Poeletso ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Poeletso ya dibuka di tswetswe ya dintlha tse di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo tsa dibeke tsa September 2 go ya go December 23, 1996. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwalela mo go yone dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo nakong e e beilweng.
[Ela tlhoko: Ka nako ya fa go kwalwa poeletso eno, ke Baebele fela e e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Dikgatiso tse di tlang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo dikarolong tsotlhe tse o tshwanetseng go di bona tsa Tora ya Tebelo.]
Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:
1. Boporofeti jo bo mo go Mika 3:12 bo bua ka go senngwa le go swafadiwa ga Jerusalema mo go diragetseng ka 607 B.C.E. [si-TN ts. 156 ser. 4]
2. Tota ga go na “leruarua le legolo” le le kgonang go metsa motho a feletse. (Jona 1:17) [si-TN ts. 153 ser. 4]
3. Malebana le go diragadiwa ga Daniele 12:1, Mikaele o sale a “eme” go tloga ka 1914 fa a ne a nna Kgosi ya Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo; mo bogautshwaneng o tla “ema” mo leineng la ga Jehofa jaaka Kgosi ya Motlhabani e e ka se fenngweng, a senya tsamaiso eno e e boikepo. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w93-TN 11/1 ts. 23 ser. 23.]
4. Boporofeti jo bo mo go Daniele 9:24, 25 bo lebisitse go go tsalwa ga ga Jesu. [kl-TN ts. 36 ser. 8]
5. E re ka Basamaria ba ne ba na le dikgopolo tse di phoso tsa bodumedi e bile ba ne ba sa amogele karolo epe ya Baebele e le e e tlhotlheleditsweng, ba ne ba sa itse Modimo. [kl-TN ts. 43 ser. 3]
6. E re ka Jesu a ne a boloka Sabata, Bakeresete le bone ba patelesega go dira jalo. (Math. 12:12) [td-TN 34A]
7. Boporofeti jwa ga Hosea bo ne bo lebisitse thatathata go ditso tse pedi tsa bogosi jwa Juta. [si-TN ts. 144 ser. 8]
8. Selo sa ntlha se se tlhokegang gore motho a direle mo Dikomiting Tse Di Agang Tsa Kgaolo ke gore a nne le maitemogelo a go aga le kitso ya go laola kgwebo ya kago. [jv-TN ts. 326 ser. 1]
9. Go ya ka Sefania 3:9, batho ba Modimo ba tla nna le kutlwano kwa lefatsheng le lesha gonne botlhe ba tla bo ba bua puo e le nngwe—Sehebera. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w89-TN 6/1 ts. 30.]
10. Adame le Efa ba ne ba tsiediwa ke Satane mme ka go tlhoka kutlo ba ja leungo le le ileditsweng, ka go dira jalo ba leofela Jehofa. [td-TN 35C]
Araba dipotso tse di latelang:
11. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go bo mafelo a konokono ao diphuthego mo lefatsheng ka bophara di kopanelang mo go one a bidiwa Diholo Tsa Bogosi, mme kago ya ntlha e e neng ya fiwa leina leo e ne e le kae? [jv-TN ts. 319 ser. 2]
12. Ke polelo efe ya Dikwalo ya Bahebera ba bararo e e senolang gore go utlwa ga bone Modimo go ne go sa ikaega fela ka go sirelediwa le go ikaega le go gololwa ke Modimo? (Dan. 3:16-18) [si-TN ts. 141 ser. 19]
13. Ke lokwalo lofe lwa Baebele lo lo bolelelang pele ka go tsalwa ga ga Mesia? [si-TN ts. 156 ser. 6]
14. Ke ka ntlha yang fa ditiro tse di nonofileng tse di dirwang mo leineng la ga Jesu e se bosupi jo bo tlhomameng jwa gore Modimo o amogela batho ba ba di dirang kana gore o a ba tshegetsa? [kl-TN ts. 46 dir. 6-7]
15. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa rapelele gore Modimo o khutlise dintwa le ditlhaelo tsa dijo ka bonako le gore a thibele pogiso yotlhe? [jv-TN ts. 317 ser. 4]
16. Ke bomang ba e leng “dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe” bao go buiwang ka bone mo go Hagai 2:7, mme di “tlaa tla” ka tsela efe? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w89-TN 6/1 ts. 31 ser. 5.]
17. Boporofeti jwa ga Habakuke bo kgothatsa Bakeresete jang gompieno gore ba nne le tumelo e e nonofileng? [si-TN ts. 163 ser. 14]
18. Mika e ne e le monna yo o ntseng jang? [si-TN ts. 155 ser. 1]
19. Mo go Hagai 2:9, ke tempele efe e e neng e le ‘ntlo ya morago,’ ke efe e e neng e le “ya pele,” mme ke ka ntlha yang fa kgalalelo ya ‘ntlo ya morago’ e ne e le kgolo go feta “ya pele”? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w89-TN 6/1 ts. 30.]
