Lebokoso la Dipotso
◼ A go siame go duela batho ba ba re pegang dipalamo tsa bone?
Bangwe ba rona maemo a re pateletsa go ikaega ka ba bangwe go re thusa ka metlha ka dipalamo fa re ya dipokanong le go ya tirelong ya tshimo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba intsha setlhabelo ka lorato ka go dirisa nako ya bone, dikoloi tsa bone le dilo tse dingwe go re thusa ka dipalamo. Le mororo ba tshwanetse go ipaakanya go sale gale pele ga nako e ba neng ba ka rata ka yone e bile ba boela gae morago ga nako, ba ithebola go re pega dipalamo tsa bone ka go rata.
Fela jaaka go ntse mo dilong tse dingwe tsa bodiredi jwa rona jwa Bokeresete, molaomotheo ono o o mo go Bagalatia 6:5 o a tshwanela: “Motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.” Ka gone, fa ka metlha mongwe a re pega sepalamo sa gagwe, re tshwanetse go supa tebogo e kgolo e seng fela ka mafoko, mme gape, re leke ka mo re ka kgonang ka teng go ntsha moneelo o o tshwanetseng gore re duelele ditshenyegelo tsa teng.—Math. 7:12; 1 Bak. 10:24.
Tota lefa mong wa koloi a sa re kope go mo duela e bile a lebega a sa tlhoke thuso eo ya madi, a ka itumelela moneelo oo wa bopeloephepa. Mokgweetsi a ka nna a o gana, mme gone, e tshwanetse ya bo e le tshwetso e e dirilweng ke ene. Lefa go ntse jalo, go siame go mo duela. Fa o sa kgone go ntsha sengwe ka nako eo, o nne o akantse ka gone; o ka nna wa mo naya sengwenyana se se oketsegileng nako e e tlang fa a go pegile.—Luke 6:38.
Ruri ke go supa lorato go bo ba ba nang le dikoloi ba pega ba bangwe ba neng ba ka nna ba se ka ba kgona go nna gone kwa dipokanong kana go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. (Dia. 3:27) Mme gape, ke go supa lorato fa ba ba direlwang molemo oo ba supa ditebogo ka go duelela seo go ya ka maemo a bone.—Bak. 3:15.