Solegelwa Molemo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1996—Karolo 1
1 A lo badile dikaelo tse di mo “Thulaganyong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1996”? A lo lemogile diphetogo dingwe? Go tloga ka January go fitlha ka December, Puo No. 3 e tla bo e thailwe mo bukaneng ya Dipolelo Tsa Puisano. Go tloga ka January go fitlha ka April, Puo No. 4 e tla bo e thailwe mo bukeng ya Go Fetolana mme go tloga ka May go fitlha ka December e tla bo e thailwe mo bukeng e ntšha e e sa tswang go gololwa ya Kitso.
2 Dipuo Tsa Baithuti: Puo No. 3 e neelwa kgaitsadi. E re ka e thailwe mo bukaneng ya Dipolelo Tsa Dipuisano, seting e tshwanetse go nna ya ntlo le ntlo kana ya go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Go ikaegile ka gore go buisanwa ka eng, e ka nna ya neelwa gape e le loeto lwa go boela kana e le go araba potso e moithuti wa Baebele a e boditseng mo bekeng e e fetileng.
3 Puo No. 4 e tshwanetse gore e dirwe ka tsela e e kgatlhang e bile e le mosola. Fa puo eno e tserwe mo bukeng ya Go Fetolana, mme puo e fiwa ke kgaitsadi, seting e tshwanetse ya nna ya ntlo le ntlo kana ya go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Fa e tserwe go tswa mo bukeng ya Kitso, e tshwanetse go dirwa e le loeto lwa go boela kana thuto ya legae ya Baebele. Seno se tshwanetse go nna mosola thata ka gonne buka ya Kitso e tla dirisiwa thata go tshwara dithuto tsa legae tsa Baebele. Fa seting e le thuto ya legae ya Baebele, bokgaitsadi boobabedi ba ka nna fa fatshe. Simolola thuto ka tlhamalalo ka go akgela ka bokhutshwane mme o bo o botsa potso e e gatisitsweng. Motho yo o nnang mongantlo o tshwanetse go itshwara jaaka mongantlo tota. Dikwalo tse di umakilweng di ka nna tsa bulwa le go balwa fa nako e letla. Kgaitsadi o tshwanetse go dirisa bokgoni jwa go ruta ka go dira gore mongantlo a ikutlwe a gololesegile go bua ka go mmotsa dipotso le ka go mo tlhalosetsa ka dikwalo tse di dirisitsweng.
4 Go tshwanetse ga dirwang fa go umakilwe dikwalo tse dintsi go gaisa tse motho a ka tlotlang ka tsone mo metsotsong e le tlhano? Tlhopha ditemana tse di botlhokwa tse di gatelelang dintlhakgolo. Fa e le gore go na le ditemana di le mmalwa fela, go tshwanetse ga tlotliwa thata ka dintlhakgolo mo thutong eo. Mo makgetlhong a mangwe go ka nna ga balwa serapa kana polelwana go tswa mo bukeng mme morago ga foo ga tlotlwa ka yone le mongantlo.
5 Mmoledi yo o abetsweng karolo ya serapa sa bofelo sa kgaolo a ka nna a sekaseka lebokoso la setlhogo se se reng “Tlhatlhoba Kitso ya Gago,” le le leng kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe ya buka ya Kitso, ka bokhutshwane. Mabokoso a a nang le tshedimosetso a a leng mo dirapeng tse motho a di abetsweng a ka nna a sekasekiwa fa nako e letla. Fa lebokoso la tshedimosetso le tlhaga mo gare ga dipuo tse pedi, kgaitsadi yo o neelang puo ya ntlha a ka nna a e sekaseka. Go ka nna ga akgelwa ka ditshwantsho tse di mo teng ga buka eno fa di tshwanela tshedimosetso e go tlotliwang ka yone.
6 Fa mokaulengwe a neela Puo No. 4 o tla e neela jaaka puo. Mokaulengwe yoo o tshwanetse go bala tshedimosetso e a filweng kabelo mo go yone ka kelotlhoko. Baakanyetsa puo go ya ka se setlhogo sa yone se se bolelang mme o bo o tlhopha ditemana tsa Baebele tse di botlhokwa tse di tla thusang bareetsi gore ba bone gore ba ka dirisa tshedimosetso eo jang mo bodireding jwa rona. Ka makgetlho a mangwe go ka nna ga balwa serapa kana polelwana go tswa mo bukeng mme morago ga foo sebui se bo se tlhalosa ka mo go oketsegileng.
7 Fa re dirisa thapiso e re e amogelang mo sekolong ka botlalo, re tla kgona go “rera lefoko” botoka ka tsela e e supang gore re kgona “go ruta” ka tsela e e molemo.—2 Tim. 4:2.