20. Hosea 14:2 e ne e rotloetsa Baiseraele gore ba dire eng, mme Basupi ba ga Jehofa ba diragatsa jang boporofeti joo gompieno? (Baheb. 13:15) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w94-TN 9/15 ts. 10 dir. 1-2.]
Tsenya lefoko kana polelwana e e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe mo go tse di latelang:
21. Motse wa ․․․․․․․․ o ne wa bidiwa motse o o madi madi ke moporofeti ․․․․․․․․ dingwaga di ka nna 200 morago ga ․․․․․․․․ a sena go fetsa tiro ya gagwe e a neng a e filwe ke Modimo koo. [si-TN ts. 154 ser. 10, ts. 160 ser. 10]
22. Re tshwanetse go obamela Modimo ka ․․․․․․․․, re tlhotlhelediwa ke dipelo tse di tletseng tumelo le lerato; gape re tshwanetse go mo obamela ka ․․․․․․․․ ka go ithuta Lefoko la gagwe. [kl-TN ts. 45 ser. 4]
23. Fa Baroma ba sena go senya Jerusalema ka ․․․․․․․․, ․․․․․․․․ jaaka setlhopha sa batho ga ba a ka ba tlhola ba utlwalelwa gope mo ditiragalong, fela jaaka Obadia a ne a boleletsepele. [si-TN ts. 152 ser. 12]
24. Kobamelo ya ga Moleke, modimo o mogolo wa maaka wa ․․․․․․․․, e ne e akaretsa le ․․․․․․․․ tse di makgapha tse di neng di ganwa ke Molao. (Lefi. 20:2-5; Dit. 7:42, 43) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w89-TN 6/1 ts. 30.]
25. Ditsela tse tharo tsa bosupi jo bo bontshang gore Jesu e ne e le Mesia ke (1) ․․․․․․․․, (2) ․․․․․․․․, le (3) ․․․․․․․․. [kl-TN dits. 34-8 dir. 6-10]
Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelwana tse di latelang:
26. Go tlhaloganya Amose (8:11; 9:2, 3; 9:11, 12) go thusitse setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga go lemoga gore e ne e le thato ya Modimo gore batho bao e neng e se Baiseraele ba phuthelwe mo phuthegong ya Bokeresete.(Dit. 15:13-19) [si-TN ts. 150 ser. 16]
27. Fa (Amose; Joele; Habakuke) a ne a bidiwa ke Jehofa, e ne e se moporofeti kana ngwana wa moporofeti mme e ne e le fela modisa wa dinku le mmaakanyi wa (mokolane; difeige; matlhware) tsa ditlhare tsa mosikamore. [si-TN ts. 148 ser. 1]
28. Joele 2:32 e ne ya nopolwa ke (Petere; Johane; Paulo) mo go (Ditiro 2:40; Baroma 10:13; 1 Timotheo 2:4), e mo go yone a gatelelang botlhokwa jwa go bitsa leina la ga Jehofa. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w96-TN 4/1 ts. 20 ser. 16.]
29. Mafoko a a mo go Mika 2:12, a diragadiwa gompieno go (boidiidi jo bogolo, Iseraele wa semoya, dinku di sele), segolobogolo go tloga ka (1914, 1919, 1922) go ya pele fa tsela e ne e sedimoga gore ba falole mo botshwarong jwa bone mo bodumeding jwa (Roma, Labokeresete, Babilone O Mogolo). [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w89-TN 5/1 ts. 14.]
30. Moporofeti (Eliya, Nahume, Isaia) o ne a bolela katlholo kgatlhanong le motsemogolo wa Asiria (Athena, Babilone, Ninefe) gore Modimo o ne a tla ipusolosetsa mo babeng bao ba sa ineeleng mo go Ene fela. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w89-TN 5/15 ts. 24.]
Lebaganya lengwe le lengwe la makwalo ano le ntlha e e dumalanang le lone: Hos. 10:12; Sefa. 2:3; Hos. 14:2; Jak. 1:26, 27; 1 Joh. 2:15-17
31. E le gore kobamelo ya rona e amogelwe ke Modimo, ga ya tshwanela fela gore e bo e sa leswefadiwa ke mekgwa ya lefatshe mme gape e tshwanetse go akaretsa dilo tsotlhe tse Modimo o di lebang di le botlhokwa. [kl-TN ts. 51 ser. 20]
32. Ka go dira se se siameng mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi, re tla roba kafa boutlwelobotlhokong jwa ga Jehofa. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w96-TN 3/15 ts. 23 dir. 2-3.]
33. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba diragatsa boporofeti ka go baka Jehofa mo tirong ya bone ya go rera ka Bogosi. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w94-TN 9/15 ts. 10 dir. 1-2.]
34. Jaaka Bakeresete ba boammaaruri, re tshwanetse go tila ditiro dipe fela tse di supang moya wa lefatshe le le re dikologileng leno le le sa batleng Modimo. [kl-TN ts. 50 ser. 17]
35. Ga re kake ra tsaya fela gore Modimo o tla re utlwela botlhoko. [si-TN ts. 166 ser. 11]