LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/96 ts. 4-5
  • Go Itumelela Koketsego e Modimo O re E Nayang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itumelela Koketsego e Modimo O re E Nayang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Meneelo e e Ntshetswang Tiro ya Mokgatlho ya Lefatshe Lotlhe e Thusa mo Kgolong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Kobamelo ya Boammaaruri e a Gola Kwa Yuropa Botlhaba
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Ba Direla Bakaulengwe ba Bakeresete Kwa Dinageng di Sele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tiro ya go Aga e e Tlotlang Jehofa
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 12/96 ts. 4-5

Go Itumelela Koketsego e Modimo O re E Nayang

1 Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le bareri ba Bogosi ba ba tlhagafetseng. Ba ne ba itumela fa ‘diphuthego di ntsifala mo palong ka malatsi otlhe.’ (Dit. 16:5) Go rera ga bone ka bopelokgale go ne ga fitlha kwa Asia, Yuropa le Afrika, mo go neng ga felela ka gore go nne le thobo e kgolo ya badumedi.

2 Jesu o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo tiro ya go rera e ne e tla dirwa mo ‘lefatsheng lotlhe le mo merafeng yotlhe’! (Math. 24:14) Mo ngwageng wa tirelo wa 1996, re nnile ra amogela dipego tsa dikoketsego tse dintle le ditlhora tse disha tsa baboledi go tswa mo dinageng tse di farologaneng go dikologa lefatshe. Go ile ga simololwa diphuthego tse dintsi tse disha. Kgolo eno e e diregang ka lobelo lo logolo e ne ya dira gore go tlhokege gore go agiwe Diholo tse disha tsa Bogosi le Diholo tsa Dikopano tse di makgolokgolo le e leng go atolosa dikago di le mmalwa tsa makala.

3 Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1996 e begile ka tiro e kgolo ya go aga e e ntseng e dirwa mo Afrika. Tiro e e tshwanang e ntse e tsweletse kwa Latin America. Ka ngwaga wa tirelo wa 1996, Mexico e begile tlhora e e kwa godimo ya baboledi ba le 470 098 le palogare ya dithuto tsa Baebele di le 600 751, mo go tlhokang gore go simololwe diphuthego tse disha di le 466! Go okediwa ga dikago tsa bone tsa lekala go rulaganyeditswe gore go tla fela kwa bofelong jwa 1999. Koketsego e e tshwanang e e mo dinageng tse dingwe di le dintsi e dira gore go se kgaotswe mo ditirong tse di farologaneng tsa go aga tse di direlwang puso ya Modimo.

4 Ditshenyegelo tsa go aga di kwa godimo gongwe le gongwe, mme bakaulengwe ba rona mo dinageng di le dintsi ba na le go le gonnye fela mo ba ka go neelang ga dilo tse di bonalang. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go tlhagafalela tirelo ya ga Jehofa, eleruri ba gola semoyeng e bile ba oketsega ka dipalo tse dikgolo. Diane 28:27 e re tlhomamisetsa gore “yo o abelang bahumanegi ga a ketla a tlhoka.” Go iketleeletsa ga rona go thusa mo ditshenyegelong tseno tsa go aga go dira gore go nne le ‘go lekalekana’ ga dilo tse di bonalang, go re kgontsha gore rotlhe re nne le boitumelo jo bo tlisiwang ke go aba le boipelo jo bo tlisiwang ke go bona koketsego eo Jehofa a re e nayang!—2 Bakor. 8:14, 15; Dit. 20:35.

[Picture on page 4, 5]

Lekala la Paraguay

[Picture on page 4]

Lekala la Ecuador

[Picture on page 4, 5]

Go Atolosiwa ga Mexico go Santse go Tsweletse

[Picture on page 4, 5]

Lekala la Dominican Republic

[Picture on page 4]

Lekala la Brazil le Kago ya Lone e e Atolosiwang

[Picture on page 4, 5]

Lekala la Uruguay le Santse le Agiwa

[Pictures on page 5]

Diholo tsa Bogosi tse di tshwanang le tseno kwa Latin America tse di sa jeng madi a mantsi

1. Brazil

2. Nicaragua

3. Chile

4. Colombia

5. Mexico

6. Brazil

7. Peru

8. Venezuela

9. Mexico

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela