba leng mo tikologong ya rona ba na le Baebele, mme ke ba le mmalwa fela ba ba iphang nako ya go e bala ka metlha. Re dumela gore tsholofelo e le yosi ya boammaaruri ka isagwe e ka bonwa mo Baebeleng, mme re tla segofala fa re ka e bala.” Dira dikakgelo tse dingwe tse di tshwanelang, mme morago ga foo o bo o buelela peeletso. Fa motho a sa tseye peeletso, tsamaisa dimakasine tse pedi.

4 “Tora ya Tebelo” ya May 15 e na le setlhogo se se kgatlhang se se reng: “Bagologolwane ba Rona Ba Tla Tloga ba Tshela Gape.” Gongwe o ka tsosa kgatlhego ya motho ka go simolola jaana:

◼ “Batho le ba bantsi ba ile ba ipotsa gore bagologolwane ba bone ba ne ba ntse jang. E re ka ba sule e bile ba sa tlhole ba le gone, batho ba le bantsi ba swetsa ka gore re ka se tlhole re itse. A o akanya gore go na le tsela epe fela e re ka kgonang go itse bagologolwane ba rona?” Letela karabo. Bala Johane 5:28, 29, mme o tlhalose ka moo Modimo a ileng a solofetsa ka teng gore o tla dira gore ba boe ba tshela gape mo lefatsheng la paradaise.

5 A o ka kgona go tsamaisa “Tsogang!” ya May 8 ka go botsa potso e e reng:

◼ “O akanya gore go tlhokega eng gore motho a itumelele botshelo tota?” Letela karabo. Mo lebise mo setlhogong se se reng “Ke Eng fa re Tshela?” mo tsebeng ya 29, mme o bale mafoko a ga Solomone mo go Moreri 2:11. Morago ga foo, mmontshe kgakololo ya gagwe mo kgaolong ya 12, mo temaneng ya 13. Kopa mongantlo gore a ikamogelele peeletso ya makasine ono. Fa e le gore ga a na madi a a lekaneng, o ka nna wa buelela peeletso ya dikgwedi tse thataro, kana dimakasine tse pedi.

6 Fa e le gore o tsamaisa dimakasine pele ga May 14, tlhomamisa gore o nne le dikhopi tsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34 mme o di tsamaisetse ope fela yo a iseng a di bone. Re tshwanetse gore ka metlha re iketleeletse go tsamaisa dikgatiso tsa rona, re itse gore di ka nna tsa balwa ke batho ba bangwe mo lapeng mmogo le ditsala tse di ka tswang di ba etetse. (1 Tim. 6:18) Mafoko a a molemo ano a re a tlisetsang batho ba ba pelonolo a tla boloka matshelo a bone.—1 Tim. 4:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela