LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/96 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa January

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa January
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka January 1
  • Beke e e Simololang ka January 8
  • Beke e e Simololang ka January 15
  • Beke e e Simololang ka January 22
  • Beke e e Simololang ka January 29
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 1/96 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa January

Beke e e Simololang ka January 1

Pina 133

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Bakwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhola gore a dipego tsotlhe tsa tirelo ya tshimo tse di neng di sa tsenngwa mo dikgweding tse di fetileng di tsentswe. Gakolola baboledi gore ba tsenye dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa December ka bonako.

15 mets: “Rera ka Botlhale.” Tlotla ka dintlha tse dikgolo mme o dire gore go dirwe pontsho e le nngwe kana di le pedi.

20 mets: “Nnang Badiri—E Seng Bautlwi Fela.” Dipotso le dikarabo. Fa nako e letla, tlotla ka botlhokwa jwa go nna kutlo, e le kgang e e thailweng mo bukeng ya Insight, Bolumo 2, tsebe 521, dirapa 1 le 2.

Pina 28 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 8

Pina 138

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Akgola phuthego ka tsela e e tshwanetseng ka go bo e tshegetsa tiro ya go rerwa ga mafoko a a molemo mo lefelong la lona le lefatsheng lotlhe ka madi.

15 mets: Botlhokwa Jwa go Itshireletsa ka Advance Medical Directive/Release Card. Mogolwane o tlotla le phuthego ka botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a tlatse karata ya gagwe ya Advance Medical Directive/Release le go tsamaya ka yone ka dinako tsotlhe le gore bana ba tshole dikarata tsa bone tsa Identity ka metlha. Jaaka leina la karata le akantsha, e itsise go sa le gale gore motho o batlang (kana ga a batle eng) malebana le tsa kalafi. Ke eng fa seno se dirwa ngwaga le ngwaga? Karata ya bosheng e kgona go tlhatswa motho pelo botoka go na le e e ka tswang e lebiwa e feletswe ke nako kana e sa tlhole e supa se motho a se dumelang. Karata eno e tla go buelela fa o sa kgone go ipuelela. Dikarata di tla abiwa maitseboa ano. Di tshwanetse gore di tladiwe ka kelotlhoko kwa gae mme ga di a tshwanela go saeniwa. Jaaka fa go ntse go dirwa mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, go saena le go saena ga basupi go tla dirwa kwa lefelong le Thuto ya Buka ya Phuthego e tshwarelwang gone, batshwari ba thuto ya phuthego ba tshwanetse go tlhokomela gore seno se a dirwa. Batho ba ba saenang jaaka basupi ba tshwanetse go bona mong wa karata a e saena. Seno se tla dira morago ga thuto ya buka mo bekeng ya January 15. (Bona tsebe 2 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 1994 go bona dintlha tse di oketsegileng tsa kafa seno se tshwanetseng sa dirwa ka gone. Bona gape le lekwalo la October 15, 1992.) Baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ka tlatsa karata ya Advance Medical Directive/Release. Baboledi ba ba sa kolobediwang ba ka nna ba ikwalela dikarata tsa bone tsa directive ba dirisa mafoko a a mo karateng eno go tlhalosa maemo a bone le se ba se dumelang. Batsadi ba ka nna ba thusa bana ba bone ba ba sa kolobediwang go tlatsa Identity Card. Itsise phuthego gore go tla tlotlwa ka ditsenyeletso tse di boeleditsweng tsa June 1992 le March 1993 mo Pokanong ya Tirelo mo dibekeng tsa January 22 le 29. Mongwe le mongwe o tshwanetse gore a tle le khopi ya gagwe mo puisanong eno.

20 mets: “Solegelwa Molemo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1996—Karolo 1.” Puo ka molebedi wa sekolo. Boeletsa dikaelo tse di neetsweng tsa dikabelo tsa baithuti tse di leng mo ditaelong tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, tse di leng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1995.

Pina 70 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 15

Pina 77

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka bokhutshwane ka bothata jo bo ntseng bo gola jwa go sa fitlhele batho kwa gae. Kgothaletsa baboledi gore ba sole nako molemo ka go dira gore e nne bone ba atamelang batho ba ba fetang ka tsela, ba ba emeng fa thoko ga tsela, kana ba ba dutseng mo dikoloing.

