Dirisa Nako ya Gago Sentle
1 Jehofa o amega thata ka nako. O batla gore le rona re amege ka nako. Ka phuthego ya gagwe o re thusa gore re amege ka nako. Re kgothadiwa ka metlha gore re nne le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58, NW) Ka tsela eno, re ka atlega thata mo tirelong ya ga Jehofa.
2 Rotlhe re na le nako e e lekanang beke nngwe le nngwe—diura di le 168. Re dirisa nako ya rona sentle go le kana kang? A re bontsha gore tota re itse gore ke nako mang go ya ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka teng? A re itewa tsebe ke dilo tse di sa reng sepe?
3 Go botlhokwa gore re nne le thulaganyo e ntle. Batho ba le bantsi ba leka gore ba nne le lenaane la dilo tse di tlang pele. Sengwe le sengwe se tsenngwa mo lenaaneng go ya ka tsela e di leng botlhokwa ka yone. Re ka itse jang seno? Baebele e bolela gore motho o tshwanetse gore a “je monate ka letsapa lotlhe la gagwe.” (Mor. 3:13) Ditiro tse dingwe di na le matswela a mantle go gaisa tse dingwe. Akanya ka matswela a nngwe le nngwe e tla a lereng. A go fetsa tiro go tla dira gore go nne le melemo e e botlhokwa? A o tla ‘ja monate’ ka letsapa lotlhe la gago? Fa go sa nna jalo, seo e ka tswa e se tiro e e botlhokwa e e ka tlang pele.
4 Mo Bodireding Jwa Rona: Re a go anaanela fa batho ba bangwe ba fitlha ka nako mo dipokanong tsa tirelo, ba reetsa ditaelo ka kelotlhoko, mme ba tsamaya ka bonako go ya kwa tshimong. Go ka nna molemo mo go rona gore re rere go na le gore re lete. Go bonala sentle gore Paulo o ne a gagametse ka go nna le thulaganyo e ntle fa a ne a kwala jaana: “A dilo tsotlhe di dirwe sentle fela, le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.
5 Fa re le mo tirelong ya tshimo, re ka nna ra senya nako e e botlhokwa ka go ikhutsa go nwa kofi. Lefa go ntse jalo, fa maemo a bosa a se monate, fa re ikhutsa go sekaenyana seo se ka re lapolosa e bile se ka re thusa gore re tswelele pele. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba rata bogolo go nna ba ntse ba neela bosupi go na le gore ba ijese monate le bakaulengwe ka go ikhutsa go nwa kofi ka nako e ba e beetseng tiro ya bodiredi. Go tlhokega gore go nne le tekatekano.
6 Baebele e bolela gore “mogolodi . . . o itse metlha ya one e e laotsweng” go fuduga mme tshoswane e “be e etleetse dijo tsa yone go le selemo” gore e ipaakanyetse nako ya mariga. (Jer. 8:7; Dia. 6:6-8) Seo ke sone sephiri sa go dirisa nako ka tsela e e siameng. Le rona re tshwanetse go ‘itse metlha e e laoletsweng.’ Re tshwanetse go amega ka nako, re sa feteletse dilo. Ga re tlhoke fela go itse gore re tshwanetse go dira eng, mme gape re tshwanetse go itse gore re tlhoka go go dira leng. Re tshwanetse gore re itlwaetse go akanyetsa dilo kwa pele, re dira gore go nne le nako ya fa go ka direga gore go nne le tiego nngwe. Mme gape re tshwanetse gore re iketleetse go fokotsa ditiro dingwe gore re nne le nako ya go dira dilo tse di botlhokwa go gaisa tseo, tse di ntseng jaaka go baakanyetsa dipokano, bodiredi jwa tshimo, le ditiro tse dingwe tsa puso ya Modimo.
7 Re batla go tshwana le Rraarona wa selegodimo e bong Jehofa Modimo, yo o re rutang gore “sengwe le sengwe se na le motlha wa sone.” (Mor. 3:1) Fa re dirisa nako sentle, re ka kgona go ‘swetsa tirelo ya rona.’—2 Tim. 4:5.