15 mets: Dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya lona. (Kana “Nna o Akantshe Gore Dinako di Potlakile,” e leng puo e e thailweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 1, 1995, ditsebe 25-8.)

18 mets: “Dirang Maeto a go Boela go Boloka Batho Bangwe.” Sekaseka dipuisano tse di akantshitsweng. Buelela kgang ya gore go itlhomelwe mekgele ya go simolola dithuto mo bukeng e ntšha ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.

Pina 156 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 22

Pina 200

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

25 mets: “A O Ipaakanyeditse go Lebana le Boemo jwa Kalafi Jo Bo Gwetlhang Tumelo?” Mogolwane yo o nang le bokgoni o tlotla le bareetsi ka kgatiso e e boeleditsweng ya tsenyeletso ya June 1992 e e tlhagang mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1994. Akaretsa dintlha tse di tshwanelang tse di tswang mo lekwalong le le romeletsweng diphuthego tsotlhe la January 1, 1996. Dira gore bareetsi ba nne le seabe thata ka mo go ka kgonegang ka teng. Gatelela molemo wa go dirisana le bagolwane le Dikomiti tsa Puisano le Dikokelo fa o nna le maemo a tshoganyetso a kalafi. Gatelela lebaka la go bo go le botlhokwa gore motho a se a ka a leta go fitlhela go nna le maemo a tshoganyetso pele ga fa a ka swetsa gore o tla dira eng. Rulaganyang go sa le gale jaaka lelapa gone jaanong—nnang lo ipaakantse! Gakolola bareetsi gore ba tle le kgatiso e e boeleditsweng ya tsenyeletso ya March 1993 e e reng “Go Sireletsa Bana Ba Lona mo Tirisong ya Madi E E Sa Tshwanelang” mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang.

15 mets: “Bua ka Bopelokgale.” Puo le motlotlo o o tshwanetseng wa tshwarwa ke mogolwane. Tlhalosa dithulaganyo tsa tirelo ya Sontaga tsa phuthego ya lona. Akgolela bareetsi tsela e ba emang thulaganyo eno nokeng ka yone mme o bo o neela dikakantsho tsa go tokafatsa mo go tlhokegang teng.

Pina 92 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 29

Pina 31

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya January ka bonako.

20 mets: “Go Sireletsa Bana Ba Lona mo Tirisong E E Sa Tshwanelang ya Madi.” Mogolwane o neela puo go tswa mo tsenyeletsong e e boeleditsweng ya March 1993. Tlhalosa mabaka a go bo fa batsadi ba swetsa ka go dumela gore ngaka e alafe ngwana wa bone kafa tlase ga maemo a a umakilweng mo dirapeng 5-7 e sa tshwanela go tsewa e le go ineela. Gatelela gore fa batsadi ba ipaakanya go sa le gale go dira gore ngwana wa bone a alafiwe gantsi ke gone go dirang gore ba atlege go tila gore a se ka a tshelwa madi. Thusa bareetsi gore ba bone gore go botlhokwa jang gore ba beye ditsenyeletso tseno tsoopedi (6/92; 3/93) fa ba ka di bonang ka bonako gone mme ba di boeletse gangwe le gape.

15 mets: Tsamaisang Buka ya Tshenolō ka February. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa buka ya Tshenolo e sa bolo go lebiwa e le masaitsiweng a a ka se kang a tlhaloganngwa. Sekaseka dirapa 6 go ya go 9 mo tsebeng 8, go bontsha gore ke ka ntlha yang fa re tlhoka buka eno. Kgothaletsa baboledi gore ba nne ba akanye ka dintlha tseno gore ba tle ba nne le se ba ka buang ka sone kwa matlong. Mmontshe setlhogo se se reng “Kafa Buka ya Tshenolō e Kwadilweng ka Teng” se se mo ditsebeng 98-9 mme o bo o mmontsha gore e ka dirisiwa jang go tlhaloganya buka yotlhe ya Tshenolo. Mmontshe ditshwantsho tse di kgatlhang tse di mo tsebeng e e kafa pele le e e kwa morago le ka moo di ka dirisiwang ka teng go simolola motlotlo. Gakolola botlhe gore ba iponele dikhopi tsa bone tse ba ka di dirisang mo tirelong mo mafelobekeng ano.

Pina 143 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela